Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsheko E e Sa Tsamaisiwang Sentle go Gaisa Tsotlhe Tse di Kileng Tsa Tshwarwa

Tsheko E e Sa Tsamaisiwang Sentle go Gaisa Tsotlhe Tse di Kileng Tsa Tshwarwa

Tsheko E e Sa Tsamaisiwang Sentle go Gaisa Tsotlhe Tse di Kileng Tsa Tshwarwa

FA E sa le bogologolo ke ditsheko di se kae fela tse di itsegeng thata jaaka eno. Dipego di le nnè tsa Baebele tse di bidiwang Diefangele, di na le tshedimosetso malebana le go tshwarwa, go sekisiwa le go bolawa ga ga Jesu Keresete. Ke eng fa o tshwanetse go kgatlhegela go itse ka tsheko ya gagwe? Ka gonne Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe, lo lo dirileng gore tsheko ya gagwe e e neng ya felela ka gore a bolawe e nne botlhokwa thata; ka gonne re tshwanetse go itse gore a dilo tse Jesu a neng a latofadiwa ka tsone di ne di le boammaaruri; le ka gonne setlhabelo se Jesu a se ntshitseng ka go neela botshelo jwa gagwe ka go rata se botlhokwa mo go rona le mo isagweng ya rona.—Luke 22:19; Johane 6:40.

Ka nako ya tsheko ya ga Jesu, Palesetina e ne e busiwa ke Roma. Baroma ba ne ba letla baeteledipele ba Bajuda ba motlha oo gore ba atlhole mo ditshekong tsa Bajuda go ya ka molao wa bone mme go lebega ba ne ba sa ba neye tetla ya semolao ya go bolaya dikebekwa. Ka jalo Jesu o ne a tshwarwa ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba e neng e le baba ba gagwe mme o ne a bolawa ke Baroma. Tiro ya gagwe ya go rera e ne e tlhabisa baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo ditlhong thata jaana mo ba neng ba swetsa ka gore Jesu o tshwanetse go bolawa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba batla gore go bolawa ga gagwe go lebege go le kafa molaong. Fa porofesa mongwe wa molao a sena go sekaseka maiteko a bone a go fitlhelela seo, o ne a bitsa tiragalo eo a re ke “tlolomolao e e bosula go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa kwa ditshekong tsa kwa kgotlatshekelo.” *

Tsheko E e Sa Dirwang Go ya Ka Molao

Molao o Moshe a neng a o naya Baiseraele o a tle o tlhalosiwe e le “tsamaiso ya molao e kgolo go di gaisa le e e nang le tshedimosetso go di gaisa tsotlhe.” Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Jesu borabi ba ba neng ba rata go tlhoma melao ka sengwe le sengwe ba ne ba okeditse Molao oo ka melao e mentsi e e seyong mo Baebeleng, e bontsi jwa yone e neng ya kwalwa mo Talmud moragonyana. (Bona lebokose la setlhogo se se reng,  “Melao ya Bajuda mo Makgolong a Ntlha a Dingwaga,” mo go tsebe 20.) A tsheko ya ga Jesu e ne ya dirwa go dumalana le melao eno ya Baebele le e mengwe e e seyong mo Baebeleng?

A Jesu o ne a tshwarwa ka gonne basupi ba le babedi ba neetse bosupi jo bo dumalanang kwa kgotlatshekelong malebana le tlolomolao nngwe e a e dirileng? Go ne go tshwanetse ga nna jalo gore go tshwarwa ga gagwe go nne kafa molaong. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga kwa Palesetina, Mojuda yo o neng a akanya gore mongwe o tlodile molao, o ne a isa tatofatso eo kwa kgotlatshekelo ka dinako tse di tlhomilweng. Dikgotlatshekelo di ne di ka se bone molatofadiwa molato mme di ne di tla batlisisa fela ka ditatofatso tse di tlisitsweng kwa go tsone. Batho fela ba e neng e ka nna basekisi e ne e le basupi ba ba neng ba bone tlolomolao e go tweng e dirilwe. Go ne go ka tsewa dikgato fela fa bosupi jwa basupi ba babedi ba ba boneng tiragalo eo bo dumalana. Motho o ne a ka latofadiwa ka bosupi jwa bone a bo a tshwarwa. Go ne go sa letlelelwe bosupi jwa motho a le mongwe fela. (Duteronome 19:15) Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng ya ga Jesu, baeteledipele ba Bajuda ba ne ba batla fela “tsela e e nang le matswela” ya gore ba mo nyeletse. Ba ne ba mo tshwara fa ba bona “sebaka se se molemo”—go le bosigo e bile “go se na boidiidi.”—Luke 22:2, 5, 6, 53.

