Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

ELIJA o ne a taboga mo puleng fa go ntse go fifala. O ne a tshwanetse go tsamaya sekgala se seleele pele a goroga kwa Jesereele mme o ne a setse a godile. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a taboga a sa lape ka gonne “seatla sa ga Jehofa” se ne se le mo go ene. Jehofa o ne a dirile gore a nne le maatla a a neng a ise a tsamaye a nne le one. Aitsane o ne a taboga thata mo a ileng a feta sepane sa dipitse tse di neng di goga koloi ya segosi ya ga Kgosi Ahabe!—1 Dikgosi 18:46.

Jaanong Elija o ne a tlogetse Kgosi Ahabe kwa morago thata mme o ne a sa ntse a tla tsamaya sekgala se seleele. Akanya Elija a taboga a ntse a itewa ke marothodi a pula e e maatla mo sefatlhegong a akantse ka letsatsi leo le le neng le tletse ditiragalo go feta le fa e le lefe le lengwe mo botshelong jwa gagwe. Kwantle ga pelaelo e ne e le phenyo e e gakgamatsang ya Modimo wa ga Elija e bong Jehofa le ya kobamelo ya boammaaruri. E re ka jaanong Elija a ne a le kgakala e bile setsuatsue se dirile gore go fifale, o ne a sa tlhole a kgona go bona Thaba ya Karemele, kwa Jehofa a neng a mo dirisitse go senya baobamedi ba ga Baale ka kgakgamatso gone. Baporofeti ba ga Baale ba le makgolokgolo ba ne ba senotswe gore ke maferefere a a boikepo ba bo ba bolawa ka tshwanelo. Go tswa foo, Elija o ne a rapela Jehofa gore a fedise komelelo e e neng e wetse naga eo ka dingwaga di le tharo le sephatlo. Go ne ga na pula ya matsorotsoro! *1 Dikgosi 18:18-45.

Fa Elija a ntse a taboga mo puleng sekgala seo sa dikilometara di le 30 go ya kwa Jesereele, a ka tswa a ile a akanya gore jaanong dilo di ne di tlile go fetoga. Ahabe o ne a tla tshwanelwa ke go fetoga! Morago ga se a neng a se bone, ruri o ne a tla tshwanelwa ke go tlogela kobamelo ya ga Baale, go thiba mohumagadi wa gagwe e bong Jesebele mo ditirong tse di bosula le go fedisa go bogisiwa ga batlhanka ba ga Jehofa.

Fa go lebega e kete dilo di tsamaya ka tsela e re neng re ka rata ka yone, ka tlholego fela re ikutlwa re na le tsholofelo. Re ka nna ra akanya gore maemo a rona a tla tswelela a tokafala, gongwe e bile re akanya gore mathata a magolo a re neng re lebane le one jaanong a feletse ruri. Fa e le gore Elija o ne a akanya jalo, seo se ka se gakgamatse ka gonne “e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jakobe 5:17) Le fa go ntse jalo, tota mathata a ga Elija a ne a ise a fele. Tota e bile, mo diureng di se kae Elija o ne a tla boifa a bo a ngomoge pelo mo a neng a tla eletsa go swa. Go ne ga diragalang? Mme Jehofa o ne a thusa moporofeti wa gagwe jang gore a boe a nne le tumelo le bopelokgale? A re boneng.

Dilo di Tsaya Phekelo e Sele

Fa Ahabe a tsena kwa ntlong ya gagwe ya segosi kwa Jesereele, a o ne a bontsha gore o fetogile ka tsela nngwe, gore jaanong o ikobela Modimo? Re bala jaana: “Ahabe a bolelela Jesebele sotlhe se Elija a neng a se dirile le gotlhe kafa a neng a bolaile baporofeti botlhe ka teng ka tšhaka.” (1 Dikgosi 19:1) Ela tlhoko gore fa Ahabe a tlhalosa ditiragalo tsa letsatsi leo ga a umake sepe ka Modimo wa ga Elija e bong Jehofa. E re ka Ahabe a ne a leba dilo ka tsela ya senama, o ne a tsaya dikgakgamatso tse di diragetseng ka letsatsi leo e le se “Elija a neng a se dirile.” Go bonala sentle gore o ne a sa ithuta go tlotla Jehofa Modimo. Mme Jesebele yo o ratang go ipusolosetsa o ne a itshwara jang?

