Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

A o A Tle o Jewe ke Bodutu O bo O Ikutlwe o Boifa?

A o A Tle o Jewe ke Bodutu O bo O Ikutlwe o Boifa?

BATHO ba le bantsi gompieno ba jewa ke bodutu; ba akanya gore ga go na ope yo o ba kgathalelang. Gantsi batho ba ba godileng ba ikutlwa jalo. Mme bana ba le bantsi gompieno, tota le ba ba direlang Modimo, le bone ba jewa ke bodutu e bile ba a boifa. A o itse gore seo se bakwa ke eng? *

Mabaka a mantsi. Mma re tlotle ka sekai sa monna yo o neng a tshela bogologolo—dingwaga di ka nna sekete pele Jesu a tsholwa. Leina la gagwe e ne e le Elija. O ne a tshela mo motlheng o mo go one batho ba setšhaba sa Iseraele ba neng ba tlogetse go direla Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Ba le bantsi ba ne ba simolotse go obamela modimo wa maaka e bong Baale. Elija o ne a re: “Go setse nna fela.” A mme o akanya gore Elija e ne e le ene fela yo o neng a sa ntse a direla Jehofa?

Tota le fa Elija a ne a sa lemoge, batho ba bangwe mo Iseraele ba ne ba sa ntse ba obamela Modimo wa boammaaruri. Mme ba ne ba iphitlhile. Ba ne ba boifa. A o itse gore ba ne ba boifa eng?

Ahabe, kgosi ya kwa Iseraele, o ne a sa direle Jehofa; o ne a obamela Baale e bong modimo wa maaka wa ga Jesebele, mosadi wa gagwe yo o boikepo. Ka jalo, Jesebele le Ahabe ba ne ba senka batho ba ba direlang Jehofa e bile ba batla go ba bolaya, segolobogolo Elija. Ke sone se se dirileng gore Elija a tlhanole direthe. O ne a tsamaya mo e ka nnang dikilometara di le 483, a ya kwa sekakeng kwa Horebe, e leng lefelo le gape le bidiwang Sinai mo Baebeleng. Ke gone kwa Jehofa a neng a neile batho ba gagwe Melao e e Lesome le melao e mengwe ya Molao wa ga Moshe gone mo e ka nnang makgolokgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Elija. Elija o ne a iphitlha mo logageng kwa Horebe a le esi fela. A o akanya gore Elija o ne a tshwanetse go boifa?

Baebele e bontsha gore pelenyana ga moo Jehofa o ne a dirisa Elija go dira dikgakgamatso. Jehofa o kile a araba thapelo ya ga Elija fa a ne a mo kopa gore a romele molelo go tswa kwa legodimong gore o laile setlhabelo. Ka go dira jalo, Jehofa o ne a supa gore Modimo wa boammaaruri ke ene, e seng Baale. Jaanong fa Elija a ne a le mo logageng, Jehofa o ne a bua le ene.

Jehofa o ne a mmotsa jaana: “O dirang fano?” Ke yone nako e Elija a neng a re, ‘Go setse nna fela mo go ba ba go obamelang.’ Go tswa foo, Jehofa o ne a gakolola Elija jaana ka bopelonomi, ‘Ke sa ntse ke na le ba le dikete di le supa ba ba ntirelang.’ Jehofa o ne a bolelela Elija gore a boe, a re o na le tiro e ntsi e a batlang gore a e dire.

O akanya gore re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Elija?— Tota le batho ba ba direlang Jehofa ba ka boifa ka dinako tse dingwe. Ka jalo, re le basha kgotsa re le bagolo rotlhe re tshwanetse go gopola go kopa thuso ya ga Jehofa. Baebele e solofetsa jaana: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.”

Re ithuta thuto e nngwe gape: Re na le bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe ba ba ratang Jehofa e bile ba re rata. Baebele ya re: “Dilo tseo tse di leng malebana le dipogo di diragalela bakaulengwe botlhe ba [rona] mo lefatsheng.” A ga o itumelele go itse gore ka dinako tsotlhe re a bo re se rosi?

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.