Fa Jesu a ne a tshwarwa, go ne go se na molato ope o a latofadiwang ka one. Baperesiti le Sanehederine, e leng kgotlatshekelokgolo ya Bajuda, ba ne ba simolola go batla basupi a setse a tshwerwe. (Mathaio 26:59) Ga ba a ka ba bona batho ba babedi ba bosupi jwa bone bo neng bo dumalana. Le fa go ntse jalo, go batla basupi e ne e se boikarabelo jwa kgotlatshekelo. Gape mmueledi wa molao e bile e le mokwadi e bong A. Taylor Innes a re, “go a tshwanela go bo go tsewa e le tlolomolao go sekisa motho segolobogolo mo tshekong e e ka felelang ka gore a atlholelwe loso mme o sa tlhalosa pele gore o sekisediwa eng.”

Segongwana se se neng se tshwere Jesu se ile sa mo isa kwa ntlong ya ga Anase yo e neng e kile ya nna Moperesiti yo Mogolo, mme a simolola go mmotsolotsa. (Luke 22:54; Johane 18:12, 13) Anase o ne a itlhokomolosa molao wa gore dikgetsi tse mo go tsone motho a neng a ka atlholelwa loso di ne di tshwanetse go sekwa motshegare e seng bosigo. Mo godimo ga moo, go batla tshedimosetso epe fela malebana le kgetsi eno go ne go tshwanetse ga dirwa kwa kgotlatshekelo e seng mo sephiring. E re ka Jesu a ne a lemoga gore go ne go se kafa molaong gore Anase a bo a mmotsolotsa, o ne a re: “Ke ka ntlha yang o botsa nna? Botsa ba ba utlwileng se ke se buileng le bone. Bona! Bano ba itse se ke se buileng.” (Johane 18:21) Anase o ne a tshwanetse go botsolotsa basupi e seng molatofadiwa. Mafoko a ga Jesu a ne a ka tlhotlheletsa moatlhodi yo o ikanyegang go latela tsamaiso e e tshwanetseng, mme Anase ene o ne a se na sepe le go diragatsa tshiamiso.

Karabo ya ga Jesu e ile ya dira gore modiredi mongwe a mo faphole—e leng nngwe ya ditsela tse a neng a sotliwa ka tsone mo bosigong joo. (Luke 22:63; Johane 18:22) Molao o o kwadilweng mo bukeng ya Baebele ya Dipalo mo kgaolo 35 o o malebana le metse ya botshabelo, o bontsha gore balatofadiwa ba ne ba tshwanetse go sirelediwa gore ba se ka ba sotliwa go fitlha go bonala gore ba molato. Jesu o tshwanetse a ka bo a ile a sirelediwa jalo.

Jaanong batho ba ba neng ba tshwere Jesu ba ne ba mo isa kwa ntlong ya Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase, kwa tsheko e e seng kafa molaong e e neng e tshwerwe bosigo e neng ya tswelela gone. (Luke 22:54; Johane 18:24) Baperesiti ba ba neng ba tlola melaometheo yotlhe ya tshiamiso ba ne ba batla “bosupi jwa maaka ka Jesu gore ba mmolaye,” le fa go ne go se na basupi bape ba babedi ba ba neng ba dumalana ka se Jesu a neng a se buile. (Mathaio 26:59; Mareko 14:56-59) Ka jalo moperesiti yo mogolo o ne a leka go tshwara Jesu ka loleme. O ne a botsa jaana: “A ga o fetole ka go bua sepe? Ke eng se bano ba se supang ka ga gago?” (Mareko 14:60) Leano leno le ne le se kafa molaong gotlhelele. Innes yo o nopotsweng pelenyana a re: “Go botsa molatofadiwa potso o bo o dirisa karabo ya gagwe go mo latofatsa e ne e le go tlola molao wa tshiamiso.”