O ne a tuka bogale! O ne a romelela Elija molaetsa ono a shakgetse: “E kete medimo e ka dira jalo, ya ba ya oketsa, fa ka moso ka nako eno ke ka se ka ka dira gore moya wa gago o nne jaaka moya wa mongwe le mongwe wa bone!” (1 Dikgosi 19:2) Ano e ne e le matshosetsi a a masisi a gore o tla bolawa. Tota Jesebele o ne a ikana gore ene ka boene o tshwanetse go swa fa a ka se ka a kgona go dira gore Elija a bolawe ka lone letsatsi leo e le go busolosetsa go bolawa ga baporofeti ba gagwe ba ba neng ba direla Baale. Akanya fela Elija a ithobaletse mo ntlong nngwe ya maemo a a kwa tlase kwa Jesereele mo bosigong joo jwa matsubutsubu, e bo e re fela fa a tsoga a bo a utlwa mafoko ao a a botlhoko a tla ka morongwa wa kgosigadi. Seo se ne sa mo ama jang?

O ne A Tlala Poifo A ba A Kgobega Marapo Thata

Fa e le gore Elija o ne a solofetse gore ntwa ya go fedisa kobamelo ya ga Baale e ne e tloga e fela, tsholofelo ya gagwe e ne ya fela ka yone nako eo. Jesebele o ne a sa fetoga. Bontsintsi jwa baporofeti mmogo le Elija ba ba neng ba ikanyega ba ne ba setse ba bolailwe go ya ka taelo ya ga Jesebele, mme jaanong go ne go lebega e kete go tla bolawa ene. Baebele ya re: “A boifa.” A Elija o ne a bona ka leitlho la mogopolo kafa Jesebele a neng a tlile go mmolaya setlhogo ka teng? Fa e le gore o ne a nnela go akanya ka dilo tse di ntseng jalo, ke sone se a ileng a kgobega marapo. Mme gone, Elija o ne a “simolola go tsamaya ka ntlha ya moya wa gagwe”—o ne a le botsa phokoje.—1 Dikgosi 18:4; 19:3.

Elija ga se ene fela monna wa tumelo yo o kileng a tlala poifo. Morago thata ga foo, moaposetoloi Petere le ene o ne a nna le bothata jo bo tshwanang. Ka sekai, fa Jesu a ne a dira gore Petere le ene a kgone go tsamaya mo godimo ga metsi, moaposetoloi yono o ne a simolola go “leba phefo ya matsubutsubu.” Go tswa foo o ne a boifa mme a simolola go nwela. (Mathaio 14:30) Ka jalo, sekai sa ga Petere le sa ga Elija di re ruta thuto ya botlhokwa. Fa re batla go nna re le pelokgale, ga re a tshwanela go nnela go akanya ka dilo tse di re tshosang. Re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go Ene yo o re nayang tsholofelo le maatla.

“Go Lekane!”

