Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a tlhopha go fepa Baiseraele ka makwetekwio kwa nageng?

Morago ga Khudugo ya Baiseraele kwa Egepeto, Modimo o ne a ba naya nama e ntsi ya makwetekwio ka makgetlho a le mabedi.—Ekesodo 16:13; Dipalo 11:31.

Makwetekwio ke dinonyane tse dinnye, tse di ka nnang disentimetara di le 18 ka boleele mme di le bokete jwa digerama di le 100. Di beela kwa dikarolong tse dintsi tsa bophirima jwa Asia le Yuropa. E re ka e le dinonyane tse di fudugang, ka nako ya mariga di a bo di le kwa Afrika Bokone le Arabia. Fa di fuduga, ditlhopha tse dikgolo tsa tsone di feta kwa godimo ga lotshitshi lo lo kafa botlhaba jwa Lewatle la Mediterranean di bo di fofa kwa godimo ga Sekasetlhaketlhake sa Sinai.

Go ya ka The New Westminster Dictionary of the Bible, makwetekwio a “fofa sentle e bile a bonako, a thusiwa ke phefo; mme fa ka tshoganyetso phefo e ka fokela go sele, kgotsa fa dinonyane tseno di lapa ka gonne di fofile lobaka lo loleele, setlhopha sotlhe sa tsone se ka wela fa fatshe di bo di lalaana foo di tsibikela.” Pele di tswelela ka go fuduga, di tshwanelwa ke go ikhutsa di sa fofe letsatsi le le lengwe kgotsa a mabedi mme batsomi ba bo ba kgona go di tshwara motlhofo. Mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, naga ya Egepeto e ne e rekisetsa dinaga tse dingwe makwetekwio a a neng a tla jewa a ka nna dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga.

Makgetlho a mabedi a Baiseraele ba neng ba ja makwetekwio ka one e ne e le ka dikgakologo. Le fa gone makwetekwio a ne a nna a fofa mo kgaolong ya Sinai ka nako eo, Jehofa ke ene a dirileng gore go ‘tsoge phefo’ e e neng ya kgokgweeletsa dinonyane tseo mo bothibelelong jwa Baiseraele.—Dipalo 11:31.

“Moletlo wa go neela” o o umakiwang mo go Johane 10:22 e ne e le eng?

Meletlo e meraro e e neng e tshwarwa ka dipaka dingwe tsa ngwaga e Modimo a neng a laetse Bajuda gore ba e keteke—Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang, Moletlo wa Pentekosete le Moletlo wa go Kgobokanya—e ne e tshwarwa mo tshimologong ya paka ya dikgakologo, kwa bofelong jwa dikgakologo le ka letlhabula ka go latelana ga yone. Le fa go ntse jalo, moletlo o o umakiwang mo go Johane 10:22, o ne o tshwarwa ka “nako ya mariga” go gopola nako ya fa tempele ya ga Jehofa e ne e neelwa gape ka 165 B.C.E. O ne o tshwarwa ka malatsi a le robedi go simolola ka letsatsi la bo25 la kgwedi ya Chislev mo e ka nnang ka nako ya mariga fa diura tsa motshegare di le dikhutshwane. Go tlile jang gore o tlhomiwe?

Ka 168 B.C.E., Antiochus IV (Epiphanes) e leng mmusi wa Mosiria wa losika lwa Ba-Seleucus, o ne a leka go fedisa kobamelo ya Bajuda le dingwao tsa bone ka go dira gore go agiwe sebeso sa kobamelo ya boheitane mo godimo ga sebeso se se neng se le mo tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema. O ne a dira gore mo sebesong seo go ntshediwe Seuse modimo wa Bagerika setlhabelo.

Seno se ne sa dira gore Bamakabise ba tsuologe. Moeteledipele wa Bajuda e bong Judas Maccabaeus o ne a dira gore Jerusalema e tswe mo taolong ya losika lwa Ba-Seleucus a bo a dira gore sebeso se se neng se leswafaditswe se senngwe go bo go agiwa se sesha mo boemong jwa sone. Morago ga dingwaga di le tharo sebeso se sena go itshekololwa, Judas o ne a neela sesha tempele e e neng e itshekisitswe a e neela Jehofa. Fa e sa le ka nako eo, ka December Bajuda ba ntse ba keteka ‘moletlo ono wa go neela’ (o ka Sehebera o bidiwang chanuk·kahʹ). Gompieno moletlo ono o bidiwa Hanukkah.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Madi a tshipi a a nang le setshwantsho sa ga Judas Maccabaeus, kwa Lyon, 1553

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 14]

From the book Scripture Natural History. Illustrated. 1876