Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

A Modimo o Nna mo Lefelong le le Lengwe?

A Modimo o Nna mo Lefelong le le Lengwe?

Madumedi a a farologaneng a tlhalosa gore Modimo o gotlhe, mo go rayang gore Modimo o nna mo mafelong otlhe ka nako e le nngwe. Ka sekai, New Catholic Encyclopedia ya re Modimo o “mo mafelong otlhe le mo dilong tsotlhe tse di leng teng.” Ka tsela e e tshwanang, John Wesley yo e leng mothei wa Kereke ya Wesele o ne a kwala thero ya setlhogo se se reng “Modimo o Gotlhe” e mo go yone a neng a re “ga go na gope mo Modimo a seyong teng, e ka ne e le mo lobopong kgotsa kwa ntle ga lone.”

Baebele e rutang? A Modimo o gotlhe, ke gore, o mo mafelong otlhe kwa legodimong le mo lefatsheng, tota le mo bathong ka nako e le nngwe fela?

Tota Baebele ya re Modimo o na le lefelo le le rileng le a nnang kwa go lone, e leng magodimo. Mme e na le thapelo ya ga Kgosi Solomone e mo go yone a neng a rapela Modimo jaana: “E kete o ka reetsa o le kwa magodimong, kwa lefelong la gago le le tlhomameng la bonno.” (1 Dikgosi 8:43) Fa Jesu Keresete a ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela, o ne a re ba rapele “Rraarona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 6:9) Baebele ya re fa Keresete a sena go tsosiwa o ne a “tsena mo legodimong ka bolone, gore jaanong a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.”—Bahebera 9:24.

Ditemana tseno di bontsha sentle gore Jehofa Modimo ga a nne gongwe le gongwe mme o nna fela kwa legodimong. Ke boammaaruri gore, ‘magodimo’ a a umakilweng mo ditemaneng tseno ga a kaye loapi kgotsa lefaufau. Lefaufau le ka se tshole Mmopi wa lobopo. (1 Dikgosi 8:27) Baebele e re bolelela gore “Modimo ke Moya.” (Johane 4:24) O nna kwa magodimong a semoya, a a seng karolo ya lefaufau.—1 Bakorintha 15:44.

Mme go tweng ka ditemana tsa Baebele tse go lebegang di bontsha gore Modimo o gongwe le gongwe? Ka sekai, jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 139:7-10, Dafide o ne a bua jaana ka Modimo: “Nka ya kae ke tswa mo moyeng wa gago, mme nka tshabela sefatlhego sa gago kae? Fa nka tlhatlogela kwa legodimong, o ne o tla nna teng koo; le fa nka tsharolola sekanamelo sa me kwa Sheole, bona! o ne o tla nna teng koo. Fa ke ne nka tsaya diphuka tsa bosa, gore ke tle ke age mo lewatleng le le kwa tengteng, gone koo, seatla sa gago se ne se tla nkgoga.” A ditemana tseno di bontsha gore tota Modimo o gotlhe, o nna mo mafelong otlhe a a umakilweng?

Ela tlhoko gore Dafide o ne a simolola ka go botsa jaana: “Nka ya kae ke tswa mo moyeng wa gago?” * Modimo a ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go bona sengwe le sengwe le go dirisa maatla a gagwe gongwe le gongwe mme a sa ye koo kgotsa a sa nne teng ka tsela ya mmatota. Ka sekai: Mo dingwageng tsa bosheng baitsesaense ba ne ba kgona go sekaseka mmu o o mo polaneteng ya Mars, e e bokgakala jwa dikilometara di le dimilione go tswa mo lefatsheng. Jang? E seng ka go ya koo ka bobone mme ka go sekaseka dinepe le tshedimosetso e nngwe e e tlileng mo lefatsheng ka disutlhalefaufau tse di neng di rometswe kwa Mars.

Ka tsela e e tshwanang, ga go tlhokege gore Jehofa Modimo a nne gongwe le gongwe kgotsa a nne gotlhe gore a bone se se diregang mo karolong le fa e le efe ya lobopo. Lefoko la Modimo la re: “Ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya gagwe.” (Bahebera 4:13) Ee, maatla a ga Jehofa a a dirang kgotsa moya wa gagwe o o boitshepo, a ka ya gongwe le gongwe fela, a dira gore Jehofa a kgone go bona sengwe le sengwe le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe a le mo lefelong lengwe le le rileng, ‘bonno jwa gagwe jo bo boitshepo’ kwa magodimong.—Duteronome 26:15.

^ ser. 8 Lefoko la Sehebera le fano le ranotsweng go twe ‘moya’ le kaya maatla a Modimo a a dirang, ke gore, maatla a Modimo a a dirisang go diragatsa thato ya gagwe.