Kwa bofelong batho bao ba ne ba latofatsa Jesu ka sengwe se a se buileng. Fa Jesu a araba potso e e reng: “A o Keresete Morwa wa Yo o Bakwang?” o ne a re: “Ke ene; mme lo tla bona Morwa motho a ntse kafa seatleng sa moja se se maatla mme a tla ka maru a legodimo.” Baperesiti ba ne ba tsaya seno e le tlhapatso mme “botlhe ba mmona molato wa gore o lebanwe ke loso.”—Mareko 14:61-64. *

Go ya ka Molao wa ga Moshe, ditsheko di ne di tshwanetse go tshwarwa mo pontsheng. (Duteronome 16:18; Ruthe 4:1) Mme tsheko eno yone e ne e tshwaretswe mo sephiring. Ga go ope yo o kileng a leka kgotsa a letlelelwa go buelela Jesu. Ga ba a ka ba sekaseka gore maiphako a ga Jesu a gore ke Mesia a boammaaruri go le kae. Jesu ga a ka a newa tshono ya go batla basupi ba ba neng ba ka mmuelela. Baatlhodi ga ba a ka ba latela thulaganyo ya go kopana mme mongwe le mongwe wa bone a bo a bontsha gore a o mmona molato kgotsa nnyaa.

O Isiwa Kwa go Pilato

E re ka go lebega Bajuda ba ne ba se na thata ya go bolaya Jesu, ba ne ba mo isa kwa go Ponto Pilato e bong mmusi wa Baroma. Potso ya ntlha ya ga Pilato e ne e re: “Lo latofatsa monna yono ka eng?” Bajuda ba ne ba itse gore tatofatso ya bone ya maaka ya gore Jesu o a tlhapatsa e ne e ka se utlwale mo go Pilato, ka jalo ba ne ba leka go mo tlhotlheletsa gore a bone Jesu molato a sa dira dipatlisiso. Ba ne ba mo raya ba re: “Fa monna yono e ne e se modiraphoso, re ka bo re sa mo tlisa kwa go wena.” (Johane 18:29, 30) Pilato ga a ka a amogela tatofatso eo ya Bajuda, mme a dira gore ba batle lebaka le lengwe la go mo latofatsa: “Monna yono re mo fitlhetse a sokamisa setšhaba sa rona e bile a iletsa go duela Kaesara makgetho e bile a re ene ka boene ke Keresete kgosi.” (Luke 23:2) Ka jalo tatofatso ya gore o a tlhapatsa e ne ya fetolwa ka boferefere mme ga twe o menola puso.

Tatofatso ya gore o ‘iletsa go duela makgetho’ e ne e le maaka, e bile batho ba ba neng ba mo latofatsa ba ne ba itse seo. Jesu o ne a ruta se se farologaneng le seo. (Mathaio 22:15-22) Mme malebana le tatofatso ya gore Jesu o ne a itirile kgosi, ka bonako fela Pilato o ne a lemoga gore monna yono yo ba mo tlisitseng kwa go ene o ne a se na matshosetsi ape mo pusong ya Roma. O ne a re: “Ga ke bone molato ope mo go ene.” (Johane 18:38) Mo tshekong eo yotlhe Pilato o ne a tswelela a bua mafoko ao.

Sa ntlha Pilato o ne a leka go golola Jesu ka go dirisa mokgwa o o neng o tlwaelegile wa go golola legolegwa ka nako ya Tlolaganyo. Le fa go ntse jalo, Pilato o ne a feleletsa a golotse Barabase, yo o neng a bonwe molato wa go tsuologela taolo le go bolaya.—Luke 23:18, 19; Johane 18:39, 40.

Tsela e nngwe e mmusi yono wa Roma a neng a leka go e dirisa go golola Jesu e ne e le go ineela gore a kgotsofatse balatofatsi ba ga Jesu. O ne a dira gore Jesu a kgwathisiwe, a apesiwe seaparo se se bobududu jo bo mokgona, a rwesiwe serwalo sa mmitlwa, a itewe le go sotliwa. O ne a bua gape gore Jesu ga a na molato. Go ne go ntse jaaka e kete Pilato a re: ‘A seno ga se a lekana, baperesiti?’ Gongwe o ne a solofetse gore fa ba bona monna yono a kgwathisiwa ke Baroma ba ne ba ka se ka ba tlhola ba batla gore a otlhaiwe kgotsa ba ne ba tla mo tlhomogela pelo. (Luke 23:22) Mme ga go a ka ga nna jalo.

“Pilato a nna a batla kafa a ka . . . gololang [Jesu] ka gone. Mme Bajuda ba goa, ba re: ‘Fa o golola monna yono, ga o tsala ya ga Kaesara. Motho mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o bua kgatlhanong le Kaesara.’” (Johane 19:12) Kaesara wa mo motlheng oo e ne e le Tiberio, mmusimogolo yo o neng a itsege ka go ntsha taelo ya gore go bolawe motho ope fela yo a neng a tsaya gore ga a ikanyege—tota le badiredi ba puso ba ba nang le maemo. Pilato o ne a setse a tenne Bajuda, ka jalo o ne a sa batle gore go nne le kgotlhang e nngwe gape, bogolo jang tatofatso ya go se ikanyege. Boidiidi bo ne jwa tshosetsa Pilato ka se bo neng bo se bua, mme a boifa. O ne a ineela mo kgatelelong mme a dira gore Jesu, monna yo o se nang molato a bapolwe.—Johane 19:16.

