Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O na Le Phuthego?

A Modimo O na Le Phuthego?

A Modimo O na Le Phuthego?

THULAGANYO e bonala mo dilong tsotlhe tse Modimo a di bopileng. Ga e bonale fela mo dilong tse re kgonang go di bona ka matlho, mme Baebele e bontsha gore dibopiwa tsa semoya le tsone di rulagantswe sentle go dumalana le boikaelelo jwa Mmopi. Mo ponatshegelong, moporofeti Daniele o ne a bona baengele ba bantsintsi kwa legodimong: “Go ne go na le dikete di le sekete tse di neng di mo direla, le dikete di le lesome di menagane ga dikete di le lesome tse di neng di eme fa pele ga gagwe.” (Daniele 7:9, 10) Akanya fela gore go tlhokega thulaganyo e kana kang gore baengele bano ba bantsintsi—ba ba ka tswang ba feta dimilione di le lekgolo—ba kgone go dira tiro e Modimo a ba laelang gore ba e dire ba direla batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng!—Pesalema 91:11.

Le fa Mmopi, Jehofa Modimo, e le Morulaganyi yo Mogolo, ga se motho yo o sa kgathaleng kgotsa yo o ratang go baya melao. Go na le moo, ke Modimo yo o lorato yo o itumetseng yo o amegang ka dibopiwa tsotlhe tsa gagwe. (1 Timotheo 1:11; 1 Petere 5:7) Seno se bonala mo tseleng e a neng a dirisana ka yone le setšhaba sa bogologolo sa Iseraele le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

Iseraele wa Bogologolo—Setšhaba se se Neng se Rulagantswe Sentle

Jehofa Modimo o ne a dirisa Moshe go rulaganya Baiseraele gore ba kgone go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri. Akanya fela ka dithulaganyo tsa go thibelela ka nako ya fa ba ne ba tsamaya mo nageng kwa Sinai. Ruri go ne go ka nna le tlhakatlhakano fa lelapa lengwe le lengwe le ne le letleletswe go tlhoma mogope wa lone gongwe le gongwe kwa le batlang teng. Jehofa o ne a naya setšhaba ditaelo tse di tlhomameng malebana le kwa lotso longwe le longwe lo neng lo tla thibelela gone. (Dipalo 2:1-34) Gape Molao wa ga Moshe o ne o na le melao e e tlhomameng ya botsogo le bophepa—ka sekai, e e amanang le se se neng se tshwanetse go dirwa ka mantle.—Duteronome 23:12, 13.

Fa Baiseraele ba ne ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, e ne e le setšhaba se se rulagantsweng sentle ka ditsela tse dintsi. Setšhaba se ne se kgaogantswe ka ditso di le 12, mme lotso longwe le longwe lo na le naga e lo e abetsweng. Molao o Jehofa a neng a o naya setšhaba a dirisa Moshe, o ne o ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa batho—kobamelo, lenyalo, lelapa, thuto, kgwebo, dijo, temo, go tlhokomela diruiwa, jalo le jalo. * Le fa melao mengwe e ne e tlhomame e bile e tlhalosa sengwe le sengwe, yotlhe e ne e bontsha kafa Jehofa a amegang ka gone ka batho ba gagwe e bile e thusa gore ba nne ba itumetse. Fa Baiseraele ba ne ba dirisa dithulaganyo tseno tse di lorato, Jehofa o ne a ba amogela ka tsela e e kgethegileng.—Pesalema 147:19, 20.

Le fa Moshe e ne e le moeteledipele yo o nang le bokgoni, gore a o ne a tla atlega kgotsa nnyaa, go ne go sa ikaega ka bokgoni jwa gagwe jwa go etelela pele mme go ne go ikaegile ka gore a ikanyege mo phuthegong ya Modimo. Ka sekai, Moshe o ne a dira tshwetso jang gore Baiseraele ba tseye tsela efe fa ba ntse ba tsamaya mo nageng? Jehofa o ne a ba kaela ka pilara ya leru motshegare le ka pilara ya molelo bosigo. (Ekesodo 13:21, 22) Le fa Modimo a ne a dirisa batho, ke ene ka boene a neng a rulaganya le go kaela batho ba gagwe. Go ne go ntse fela jalo le mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Bakeresete ba Bogologolo Ba ne Ba Rulagantswe Sentle

