Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mopapa—A ke “Motlhatlhami wa ga Moitshepi Petere”?

Mopapa—A ke “Motlhatlhami wa ga Moitshepi Petere”?

Mopapa—A ke “Motlhatlhami wa ga Moitshepi Petere”?

KA 2002, Mopapa John Paul II o ne a kwala lekwalo a le kwalela bishopo wa kwa Limburg, kwa Jeremane, a phimola tshwetso e e neng e dirilwe ke bishopo malebana le go senya mpa. Mopapa o ne a simolola taelo ya gagwe ka go bolela gore ke ene a ikarabelelang gore “dilo tsotlhe di tsamaye sentle le ka kutlwano mo dikerekeng tsotlhe go ya ka thato ya ga Jesu Keresete.” O ne a bolela gore o na le thata ya go phimola tshwetso ya bishopo ka gonne e re ka e le mopapa o tsewa e le “motlhatlhami wa ga Moitshepi Petere.”

Go ya ka tlhaloso ya Katoliki ya Roma, “Keresete o tlhomile Moitshepi Petere go nna yo mogolo mo baaposetoloing botlhe.” Gape Kereke ya Katoliki ya re “Keresete o laetse gore Petere a nne a na le batlhatlhami mo maemong ano a a kwa godimo; le gore bobishopo ba Roma ke bone batlhatlhami bao.”—New Catholic Encyclopedia (2003), Bolumo 11, tsebe 495-496.

Ano ke maiphako a a masisi. A o kile wa a sekaseka ka bowena go bona gore a a boammaaruri? Sekaseka dikarabo tsa dipotso tseno tse tharo: (1) A Baebele e tshegetsa kgang ya gore Petere e ne e le mopapa wa ntlha? (2) Hisitori e ruta eng malebana le gore go tlhatlhamana ga bomopapa go simologile kae? (3) A boitshwaro le dithuto tsa bomopapa di tshegetsa maiphako a bone a gore ke batlhatlhami ba ga Petere?

A Petere E ne E le Mopapa wa Ntlha?

Bakatoliki ga ba bolo go supa gore kereke e theilwe mo go Petere ba dirisa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 16:18: “O Petere, mme mo lefikeng leno ke tla aga phuthego ya me.” E bile mafoko ao a gabilwe ka Selatine ka fa tlase ga borulelo jwa moago wa Kereke ya St. Peter kwa Roma.

Augustine, yo e leng Rara yo o tlotliwang wa Kereke, o kile a dumela gore phuthego e theilwe mo go Petere. Le fa go ntse jalo, fa a tloga a swa, o ne a fetola se a neng a se akanya ka bokao jwa mafoko a ga Jesu. Mo bukeng e e bidiwang Retractations, Augustine o ne a re kereke, ke gore, phuthego ya Bokeresete, e ne e agilwe mo go Jesu e seng mo go Petere. *

Ke boammaaruri gore mo Diefangeleng moaposetoloi Petere o umakwa a neilwe ditshiamelo dingwe. Jesu o ne a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba le bararo—Johane, Jakobe le Petere—gore ba nne le ene mo ditiragalong di se kae tse di kgethegileng. (Mareko 5:37, 38; 9:2; 14:33) Jesu o ne a naya Petere “dilotlolo tsa bogosi jwa magodimo” tse Petere a ileng a di dirisa go bulela batho tsela e e yang kwa Bogosing—ba ntlha e le Bajuda le basokologi, go tswa foo Basamarea mme la bofelo Baditšhaba. (Mathaio 16:19; Ditiro 2:5, 41; 8:14-17; 10:45) E re ka Petere e ne e le motho yo o buang thata, ka dinako tse dingwe o ne a nna mmueledi wa baaposetoloi botlhe. (Ditiro 1:15; 2:14) A mme dintlha tseno di kaya gore Petere e ne e le tlhogo ya phuthego ya bogologolo?

Gone moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore Petere o ne a neilwe “boaposetoloi mo go ba ba rupileng.” (Bagalatia 2:8) Le fa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng mafoko ano a ga Paulo di bontsha gore Paulo o ne a sa re Petere o ne a kaela phuthego. Mafoko a ga Paulo a ne a le malebana le seabe sa ga Petere mo tirong ya go rerela Bajuda.

Le fa gone Petere a ne a filwe maikarabelo a magolo, ga go na gope mo Baebeleng mo a iphakang gore ke ene tlhogo ya phuthego mme ka jalo a bo a dira ditshwetso tse di amang barutwa botlhe. Mo lekwalong la gagwe, o ne a ipitsa fela a re ke “moaposetoloi” le “monna yo mogolwane.”—1 Petere 1:1; 5:1.

