Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Bona Kae Thuso ya go Lebana le Mathata a Gompieno?

Re ka Bona Kae Thuso ya go Lebana le Mathata a Gompieno?

Puo e e Kgethegileng ya Baebele

Re ka Bona Kae Thuso ya go Lebana le Mathata a Gompieno?

Go na le metswedi e le mentsi ya kgakololo gompieno mo lefatsheng. Batho ba le bantsi ba rata dibuka le mananeo a thelebishene a a nayang batho kgakololo ya gore ba ka rarabolola mathata a bone jang. Le fa go ntse jalo, mathata a a amang batho ba le bantsi a a tswelela. O ka tswa o ipotsa gore, ‘A go na le motswedi wa kgakololo o tota nka o ikanyang?’ Karabo ke ee!

Le fa Baebele e na le dingwaga di le diketekete e le teng, e na le melaometheo e e sa felelweng ke nako e e ka arabang dipotso tse di jaaka tseno:

▪ Nka rarabolola dikgotlhang jang le go dirisana sentle le batho ba bangwe?

▪ Nka bona boitumelo jang?

▪ Nka lebana jang le mathata a itsholelo?

▪ Nka fokotsa jang go tlhobaela?

Dikarabo tsa dipotso tseno di tla tlotliwa mo puong ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Melaometheo ya Baebele—A e Ka re Thusa go Lebana le Mathata a Gompieno?” Puo eno e e theilweng mo Baebeleng e tla neelwa mo lefatsheng lotlhe mo dinageng di feta 230. Mo mafelong a le mantsi, e tla neelwa kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ka Sontaga, May 1, 2011.

Basupi ba lefelo la lona ba tla itumelela go go bolelela nako le aterese. O lalediwa ka lorato gore o nne teng.