Ka ntlha ya poifo, Elija o ne a tshabela kwa borwabophirima sekgala sa dikilometara di le 150 go ya kwa Beere-sheba, motse o o gaufi le molelwane wa Juda o o kafa borwa. Fa a le koo, o ne a tlogela motlhokomedi wa gagwe mme a tsena mo nageng a le esi. Pego ya re o ne a tsaya “loeto lwa letsatsi le le lengwe,” ka jalo re ka akanya gore o ne a emelela ka mahube, gongwe a sa tshola mofago. A ngomogile pelo mme a tlhotlhelediwa ke poifo, o ne a tsamaya botlhoko mo nageng e e tletseng matlapa, mo letsatsing le le mogote. Fa letsatsi le le bogale le ntse le phirima ka iketlo go bo go fifala, Elija o ne a felelwa ke maatla. O ne a lapile mme a nna kafa tlase ga setlhare sengwe sa monnamotswe—se e neng e le sone se ka mo nayang moriti mo nageng eo e e lebala.—1 Dikgosi 19:4.

Elija o ne a rapela a tlaletswe tota. O ne a ikopela go swa. O ne a re: “Ga ke botoka mo go borremogologolwane.” O ne a itse gore ka nako eo borraagwemogologolwane e ne e le lorole le marapo fela mo lebitleng, ba sa kgone go direla ope se se molemo. (Moreri 9:10) Elija o ne a ikutlwa a se na mosola fela jalo. Ke sone se a ileng a goa a re: “Go lekane!” Tota o ne a tla bo a tshelelang?

A re tshwanetse ra gakgamalela go utlwa gore monna wa Modimo o ne a ka kgobega marapo jaana? Nnyaa. Go na le banna le basadi ba ba ikanyegang ba le bantsi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba go tweng ba ne ba hutsafala mo ba neng ba eletsa go swa—bangwe ba bone ke Rebeka, Jakobe, Moshe le Jobe.—Genesise 25:22; 37:35; Dipalo 11:13-15; Jobe 14:13.

Gompieno re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ ka jalo ga go gakgamatse gore batho ba le bantsi, tota le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba a tle ba ikutlwe ba kgobegile marapo. (2 Timotheo 3:1) Fa o ka nna mo seemong se se boima jalo, latela sekao sa ga Elija mo ntlheng eno: Bulela Modimo mafatlha. Aitsane Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) A o ne a gomotsa Elija?

Jehofa O ne A Tlamela Moporofeti wa Gagwe

O akanya gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa a ntse a lebile a le kwa legodimong a bona moporofeti wa gagwe yo o rategang a rapame fa tlase ga setlhare mo nageng e bile a ikopela go swa? Karabo ga e gake. Fa Elija a sena go thulamela, Jehofa o ne a romela moengele kwa go ene. Moengele o ne a tsosa Elija ka bonolo ka go mo ama a bo a re: “Tsoga, o je.” Elija o ne a dira jalo ka gonne moengele o ne a mmeetse dijo tse di motlhofo—senkgwe se se bothitho le metsi. A mme o ne a leboga moengele yoo? Pego e re bolelela fela gore moporofeti o ne a ja a nwa a bo a boa gape a robala. A o ne a kgobegile marapo thata mo a neng a sa kgone go bua? Mme gone moengele o ne a mo tsosa lekgetlo la bobedi, gongwe ka masa. O ne a rotloetsa Elija gape a re, “Tsoga, o je,” mme a oketsa ka mafoko ano a a nametsang, “gonne loeto lo loleele thata mo go wena.”—1 Dikgosi 19:5-7.

E re ka moengele a ne a senoletswe ke Modimo, o ne a itse gore Elija o ya kae. Gape o ne a itse gore go ne go tla nna boima gore Elija a tseye mosepele ono ka maatla a gagwe fela. A bo go gomotsa jang ne go direla Modimo yo o itseng mekgele ya rona le fa re tlhaelang teng, le e leng go feta kafa rona re e itseng ka teng! (Pesalema 103:13, 14) Dijo tseo di ne tsa solegela Elija molemo jang?

