Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Botshelo Bo na Le Bokao Bope Jwa Mmatota?

A Botshelo Bo na Le Bokao Bope Jwa Mmatota?

A Botshelo Bo na Le Bokao Bope Jwa Mmatota?

“A BOTSHELO bo na le bokao bope?” Potso eno e boditswe ke batho ba le bantsi thata. Ka maswabi, go sa kgathalesege gore batho ba leba botshelo jang, bontsi jwa bone ba nna le se ngaka ya kwa Australia ya malwetse a boboko e bong Viktor E. Frankl e neng ya se tlhalosa e le “boikutlo jwa go sa nne le bokao le go sa itse gore motho o tshelela eng.”

Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ikutlwa jalo? Lebaka lengwe ke gore dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba tshelela mo maemong a a hutsafatsang thata e bile a tlhomola pelo. Letsatsi le letsatsi ba tshwanelwa ke go lebana le khumanego, bolwetse, thubakanyo e e setlhogo le kgatelelo. Fela jaaka Jobe wa bogologolo a ne a bua ka go boga ga batho, matshelo a bone ruri a “tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Ba itumela fela fa ba ka bona tlhabo ya letsatsi le le latelang.

Batho ba bangwe ba bantsintsi ba na le madi a mantsi le tshireletsego. Go lebega ba na le sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore ba tshele botshelo jo bo kgotsofatsang. Mme ba le bantsi ba sa ntse ba sa kgotsofale. Ka ntlha yang? Ka gonne gangwe le gape ‘matshwenyego le dilo tse di utlwisang botlhoko’—mathata a a sa lebelelwang a tsa madi kgotsa masetlapelo a a utlwisang botlhoko a a jaaka go swelwa ke ngwana—di dira gore ditsholofelo le dikeletso tsa bone di se ka tsa diragala.—Pesalema 90:10.

Go na le lebaka le lengwe gape le le oketsang boikutlo jono jo bo atileng jwa “go sa nne le bokao le go sa itse gore motho o tshelela eng.” Ke lefe? Ke la gore botshelo bo bokhutshwane. Batho ba le bantsi ba bona go sa utlwale gore batho ba tshele lobaka lo lokhutshwane jaana mme ba kgona go dira dilo di le dintsi jaana tse dikgolo. Ga ba kgone go tlhaloganya boammaaruri jono jo rotlhe re lebanang le jone: Go ise go ye kae, le fa re ka se amiwe ke masetlapelo a magolo, kwa bofelong re tla swa.—Moreri 3:19, 20.

A Botshelo bo Tla Tswelela bo Lebega Bo se Na Bokao?

Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a sobokanya kgang eno sentle. O ne a tlhola a bona batho ba motlha wa gagwe ba dira ka natla ba dirisa bokgoni jwa bone go jala, go lema, go aga le go tlhokomela ba malapa a bone, fela jaaka re dira gompieno. Ka mafoko a mangwe o ne a botsa gore, ‘Mosola wa dilo tseno tsotlhe ke eng?’ O ne a swetsa ka gore, sengwe le sengwe se batho ba se dirang ke “lefela le go lelekisa phefo.”—Moreri 2:17, The New English Bible.

A mme Kgosi Solomone o ne a dumela gore sengwe le sengwe se batho ba se dirang se tla tswelela e le “lefela le go lelekisa phefo”? Nnyaa. O ne a tlhalosa fela se tota se diragalang mo botshelong. Le fa go ntse jalo, Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le ka dira gore o tlhomamisege gore dilo di ka se tswelele di ntse jaana!

O ka dira jang gore o tlhomamisege jalo? Tsweetswee bala ditlhogo tse pedi tse di latelang. Di ka go thusa go tlhaloganya lebaka la go bo botshelo bo lebega bo se na bokao jaana, gore bothata jono bo tlile go rarabololwa jang le gore o ka dirang gore botshelo jwa gago bo nne le bokao jwa mmatota le e leng gone jaanong.