Go Sekaseka Bosupi Gape

Batlhalosi ba le bantsi ba dilo tse di amanang le molao ba sekasekile dipego tsa Efangele tsa tsheko ya ga Jesu. Ba ne ba swetsa ka gore ga go a dirwa tshiamiso mo tshekong eo. Mmueledi mongwe wa molao a re: “Lebaka la go bo tsheko e ne ya simololwa ya bo ya wediwa mme ga ntshiwa katlholo morago ga bosigogare mme e le pele ga sethoboloko, e ne e le go tlola molao wa Bahebera le melaometheo ya tshiamiso.” Porofesa mongwe wa molao a re: “Tsheko eno yotlhe e ne ya tshwarwa ka tsela e e seng kafa molaong e bile go sa latelwe thulaganyo mo go ka tsewang gore maloko a kgotlatshekelo ke one a bolaileng Jesu.”

Jesu o ne a se na molato. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore o tshwanetse go swa gore batho ba ba kutlo ba bolokwe. (Mathaio 20:28) O ne a rata tshiamiso thata jaana mo a neng a itetla go direlwa tshiamololo e e iseng e tsamaye e dirwe. O ne a dira jalo ka ntlha ya baleofi ba ba jaaka rona. Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala seno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Sengwe se se sa siamang se se dirilweng ke dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ke go dirisa dipego tsa Diefangele tse di buang ka loso lwa ga Jesu go tlhotlheletsa batho gore ba nne le maikutlo a go nna kgatlhanong le Bajuda, mme bakwadi ba Diefangele ba ka bobone e neng e le Bajuda, ba ne ba se na maikutlo ao gotlhelele.

^ ser. 11 Go tlhapatsa go ne go akaretsa go dirisa leina la Modimo ka tsela e e sa bontsheng tlotlo kgotsa go tsaya taolo ka dikgoka kgotsa bolaodi jo bo tshwanetseng Modimo fela. Batho ba ba neng ba latofatsa Jesu ga ba a ka ba ntsha bosupi bope jwa gore o dirile sengwe sa dilo tseo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

 Melao ya Bajuda mo Makgolong a Ntlha a Dingwaga

Ngwao ya Sejuda e e neng e sa kwalwa, e e neng ya kwalwa mo tshimologong ya makgolo a ntlha a dingwaga C.E. e go tsewang gore ga e bolo go nna teng, e ne e akaretsa melao e e latelang:

▪ Mo dikgetsing tse mo go tsone motho a neng a ka atlholelwa loso, go ne go reediwa pele mabaka a a bontshang gore molatofadiwa ga a molato

▪ Baatlhodi ba ne ba tshwanetse go dira sotlhe se ba ka se kgonang go dira gore molatofadiwa a se ka a bonwa molato

▪ Baatlhodi ba ne ba ka buelela molatofadiwa mme e seng go nna kgatlhanong le ene

▪ Basupi ba ne ba tlhagisiwa kafa seabe sa bone se leng masisi ka gone

▪ Basupi ba ne ba botsolodiwa ka bongwe ka bongwe, go se na mosupi ope yo mongwe

▪ Bosupi jo bo neng bo neelwa bo ne bo tshwanetse go dumalana mo dintlheng tsotlhe tsa konokono—letlha, lefelo, nako e tiragalo e diragetseng ka yone le dilo tse dingwe

▪ Dikgetsi tse mo go tsone motho a neng a ka atlholelwa loso di ne di tshwanetse go tshwarwa di bo di wediwe motshegare

▪ Dikgetsi tse mo go tsone motho a neng a ka atlholelwa loso di ne di ka se tshwarwe letsatsi pele ga Sabata kgotsa moletlo mongwe

▪ Dikgetsi tse mo go tsone motho a neng a ka atlholelwa loso di ne di ka simolola di bo di wediwa mo go lone letsatsi leo fa molatofadiwa a sa bonwa molato; fa a bonwe molato, kgetsi e ne e ka wediwa fela mo letsatsing le le latelang fa go ne go tla bo go ntshiwa katlholo a bo a otlhaiwa.