Re bala jaana: “A tsoga a ja a ba a nwa, mme a nna a tsamaya ka maatla a dikotla tseo malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè go ya go fitlha kwa thabeng ya Modimo wa boammaaruri, Horebe.” (1 Dikgosi 19:8) Elija o ne a itima dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40 fela jaaka Moshe a ne a dira makgolo a le marataro a dingwaga pele ga gagwe le Jesu makgolo a dingwaga a ka nna lesome morago ga gagwe. (Ekesodo 34:28; Luke 4:1, 2) Dijo tseo ga di a ka tsa fedisa mathata a gagwe otlhe, mme di ne tsa mo naya maatla ka kgakgamatso. Akanya fela monna yono yo o godileng a ikgoga mo nageng e e se nang le fa e le ditselana, malatsi ka go tlhomagana, dibeke ka go tlhomagana, ka lobaka lwa mo e ka nnang kgwedi le sephatlo!

Le gompieno Jehofa o tlamela batlhanka ba gagwe, e seng ka dijo tsa kgakgamatso tse di nonotshang mmele mme ka tsela nngwe e e botlhokwa le go feta. O tlamela batlhanka ba gagwe ka dilo tsa semoya. (Mathaio 4:4) Go ithuta ka Modimo mo Lefokong la gagwe le mo dikgatisong tse di nang le tshedimosetso e e tserweng ka kelotlhoko mo Baebeleng go re nonotsha semoyeng. Go ja dijo tseno tsa semoya go ka nna ga se ka ga fedisa mathata otlhe a rona, mme go ka re thusa go itshokela maemo a re neng re ka nna ra se ka ra kgona go a itshokela. Gape go dira gore re bone “botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 17:3.

Elija o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 320 go fitlha kgabagare a goroga kwa Thabeng ya Horebe, kwa Jehofa Modimo a neng a kile a dirisa moengele go iponatsa mo go Moshe bogologolo mo setlhareng se se shang mme e le kwa Jehofa a neng a dira kgolagano ya Molao le Baiseraele moragonyana gone. Elija o ne a tsena mo logageng.

Kafa Jehofa a Neng a Gomotsa le go Nonotsha Moporofeti wa Gagwe ka Teng

Kwa Horebe, “lefoko” la ga Jehofa—le go lebegang le ne la tla ka morongwa wa moya—le ne la botsa potso eno e e tlhamaletseng: “O dirang fano, Elija?” Potso eno e tshwanetse ya bo e ne e bodiwa ka bonolo ka gonne Elija o ne a e tsaya e mo kgothaletsa go ntsha maikutlo a gagwe. Mme o ne a dira fela jalo! O ne a re: “Ke ntse ke fufegela Jehofa Modimo wa masomosomo fela thata; gonne bomorwa Iseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba rutlolotse dibeso tsa gago, le baporofeti ba gago ba ba bolaile ka tšhaka, mo eleng gore go setse nna fela; mme ba batla moya wa me gore ba o tlose.” (1 Dikgosi 19:9, 10) Mafoko a ga Elija a senola mabaka a ka nna mararo a go bo a ne a kotlomane pelo.

Sa ntlha, Elija o ne a akanya gore o ne a bereketse lefela. Le fa go ne go fetile dingwaga tse dintsi Elija a direla Jehofa ka go ‘fufega fela thata,’ a dira gore leina la Modimo le le boitshepo le kobamelo ya gagwe di tle pele ga sengwe le sengwe, o ne a bona e kete maemo a ntse a etegela pele. Batho ba ne ba sa ntse ba se na tumelo e bile ba tsuologa, mme kobamelo ya maaka yone e ne e anama. Sa bobedi, Elija o ne a bona e kete o setse a le esi. O ne a re, “Go setse nna fela,” jaaka e kete e ne e le ene fela mo setšhabeng sotlhe yo o neng a sa ntse a direla Jehofa. Sa boraro, Elija o ne a tshogile. Baporofeti ka ene ba le bantsi ba ne ba setse ba bolailwe, mme o ne a bona fela gore le ene o tlile go bolawa. Go ka tswa go ne go se motlhofo gore Elija a tlhalose maikutlo ao, mme ga a ka a letla boikgogomoso le ditlhong di mo thiba go dira jalo. Ka go rapela Modimo a mmulela mafatlha, o ne a tlhomela batho botlhe ba ba ikanyegang sekao se se molemo.—Pesalema 62:8.

