Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

“O Tla Tlhologelelwa”

“O Tla Tlhologelelwa”

GO UTLWISA botlhoko go bona mongwe yo o mo ratang a boga a bo a swa. Ka tlholego fela re a hutsafala fa re swelwa. Le fa go ntse jalo, go a gomotsa go itse gore Mmopi wa rona Jehofa Modimo o bona khutsafalo ya rona. Mo godimo ga moo, o tlhoafaletse go dirisa maatla a gagwe a magolo go dira gore baswi ba boe ba tshele gape. Ela tlhoko tsholofelo e e umakilweng mo mafokong a ga Jobe, a a mo go Jobe 14:13-15.

Akanya ka tiragalo eo. Jobe, monna yo o nang le tumelo e e nonofileng, o lebane le diteko tse di boitshegang—tse di akaretsang go latlhegelwa ke dithoto, go swelwa ke bana ba gagwe botlhe ba a ba ratang le go tshwarwa ke bolwetse jo bo botlhoko. Mo nakong eo e e hutsafatsang, o ikuela kwa Modimong a re: “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole [lebitla le le tlwaelegileng]!” (Temana 13) Jobe o tsaya Sheole e le kwa a ka namolwang mo pogong gone. Fa a le koo, o tla nna jaaka letlotlo le le fitlhilweng ke Modimo, a sa tlhole a le mo pogong le mo botlhokong. *

A Jobe o tla nnela ruri kwa Sheole? Jobe ga a dumele gore go tla nna jalo. O tswelela ka go rapela jaana: ‘E kete o ka ntekanyetsa nako mme wa nkgakologelwa!’ Jobe o na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore o tla nna kwa Sheole ka nakwana fela le gore Jehofa ga a kitla a mo lebala. Jobe o tshwantsha nako ya fa a tla bo a le kwa Sheole le ‘tiro ya bonatla e a patelediwang go e dira’—lobaka lo a tshwanetseng go leta ka lone. O tla leta ka lobaka lo lo kae? A re: “Go fitlha kgololo ya me e tla.” (Temana 14) Kgololo eo e tla raya go ntshiwa mo Sheole—ka mafoko a mangwe, go tsosiwa mo baswing!

Ke eng fa Jobe a tlhomamisegile gore o tla gololwa? Ka gonne o itse kafa Mmopi wa rona yo o lorato a ikutlwang ka teng ka baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba tlhokafetseng. Jobe a re: “O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Temana 15) Jobe o dumela gore o bopilwe ke Modimo. Ene Moneibotshelo yo o dirileng gore Jobe a bopege mo sebopelong, a ka kgona go dira gore a boe a tshele gape fa a setse a sule.—Jobe 10:8, 9; 31:15.

Mafoko a ga Jobe a re ruta kafa Jehofa a leng lorato ka gone: O na le kamano e e kgethegileng le batho ba ba tshwanang le Jobe ba ba ipayang mo diatleng tsa gagwe, ba mo letla gore a ba bope mme e nne batho ba ba rategang mo matlhong a gagwe. (Isaia 64:8) Jehofa o tsaya baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le botlhokwa. O ‘tlhologeletswe’ batho ba ba suleng ba ikanyega. Mokanoki mongwe a re lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano e le tlhologelelwa, “ke lengwe la mafoko a kwantle ga pelaelo a gatelelang thata maikutlo a go tlhologelelwa sengwe.” Ee, Jehofa ga a gakologelwa baobamedi ba gagwe fela mme gape o tlhologelelwa go dira gore ba boe ba tshele gape.

Se se itumedisang ke gore, mo bukeng ya Jobe—nngwe ya dibuka tsa ntlha go kwalwa tsa Baebele—Jehofa o ne a bona go tshwanela gore a senole maikaelelo a gagwe a go tsosa baswi. * O batla gore o boe o kopane gape le batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng. Seo se dira gore le fa re ka swelwa re kgone go itshoka. Ke eng fa o sa ithute go ya pele ka Modimo yono yo o lorato le kafa o ka mo letlang ka teng go go bopa gore o bone fa a diragatsa maikaelelo a gagwe?

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka March:

Esethere-9 1–Jobe 1-15

^ ser. 2 Buka nngwe ya re mafoko a ga Jobe a a reng, ‘mphitlhe’ a ka raya “mpeye mo lefelong le le sireletsegileng jaaka sengwe se se tlhwatlhwakgolo.” Kgatiso e nngwe yone ya re mafoko ano a ka tswa a kaya “o mphitlhe jaaka letlotlo.”

^ ser. 6 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya tsogo ya baswi mo lefatsheng le lesha la tshiamo, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.