Ka ntlha ya go rera ka tlhoafalo ga baaposetoloi le barutwa, go ne ga tlhomiwa diphuthego tsa Bokeresete kwa dikarolong di le dintsi tsa Asia le Yuropa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Le fa diphuthego tseno di ne di gasame le naga, e ne e se ditlhopha tse di ikemetseng ka nosi. Go na le moo, di ne di rulagantswe sentle e bile di solegelwa molemo ke go okamelwa ke baaposetoloi ka lorato. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a roma Tito kwa Kereta “go ya go rulaganya sengwe le sengwe koo.” (Tito 1:5, The Jerusalem Bible) Gape Paulo o ne a kwalela phuthego ya kwa Korintha a re bakaulengwe bangwe ba ne ba na le “dithata tsa go rulaganya” kgotsa e ne e le “barulaganyi.” (1 Bakorintha 12:28, The New Testament in Modern Speech; The Bible in Contemporary Language) Mme ke mang yo o neng a dira gore go nne le thulaganyo e e ntseng jalo? Paulo o ne a re “Modimo o ne a kopanya” kgotsa “a rulaganya” phuthego.—1 Bakorintha 12:24; The Riverside New Testament.

Balebedi ba ba neng ba tlhomilwe gore ba okamele phuthego ya Bokeresete, e ne e se beng mo badumeding ka bone. Go na le moo, e ne e le “badirimmogo” le bone ba ba neng ba latela kaelo ya moya wa Modimo e bile go ne go lebeletswe gore e nne “dikao mo letsomaneng.” (2 Bakorintha 1:24; 1 Petere 5:2, 3) “Tlhogo ya phuthego” ke Jesu Keresete yo o tsositsweng e seng motho fela kgotsa setlhopha sa batho ba ba sa itekanelang.—Baefeso 5:23.

Fa phuthego ya kwa Korintha e ne e simolola go dira dilo ka tsela e e farologaneng thata le e diphuthego tse dingwe di neng di dira ka yone, Paulo o ne a ba kwalela jaana: “Ga tweng? A lefoko la Modimo le ne la tswa mo go lona, kgotsa a le ne la felela fela mo go lona?” (1 Bakorintha 14:36, NW) Paulo o ne a dirisa potso eno e e sa tlhokeng karabo go baakanya tsela e ba akanyang ka yone le go ba thusa go tlhaloganya gore ba ne ba sa tshwanela go dira dilo ka tsela ya bone. Diphuthego di ne di gola e bile di atlega fa di ne di latela kaelo ya baaposetoloi.—Ditiro 16:4, 5.

Phuthego e Bontsha Lorato Lwa Modimo

Go tweng ka gompieno? Bangwe ba ka okaoka go nna karolo ya phuthego nngwe ya bodumedi. Le fa go ntse jalo, bosupi jo bo mo Baebeleng bo bontsha gore Modimo o ntse a dirisa phuthego ya gagwe go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. O ne a rulaganya baobamedi ba gagwe kwa Iseraele wa bogologolo e bile o ne a rulaganya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo kobamelong ya bone.

Ka jalo, a ga go utlwale go swetsa ka gore Jehofa Modimo o sa ntse a kaela batho ba gagwe fela jaaka a ne a dira mo nakong e e fetileng? Ruri lebaka la go bo Jehofa a rulaganya baobamedi ba gagwe le go dira gore ba nne ka kutlwano le bontsha gore o a ba rata. Gompieno, Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go diragatsa se a se ikaeletseng ka batho. Phuthego eno e ka lemogiwa ka ditsela dife? Ela tlhoko tse di latelang.