Jehofa o ne a thusa Elija jang ka go boifa le go tshwenyega ga gagwe? Moengele o ne a raya Elija a re a eme fa molomong wa logaga. O ne a ikobela taelo eo le fa a ne a sa itse gore go tla diragalang. Go ne ga tsoga phefo e e maatla! E tshwanetse ya bo e dirile modumo o o kabang ditsebe ka gonne e ne e le maatla mo e neng ya thubaganya dithaba le mafika. Akanya fela Elija a leka go sireletsa matlho a gagwe mme a ngangatletse seaparo sa gagwe se se bokete sa letlalo fa se ntse se phailakakwa ke phefo. Mme go tswa foo o ne a tshwanelwa ke go leka go itsetsepela ka gonne lefatshe le ne la simolola go tshikinyega—go ne go na le thoromo ya lefatshe mo lefelong leo! Fa a sa ntse a le foo ga tla molelo o mogolo o o neng wa dira gore a boele mo logageng go itshireletsa mo mogoteng o o babolang.—1 Dikgosi 19:11, 12.

Mo tiragalong nngwe le nngwe, pego eno e re gopotsa gore Jehofa o ne a se mo dipontshong tseno tse di gakgamatsang tsa maatla a tlholego. Elija o ne a itse gore Jehofa e ne e se modimo mongwe wa dilo tsa tlholego wa ditlhamane, yo o jaaka Baale, yo baobamedi ba gagwe ba ba tsieditsweng ba neng ba mmaka ba re ke “Mopalami wa Maru” kgotsa yo o tlisang pula. Jehofa ke ene Motswedi wa mmatota wa maatla otlhe a a gakgamatsang a tlholego, mme gape o mogolo thata go feta sepe fela se a se dirileng. Le e leng magodimo a ka se mo tshole! (1 Dikgosi 8:27) Mme seno sotlhe se ne sa thusa Elija jang? Gopola kafa a neng a boifa ka teng. E re ka Elija a ne a engwe nokeng ke Modimo wa gagwe e bong Jehofa, yo o nang le maatla ano otlhe a a gakgamatsang, o ne a sa boife Ahabe le Jesebele ka gope!—Pesalema 118:6.

Fa molelo o sena go feta, go ne ga nna tidimalo mme Elija a utlwa “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase.” Le ne le laletsa Elija gore a ntshe maikutlo a gagwe gape, mme o ne a dira jalo, a bulela Jehofa mafatlha lekgetlo la bobedi a mmolelela se a tshwenyegileng ka sone. * Gongwe seo se ne sa dira gore a ikutlwe a imologile le go feta. Mme le fa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo Elija o ne a gomodiwa le go feta ke se “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” le neng la se mmolelela morago ga foo. Jehofa o ne a tlhomamisetsa Elija gore o botlhokwa. O ne a dira seo jang? Modimo o ne a senola tshedimosetso e ntsi ka se a neng a ikaeletse go se dira malebana le go lwantsha kobamelo ya ga Baale kwa Iseraele. Go bonala sentle gore Elija o ne a sa berekela lefela, ka gonne boikaelelo jwa Modimo bo ne bo diragadiwa bo sa thibelwe ke sepe. Mo godimo ga moo, Elija o ne a sa ntse a tla nna le seabe mo boikaelelong joo ka gonne Jehofa o ne a mmusetsa mo tirong a mo neetse ditaelo tse di tlhomameng.—1 Dikgosi 19:12-17.