▪ Dikgetsi tse mo go tsone motho a neng a ka atlholelwa loso di ne di tshwarwa ke baatlhodi ba palo e e seng kafa tlase ga 23

▪ Mongwe le mongwe wa baatlhodi, go simolola ka yo monnye mo go bone, o ne a nna le tshono ya go tlhalosa gore a o bona molatofadiwa molato kgotsa nnyaa; bakwadi ba ne ba kwala mafoko a ba ba neng ba mmona molato le a ba ba neng ba sa mmone molato

▪ Molatofadiwa o ne a ka se bonwe molato fa baatlhodi ba ba sa mmoneng molato ba feta ba ba mmonang molato ka moatlhodi a le mongwe mme molatofadiwa o ne a ka bonwa molato fa baatlhodi ba ba mmonang molato ba feta ba ba sa mmoneng molato ka baatlhodi ba le babedi; fa baatlhodi ba ba mmonang molato ba feta ba ba sa mmoneng molato ka moatlhodi a le mongwe fela, baatlhodi ba ne ba okediwa ka ba bangwe ba babedi, mme ba ne ba tla nna ba okediwa jalo go fitlha go dirwa tshwetso ya makgaolakgang

▪ Fa baatlhodi botlhe ba ne ba ka re molatofadiwa o molato, katlholo eo e ne e ka se amogelwe; fa molatofadiwa a ne a ka bonwa molato e le gore baatlhodi botlhe ba re o molato, seo se ne se tsewa e le “bosupi jwa gore go logilwe leano la boferefere”

Dilo Tse di Neng di sa Dirwe Kafa Molaong mo Tshekong ya ga Jesu

▪ Kgotlatshekelo ga e a ka ya reetsa mabaka ape kgotsa basupi bape ba ba neng ba re ga a molato

▪ Ga go ope wa baatlhodi yo o neng a leka go buelela Jesu; e ne e le baba ba gagwe

▪ Baperesiti ba ne ba batla basupi ba maaka gore ba atlholele Jesu loso

▪ Kgetsi e ne ya tshwarwa go le bosigo mme e tshwarelwa mo sephiring

▪ Tsheko e ne ya simololwa ya bo ya wediwa mo letsatsing le le lengwe, letsatsi pele ga moletlo

▪ Pele Jesu a tshwarwa ga go ope yo o neng a mo latofaditse

▪ Se Jesu a neng a se bua a re ke ene Mesia, se se neng se tsewa e le “tlhapatso,” ga se a ka sa sekasekwa

▪ Se a neng a latofadiwa ka sone se ne sa fetolwa fa a ne a tlisiwa kwa go Pilato

▪ O ne a latofadiwa ka maaka

▪ Pilato o ne a sa bone Jesu molato mme le fa go ntse jalo o ne a dira gore a bolawe

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Basupi Ba ne Ba Ikarabelela ka Matshelo a Batho

Pele basupi ba neela bosupi fa go ne go sekwa dikgetsi tse mo go tsone motho a neng a ka atlholelwa loso, dikgotlatshekelo tsa Bajuda di ne di ba tlhagisa jaana kafa botshelo bo leng botlhokwa ka gone:

“Gongwe lo ikaeletse go neela bosupi ka dilo tse lo se nang bosupi jwa tsone, tsa magatwe kgotsa tse mosupi yo mongwe a di boleletseng yo mongwe; kgotsa lo ka tswa lo ipolelela gore, ‘Re di utlwile ka motho yo o ikanyegang.’ Kgotsa gongwe lo ka tswa lo sa itse gore kwa bofelong re tlile go lo botsolotsa re sekaseka dintlha le go tlhatlhoba se lo se buang. Lo tshwanetse go itse gore melao e e laolang ditsheko tsa dithoto e farologane le melao e e laolang ditsheko tse mo go tsone motho a ka atlholelwang loso. Mo tshekong ya dithoto, motho o duela madi gore a ikgolole. Mo dikgetsing tse mo go tsone motho a ka atlholelwang loso [basupi ba ba neetseng bosupi jwa maaka] ba tla ikarabelela ka bosakhutleng ka botshelo [jwa molatofadiwa yo o latofaditsweng ka maaka] le jwa botlhe ba e neng e tla nna bana ba gagwe.”—Babylonian Talmud, Sanhedrin, 37a.

Fa molatofadiwa a bonwa molato, basupi ba ne ba tshwanetse go mmolaya.—Lefitiko 24:14; Duteronome 17:6, 7.