Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu—Kafa a Neng a Tshela ka Gone

Jesu—Kafa a Neng a Tshela ka Gone

“Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.”—JOHANE 4:34.

BOEMO jo Jesu a neng a bua mafoko a a fa godimo a le mo go jone bo senola se se neng se tla pele mo botshelong jwa gagwe. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tsamaile moso otlhe mo nageng e e tletseng dithota ya Samarea. (Johane 4:6) E re ka barutwa ba ga Jesu ba ne ba akanya gore o tshwanetse a bo a tshwerwe ke tlala, ba ne ba re ba mo naya dijo. (Johane 4:31-33) Fa Jesu a ba araba, o ne a sobokanya boikaelelo jwa gagwe mo botshelong. Go dira tiro ya Modimo go ne go le botlhokwa thata mo go ene go feta go ja. Ka se Jesu a neng a se bua le go se dira o ne a bontsha gore o tshelela go dira thato ya Modimo. Seno se ne se akaretsa eng?

Go rera le go ruta ka Bogosi jwa Modimo

Baebele e tlhalosa tiro e Jesu a neng a e dira botshelo jwa gagwe jotlhe ka go re: “A tsamayatsamaya mo Galalea yotlhe, a ruta . . . a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi.” (Mathaio 4:23) Jesu o ne a sa rerele batho ba bangwe kgotsa go ba bolelela fela ka Bogosi jwa Modimo. Gape o ne a ba ruta—ke gore, a ba kaela, a ba tlhalosetsa dilo le go ba tlhatswa pelo ka mabaka a a utlwalang. Selo sa konokono se Jesu a neng a bua ka sone e ne e le Bogosi.

Mo bodireding jotlhe jwa gagwe, Jesu o ne a ruta bareetsi ba gagwe gore Bogosi jwa Modimo ke eng le gore bo tla dirang. Ela tlhoko dintlha tse di latelang tsa boammaaruri ka Bogosi, mmogo le ditemana tse di umakilweng tsa Baebele tse di re bolelelang se Jesu a neng a se bua mo kgannyeng eno.

  • Bogosi jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong mme Jehofa o tlhomile Jesu go nna Kgosi ya jone.—MATHAIO 4:17; JOHANE 18:36.

  • Bogosi bo tla itshepisa leina la Modimo le go dira gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.—MATHAIO 6:9, 10.

  • Fa Bogosi jwa Modimo bo busa, lefatshe lotlhe le tla fetolwa go nna paradaise.—LUKE 23:42, 43.

  • Go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo bo tla tla, mme bo tla diragatsa thato ya Modimo ka lefatshe. *MATHAIO 24:3, 7-12.

Go dira dikgakgamatso

Jesu o ne a itsege thata e le “Moruti.” (Johane 13:13) Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di le tharo le halofo tsa bodiredi jwa gagwe, gape o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi. Dikgakgamatso tseno di ne tsa bontsha dintlha di le pedi. Sa ntlha, di ne tsa supa gore eleruri Jesu o ne a romilwe ke Modimo. (Mathaio 11:2-6) Sa bobedi, di ne di bontsha maoko a se a tla se dirang ka selekanyo se segolwane mo isagweng fa a busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Ela tlhoko dingwe tsa dikgakgamatso tse a di dirileng.

A ko o akanye fela gore botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng fa Kgosi eo e e maatla e busa!

Go senola botho jwa ga Jehofa Modimo

Malebana le kgang ya go ruta batho ka ga Jehofa, ga go na motho ope yo o ka tshwanelegang go feta Morwa Modimo, yo o neng a itsiwe e le Jesu Keresete. E re ka Jesu e le “leitibolo la popo yotlhe,” o ne a nna le Jehofa kwa legodimong lobaka lo loleele go feta sebopiwa le fa e le sefe sa moya. (Bakolosa 1:15) Akanya ka ditshono tse a neng a na le tsone tsa go ithuta dikakanyo tsa ga Rraagwe, thato ya gagwe, melao ya gagwe le kafa a dirang dilo ka gone.

Go a tshwanela go bo Jesu a ne a re: “Gore Morwa ke mang ga go yo o itseng fa e se Rara; gape gore Rara ke mang, ga go yo o itseng fa e se Morwa, le ene yo Morwa a ratang go mo mo senolela.” (Luke 10:22) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a senola ka go rata gore Rraagwe o ntse jang e bile a dira jalo ka tlhagafalo. Jesu o ne a bua le go ruta ka tsela e e kgethegileng; o ne a dirisa dilo tse a neng a di gopola tse a neng a di utlwile ka tlhamalalo fa a ne a le kwa lefelong la moya kwa bonnong jo bo kwa godimo jwa Modimo Mogodimodimo.—Johane 8:28.

Se Jesu a se dirileng ka go itsise batho ka ga Rraagwe se ka tshwantshiwa le se teransefomara ya motlakase e se dirang. Teransefomara e ka tsaya motlakase wa maatla a magolo mme ya fokotsa maatla ao gore batho ba kgone go o dirisa. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fetisetsa se a se ithutileng kwa magodimong ka ga Rraagwe mo bathong mme a se fetisa ka ditsela tse batho ba maemo a a kwa tlase ba ba nnang mo lefatsheng ba neng ba ka se tlhaloganya motlhofo le go se dirisa.

A re sekaseke ditsela di le pedi tse di botlhokwa tse Jesu a neng a itsise batho ka ga Rraagwe ka tsone.

  • Fa Jesu a ruta, o ne a itsise boammaaruri ka ga Jehofa—leina la gagwe, boikaelelo jwa gagwe le kafa a dirang dilo ka gone.—JOHANE 3:16; 17:6, 26.

  • Se Jesu a neng a se dira se ne se bontsha dinonofo tse dintsi tse di molemo tsa ga Jehofa. Jesu o ne a bontsha botho jwa ga Rraagwe sentle mo a neng a ka re: ‘Fa lo batla go itse gore Rara o ntse jang, lebang nna.’—JOHANE 5:19; 14:9.

Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e a gakgamatsa. Re ka solegelwa molemo thata fa re sekaseka lebaka la go bo a ne a swa le fa re tshela go dumalana le se re se ithutang.

^ ser. 9 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le kafa re itseng ka teng gore bo tla tla mo nakong e e sa fediseng pelo, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa mo setlhogong se se reng, “Bogosi Jwa Modimo ke Eng?” le kgaolo 9 mo setlhogong se se reng, “A re Tshela ‘mo Metlheng ya Bofelo’?”