Mme go tweng ka maikutlo a ga Elija a go ikutlwa e kete o setse a le esi? Jehofa o ne a dira dilo tse pedi ka seo. Sa ntlha, o ne a bolelela Elija gore a tlotse Elisha gore e nne moporofeti yo kgabagare a neng a tla mo tlhatlhama. Monna yono yo o neng a le mmotlana mo go Elija o ne a tla mo pata le go mo thusa ka dingwaga di le mmalwa. A bo eno e ne e le kgomotso e e mosola jang ne! Sa bobedi, Jehofa o ne a senola dikgang tseno tse di monate: “Ke tlogetse ba le dikete di supa go sala mo Iseraele, mangole otlhe a a sa khubamelang Baale, le molomo mongwe le mongwe o o sa mo atlang.” (1 Dikgosi 19:18) Ruri Elija o ne a se esi. O tshwanetse a bo a ile a kgothadiwa thata ke go utlwa ka batho bao ba ba diketekete ba ba ikanyegang ba ba neng ba ganne go obamela Baale. Ba ne ba tlhoka Elija gore a tswelele a direla ka boikanyegi, a tlhoma sekao sa go ikanyega mo go Jehofa a sa tshikinyege mo dinakong tseo tse di thata. Elija o tshwanetse a bo a ile a amiwa maikutlo thata ke go utlwa mafoko ao a tla ka morongwa wa ga Jehofa, “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” la Modimo wa gagwe.

Fela jaaka Elija, go a tshwanela go bo re ka gakgamadiwa ke maatla a magolo a tlholego a re a bonang mo popong. Popo e bontsha maatla a Mmopi sentle. (Baroma 1:20) Jehofa o sa ntse a rata go dirisa maatla a gagwe a a ka se lekanngweng le ape go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (2 Ditiragalo 16:9) Le fa go ntse jalo, Modimo o bua thata le rona ka Lefoko la gagwe, Baebele. (Isaia 30:21) Ka tsela nngwe, Baebele e tshwana le “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase,” ka gonne gompieno Jehofa o dirisa yone go re kaela, go re kgalemela, go re kgothatsa le go re tlhomamisetsa gore o a re rata.

A Elija o ne a amogela kgomotso e Jehofa a neng a mo e naya kwa Thabeng ya Horebe? Ee ruri! Go ise go ye kae o ne a boela mo tirong, e le ene moporofeti yole yo o pelokgale le yo o ikanyegang yo o neng a lwantsha kobamelo e e boikepo ya maaka. Le rona fa re tsaya tsia mafoko a Modimo a a tlhotlheleditsweng, “kgomotso ya Dikwalo,” re tla kgona go etsa tumelo ya ga Elija.—Baroma 15:4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Bona setlhogo sa “Etsa Tumelo ya Bone” se se reng “O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri” le se se reng “O ne A Ntsha Matlho Dinameng Mme a Leta” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1 le wa April 1, 2008.

^ ser. 29 “Lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” e ka tswa e ne e le one moya o o neng o romilwe go isa “lefoko la ga Jehofa” o o umakilweng mo go 1 Dikgosi 19:9. Mo go temana 15, moya ono o bidiwa fela go twe “Jehofa.” Re ka nna ra gopola morongwa wa moya yo Jehofa a neng a mo dirisa go kaela Baiseraele kwa nageng, yo Modimo a neng a bua jaana ka ene: “Leina la me le mo teng ga gagwe.” (Ekesodo 23:21) Le fa gone re ka se gatelele kgang eno, go molemo go ela tlhoko gore fa Jesu a ise a nne motho mo lefatsheng, e ne e le “Lefoko,” Mmueledi yo o kgethegileng yo Jehofa a neng a mo dirisa go bua le batlhanka ba gagwe.—Johane 1:1.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Jehofa o ne a ema Elija nokeng, fa go le monate le fa go le thata

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Fa Elija a tshwenyegile thata mo maikutlong, o ne a bulela Jehofa mafatlha

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe a a fetang a a tlwaelegileng go gomotsa le go kgothatsa Elija