Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Barabase o ne a dirile melato efe?

Diefangele tsotlhe tse nnè di umaka Barabase, monna yo mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato a neng a mo golola mo boemong jwa ga Jesu. Barabase o bidiwa ‘legolegwa le le itsegeng ka bosula’ le “senokwane.” (Mathaio 27:16; Johane 18:40) O ne a golegilwe ke Baroma kwa Jerusalema “a na le batho ba ba tsuologelang taolo, bao mo go tsuologeleng taolo ga bone ba neng ba bolaile.”—Mareko 15:7.

Le fa mo dibukeng tse e seng tsa Baebele go se na bosupi bope jwa melato e Barabase a e dirileng, lebaka la go bo a umakwa le batho ba ba tsuologelang taolo le dira gore bakanoki bangwe ba mo amanye le ditlhopha tsa batho tse di neng di batla go menola puso tse di neng di itsege kwa Iseraele mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Rahisitori e bong Flavius Josephus o kwadile gore ditlhopha tsa ditsuolodi di ne di na le seabe se segolo mo dikgogakgoganong tsa motlha oo; dikebekwa tseo di ne di re di batlela batho ba ba gateletsweng ba maemo a a kwa tlase ba Bajuda tshiamiso. Botsuolodi jwa Bajuda kgatlhanong le se ba neng ba re ke kgatelelo ya Baroma le ya Bajuda ba bangwe ba maemo bo ne jwa oketsega thata mo bogareng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Moragonyana bontsi jwa masole a Bajuda a a neng a koba Baroma kwa Judea ka 66 C.E. e ne e le digongwana tsa ditsuolodi.

Thanodi ya The Anchor Bible Dictionary ya re: “Barabase e ka tswa e ne e le sengwe sa dinokwane tse di neng di tlhasela batho kwa metseselegaeng. Dinokwane tseno di ne di ratiwa ke batho ba maemo a a kwa tlase ka gonne di ne di tlhasela bahumi ba kwa Iseraele e bile di bakela puso ya Roma mathata.”

Mo metlheng ya Baroma, ke melato efe e e neng e ka dira gore motho a bolawe ka tsela e Jesu a bolailweng ka yone?

Mokgwa o Baroma ba neng ba o dirisa go otlhaya batho ba ba neng ba leka go menola puso, dinokwane le ditsuolodi tse dingwe e ne e le go ba bofelela mo sedirisiweng sengwe sa tlhokofatso le go ba tlogela gore ba swele mo go sone. Go atlholelwa go swa ka tsela eno go ne go tsewa go le setlhogo go gaisa dikatlholo tsotlhe tse dingwe.

Buka ya Palestine in the Time of Jesus ya re: “Go bapola motho go ne go dirwa batho ba lebile, go tlhabisa ditlhong e bile go le botlhoko, mme go ne go dirwa ka boikaelelo jwa go tshosa batho bape fela ba ba neng ba ka leka go tlisa pheretlhego.” Mokwadi mongwe wa Moroma wa mo motlheng wa bogologolo o ne a bua jaana malebana le go bolawa ga dikebekwa: “Go tlhophiwa ditsela tse di tlhanaselang, kwa batho ba le bantsi ba ka bonang tiragalo eo gone e bo e ba tshosa.”

Go ya ka Josephus, legolegwa lengwe la ntwa le le neng le tshwerwe ke masole a ga Titus fa Jerusalema e ne e dikaganyeditswe ka 70 C.E., le ne la bolawa ka tsela eo fa pele ga dipota tsa motse e le go leka go tshosa batho ba ba neng ba sireleditse motse gore ba ineele. Fa motse o sena go wa, batho ba bangwe ba le bantsi ba ne ba bolawa ka tsela e e tshwanang.

Hisitori e bega gore kwa bofelong jwa botsuolodi jo bo neng bo eteletswe pele ke Spartacus (73-71 B.C.E.), go ne ga bolawa batho ba le bantsi ka tsela eno go feta le fa e le leng pele fa makgoba le batlhabani ba le 6 000 ba ne ba bolawa mo tseleng e e tswang kwa Capua e ya kwa Roma.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Give us Barabbas” se takilwe ke Charles Muller, 1878