Hisitori e Ruta Eng Malebana le Gore go Tlhatlhamana ga Bomopapa go Simologile Kae?

Mme kgopolo ya go tlhatlhamana ga bomopapa e simologile leng le gone jang? Kgopolo ya gore go siame fela gore motho a batle go nna le maemo a a fetang a badumedi ka ene e simologile fa baaposetoloi ba ne ba sa ntse ba tshela. Baaposetoloi ba ne ba leba kgopolo eo jang?

Moaposetoloi Petere ka boene o ne a bolelela banna ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong gore ba se ka ba “rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo”; ba ne ba tshwanetse go ikgatlha ka mogopolo wa go ikokobeletsana. (1 Petere 5:1-5) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore go ne go tla tsoga banna mo gare ga phuthego, ba ba neng ba tla “bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:30) Go ela kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Johane o ne a kwala lekwalo le mo go lone a neng a kgalemela morutwa yo o bidiwang Dioterefese. Ke ka ntlha yang fa a ne a mo kgalemela? Lebaka lengwe ke gore monna yono o ne a ‘rata go nna le maemo a ntlha’ mo phuthegong. (3 Johane 9) Kgalemo eno ya baaposetoloi e ne ya nna thibelo, ke gore, ya fedisa ka nakwana dikeletso tsa batho ba ba neng ba batla maemo.—2 Bathesalonika 2:3-8.

Nakwana fela morago ga loso lwa moaposetoloi wa bofelo, bangwe ba ne ba simolola go nna le maemo. Buka ya The Cambridge History of Christianity ya re: “Go ka tswa go ne go se na bishopo ope yo o neng a na le ‘maemo a a kwa godimodimo’ kwa Roma pele ga bogare jwa lekgolo la bobedi la dingwaga.” Ka lekgolo la boraro la dingwaga bishopo wa kwa Roma o ne a ipaya mo maemong a a kwa godimodimo bogolo jang mo dikerekeng dingwe. * Bangwe ba dirile lenaane la batlhatlhami ba ga Petere go supela maiphako a gore bishopo wa kwa Roma o na le maemo a a kwa godimo go gaisa.

Le fa go ntse jalo, lenaane leno ga le thuse thata go tshegetsa maiphako ao. Ka ntlha yang? Sa ntlha, ga go na tsela ya go tlhomamisa mangwe a maina a a mo lenaaneng leo. Se se botlhokwa le go feta ke gore lenaane leno le simolola ka leina le e seng lone. Jang? Tota le fa Petere a ka tswa a ile a rera kwa Roma, jaaka dibuka dingwe tse e seng tsa bodumedi tsa lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga di bontsha, ga go na bosupi jwa gore e ne e le tlhogo ya phuthego koo.

Bosupi bongwe jwa gore Petere e ne e se tlhogo ya phuthego ya kwa Roma ke gore fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Baroma, o ne a kwala le lenaane le leleele la Bakeresete ba koo. Le fa go ntse jalo, ga a ka a umaka Petere gotlhelele. (Baroma 16:1-23) Fa e le gore Petere e ne e le tlhogo ya phuthego, a re ne re ka akanya gore Paulo o ne a ka mo tlodisa matlho kgotsa a mo itlhokomolosa?

Gape ela tlhoko gore ka nako ya fa Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng, Paulo le ene o ne a kwalela Timotheo lekwalo la bobedi. Mo lekwalong leo, Paulo o ne a umaka Roma mme ga a ka a umaka Petere. Tota e bile, Paulo o ile a kwala makwalo a le marataro a le kwa Roma mme a sa umake Petere mo go lepe la one.

Dingwaga di ka nna 30 Paulo a sena go kwala makwalo a gagwe, moaposetoloi Johane o ne a kwala makwalo a le mararo le buka ya Tshenolo. Mo makwalong ano, ga go gope kwa Johane a umakang gone gore phuthego ya kwa Roma ke yone e e kwa godimo ga tse dingwe, e bile ga a ka a bua ka moeteledipele ope wa kereke yo o neng a na le maemo a a kwa godimodimo e le motlhatlhami wa ga Petere. Baebele mmogo le bosupi jwa hisitori ga bo tshegetse maiphako a gore Petere o ne a ipaya go nna bishopo wa ntlha wa phuthego ya kwa Roma.

A Boitshwaro le Dithuto Tsa Bomopapa di Tshegetsa Maiphako a Bone?