Bakeresete ba boammaaruri ba rulaganyeditswe go dira tiro. (Mathaio 24:14; 1 Timotheo 2:3, 4) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire tiro ya go rerela ditšhaba tsotlhe dikgang tse di molemo tsa Bogosi, tiro e e neng e ka se kgonege fa go ne go se na phuthego e e e okametseng mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, go ka nna motlhofo gore o fepe motho a le mongwe fela o le esi, mme fa o tshwanelwa ke go fepa diketekete gongwe dimilione tsa batho, o tla tlhoka setlhopha se se rulagantsweng sentle sa batho ba ba dirisanang mmogo. Fa Bakeresete ba boammaaruri ba diragatsa thomo ya bone, ba dira ba le “seoposengwe” kgotsa “ba dirisana mmogo mo tirelong [ya Modimo].” (Sefania 3:9; Byington) A batho ba ne ba ka kgona go dira tiro e e dirwang mo ditšhabeng tsotlhe, mo bathong ba ba buang dipuo tse di farologaneng le mo ditsong tse di farologaneng, ba se mo phuthegong e e seoposengwe e e utlwanang? Ruri go ne go ka se kgonege.

Bakeresete ba boammaaruri ba rulaganyeditswe gore ba thusane le go kgothatsana. Motho yo o palamang thaba a le nosi a ka itirela tshwetso ya gore o batla go palama fa kae e bile ga a tlhoke go tlhokomela bapalami ba ba se nang maitemogelo. Le fa go ntse jalo, fa a ka tlhagelwa ke kotsi kgotsa a nna le mathata, go tla bo go se na ope yo o mo thusang. Ruri go itlhaola ga go a siama. (Diane 18:1) Gore Bakeresete ba diragatse taelo ya ga Jesu, ba tshwanetse go thusana le go tshegetsana. (Mathaio 28:19, 20) Phuthego ya Bokeresete e re naya taelo, thapiso le kgothatso e e tswang mo Baebeleng e rotlhe re e tlhokang gore re gatele pele mme re se ka ra ineela. Motho o ne a tla ya kae gore a rutiwe ditsela tsa ga Jehofa fa go ka bo go se na dipokano tsa Bokeresete tse di rulaganyeditsweng gore re rutiwe kwa go tsone le gore re obamele?—Bahebera 10:24, 25.

Bakeresete ba boammaaruri ba rulaganyeditswe go direla Modimo ka kutlwano. Fa ba e leng dinku tsa ga Jesu ba ntse ba reetsa lentswe la gagwe, ba nna “letsomane le le lengwe” le a le eteletseng pele. (Johane 10:16) Ga ba a gasama mo dikerekeng le mo ditlhopheng tse di ikemetseng ka nosi; e bile ga ba a kgaogana ka dithuto tse ba di rutiwang. Go na le moo, botlhe ba ‘bua ka tumalano.’ (1 Bakorintha 1:10) Gore re nne ka kutlwano re tlhoka go nna le thulaganyo mme thulaganyo e tlhoka gore go nne le phuthego. Bakaulengwe ba ba seoposengwe ke bone fela ba ba tla segofadiwang ke Modimo.—Pesalema 133:1, 3.

Go rata Modimo ka lorato lwa mmatota le go rata boammaaruri jwa Baebele, go dirile gore dimilione tsa batho di tle mo phuthegong e e dirang dilo tseno tse re tlotlileng ka tsone le tse dingwe tse di mo Baebeleng. E re ka Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e le setlhopha sa batho ba ba rulagantsweng sentle e bile ba le seoposengwe, ba iketleeleditse go dira thato ya Modimo. Ba tlhatswegile pelo ka tsholofetso eno ya gagwe: “Ke tla aga mo gare ga bone ke bo ke tsamaya mo gare ga bone, mme ke tla nna Modimo wa bone, le bone ba tla nna batho ba me.” (2 Bakorintha 6:16) Le wena o ka bona masego ano a a molemo fa o obamela Jehofa Modimo o le mo phuthegong ya gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 214-220, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bothibelelo jwa Baiseraele bo ne bo rulagantswe sentle

[Ditshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Gore tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe e dirwe go tlhokega thulaganyo

Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo

Tiro ya Namolo ka Nako ya Masetlapelo

Dikopano

Go Aagiwa ga Mafelo a Kobamelo