Go a tshwanela gore re ka lebelela gore motho yo o iphakang gore ke “motlhatlhami wa ga Moitshepi Petere” le “Moemedi wa ga Keresete” a latele boitshwaro le dithuto tsa ga Petere le Keresete. Ka sekai, a Petere o ne a dumela gore badumedi ka ene ba mo tshware ka tsela e e kgethegileng? Nnyaa. O ne a gana go bontshiwa tlotlo ka tsela epe e e kgethegileng. (Ditiro 10:25, 26) Go tweng ka Jesu? O ne a re o tletse go direla ba bangwe e seng go direlwa. (Mathaio 20:28) Go farologana le seno, bomopapa bone ba itsege ka eng? A ba gana go nna le maemo a a kwa godimodimo, go bidiwa ka direto tse di kgethegileng e bile ba tila go supa khumo le maatla a bone ka go ikgantsha?

Petere le Keresete e ne e le batho ba ba siameng ba ba neng ba rotloetsa kagiso. Bapisa pego ya bone le se buka ya tshedimosetso ya Katoliki ya Lexikon für Theologie und Kirche (Buka e e Tlhalosang Mafoko ya Thutabodumedi le Kereke) e se buang ka ga Mopapa Leo X: “Leo X o ne a tseneletse mo dipolotiking e bile gantsi a naya ba masika a gagwe maemo mme o ne a ineetse mo menateng ya lefatshe a tlhokomologile ditiro tsa botlhokwa tsa bomodimo.” Karl Amon yo e leng moruti wa Katoliki e bile e le porofesa wa hisitori ya kereke a re dipego tse di tlhomamisitsweng tse di buang ka ga Mopapa Alexander VI di bontsha “go tlola molao ka selekanyo se segolo, go dirisa maatla ka tsela e e seng yone, go reka le go rekisa maemo mo kerekeng le boitsholo jo bo sa siamang.”

Go tweng ka dithuto tsa bomopapa? A di tshwana le dithuto tsa ga Petere le Keresete? Petere o ne a sa dumele gore batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong. Fa a ne a bua ka Kgosi Dafide yo o molemo, o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Dafide o ne a se ka a tlhatlogela kwa magodimong.” (Ditiro 2:34) Le gone Petere ga a ka a ruta gore masea a tshwanetse go kolobediwa. Go na le moo, o ne a ruta gore kolobetso ke kgato e modumedi a e tsayang a itse gore o dira eng.—1 Petere 3:21.

Jesu o ne a ruta gore ga go ope wa barutwa ba gagwe yo o tshwanetseng go leka go nna le maemo go feta ba bangwe. Jesu o ne a re: “Fa mongwe a batla go nna wa ntlha, o tshwanetse go nna wa bofelo mo go botlhe le modiredi wa botlhe.” (Mareko 9:35) Nakwana fela pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe taelo eno e e tlhamaletseng: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo. Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.” (Mathaio 23:1, 8-10) A o akanya gore bomopapa ba ruta dithuto tsa ga Petere le Keresete?

Bangwe ba akanya gore mopapa a ka tswelela a le mo maemong a gagwe le fa a sa tshele ka melao ya Bokeresete. A o akanya gore kgopolo eo e a utlwala? Jesu o ile a re: “Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola; setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa leungo le le se nang mosola, le gone setlhare se se bodileng ga se ka ke sa ungwa leungo le le molemo.” O akantse ka bosupi jo bo leng teng, a o akanya gore Petere kgotsa Keresete ba ne ba ka rata go amanngwa le maungo a bomopapa ba a tlhagisang?—Mathaio 7:17, 18, 21-23.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Puisano ya ga Jesu le Petere e ne e remeletse mo go reng Keresete ke mang le gore seabe sa gagwe ke sefe, e seng mo seabeng se Petere a neng a tla nna le sone. (Mathaio 16:13-17) Moragonyana, Petere ka boene o ne a re Jesu ke leje le phuthego e agilweng mo go lone. (1 Petere 2:4-8) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomamisa gore “leje la sekhutlo la motheo” la phuthego ya Bokeresete e ne e le Jesu, e seng Petere.—Baefeso 2:20.

^ ser. 14 Jesu le baaposetoloi ba ne ba tlhagisa gore phuthego ya Bokeresete e ne e tla tlala ka banna ba ba rutang thuto ya botlhanogi. (Mathaio 13:24-30, 36-43; 2 Timotheo 4:3; 2 Petere 2:1; 1 Johane 2:18) Mafoko ao a ne a diragala fa kereke kgotsa phuthego ya lekgolo la bobedi la dingwaga e ne e simolola go dirisa meetlo ya boheitane le go kopanya dithuto tsa Baebele le filosofi ya Segerika.

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

A bosupi bo bontsha gore bomopapa ba latetse sekao sa ga Petere?