Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se se ileng sa tlhotlheletsa lekgarebe lengwe le le neng le tlogetse go tshela ka melao e e siameng ya bodumedi e le neng le godisitswe ka yone, gore le boe le tshele ka yone? Bala o utlwe gore a reng.

“Jaanong Botshelo Jwa me Bo na Le Bbokao Jwa Mmatota.”—LISA ANDRÉ

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1986

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: LUXEMBOURG

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: NGWANA WA SESINYI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa Bertrange, motsana o o phepa, o o sireletsegileng, o o humileng e bile o le gaufi le toropo ya Luxembourg. Ke nna yo mmotlana mo baneng ba le batlhano. Batsadi ba me ke Basupi ba ga Jehofa mme ba ne ba dira ka natla go leka go ruta nna le bonkgonne ba basimane le basetsana mekgwa e e siameng ya Bokeresete.

Fa ke tsena mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka simolola go belaela dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa thata. La ntlha ke ne ka itlhokomolosa dipelaelo tseno mme tumelo ya me e ne ya simolola go koafala ka bonya ka bonya. Batsadi ba me ba ne ba dira bojotlhe jwa bone go nkaela mo tseleng e e tshwanetseng, mme ke ne ka gana thuso ya bone. Ke ne ke senya nako e ntsi le basha ba ba neng ba sa tlotle taolo mme batsadi ba me ba sa itse. Ke ne ke batla kgololesego e go neng go lebega ba na le yone ka ntlha ya tsela e ba neng ba tshela ka yone. Re ne re ijesa menate mo go feteletseng, re tlhakanela dikobo le batho ba bantsi e bile re dirisa diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang. Kwa tshimologong ke ne ke itumelela go nna le batho ba ba neng ba lebega ba itumelela botshelo ka botlalo.

Mme tota ke ne ke sa itumela. Go tsamaya le ditsala tse di ntseng jalo go ne ga dira gore botshelo jwa me bo se ka jwa nna le bokao; go ne go se na ope yo o akanyetsang dilo kwa teng. Mme nna ke ne ke tshwenngwa ke dikgang tse di jaaka go anama ga tshiamololo mo lefatsheng. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tshwenyega mo maikutlong go ya pele.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Letsatsi lengwe fa ke le dingwaga di le 17, ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong. E re ka Mmè a ne a lemoga kafa ke hutsafetseng ka teng, o ne a re ke ithute Baebele gape. O ne a nkgothaletsa gore ke sekaseke dithuto tsa yone ke bo ke itirela tshwetso ya gore a ke batla go tshela go dumalana le tsone kgotsa nnyaa. Motlotlo ono o o tswang pelong o ne wa dira gore ke fetoge. Ke ne ka dumela go ithuta Baebele le nkgonne e bong Caroline le monna wa gagwe e bong Akif. Akif o ne a sa godisiwa e le Mosupi wa ga Jehofa mme o ne a nna Mosupi a setse a godile. Ka ntlha ya tsela e Akif a neng a godile ka yone, ke ne ke akanya gore nka bua le ene ka tshosologo, mme seo se ne se le botlhokwa mo go nna.

Ke ne ke itse gore tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne e sa tshwanele Mosupi, mme kwa tshimologong, ke ne ke akanya gore tsela e ke tshelang ka yone ga e ame batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke ithuta Baebele ke ne ka lemoga gore boitshwaro jwa me bo ama maikutlo a ga Jehofa. (Pesalema 78:40, 41; Diane 27:11) Gape ke ne ka lemoga gore bo ama le batho ba bangwe.

Fa ke ntse ke ithuta Baebele go ya pele, ke ne ka fitlhela gore go na le mabaka a a utlwalang le a a tlhatswang pelo a go dumela gore ke Lefoko la Modimo. Ka sekai, ke ne ka ithuta ka dipolelelopele tse dintsi tsa Baebele tse di neng tsa diragadiwa—fela jaaka di ne di boleletswe pele. Go nna le kitso e e ntseng jalo go ne ga nthusa gore ke tlose dipelaelo tse ke neng ke na le tsone pele.

Mo e ka nnang ngwaga morago ga gore ke simolole go ithuta Baebele, nna le batsadi ba me re ne ra etela kgaitsadiake yo e neng e le moithaopi kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane. Fa ke ne ke bona kafa nkgonne a neng a itumetse ka teng, seo se ne sa nkama tota. Ke ne ke ntse ke eletsa go itumela fela jalo! Gape ke ne ka kgatlhiwa ke Basupi ba bangwe ba ba neng ba ithaopile go direla koo. Ba ne ba farologane thata le batho ba ba sa ikanyegeng, ba ba ratang menate ba ke neng ke tsalane le bone. Nakwana fela morago ga foo, ke ne ka rapela Jehofa thapelo e e tswang pelong, ke mo solofetsa gore ke tla mo direla botshelo jwa me jotlhe. Fa ke ne ke le dingwaga di le 19, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Jaanong botshelo jwa me bo na le bokao jwa mmatota. Go ruta ba bangwe Baebele, ke ba thusa go ithuta ka ga Jehofa le ka ditsholofetso tsa gagwe tsa mo isagweng go dira gore ke itumele. Ba lelapa la gaetsho le bone ba solegetswe molemo—ga ba tlhole ba tlhoka go tshwenyega ka nna.

Ke itse diphoso tse ke di dirileng mo nakong e e fetileng, mme ke leka gore ke se ka ka nnela go akanya thata ka tsone. Go na le moo, ke akanya thata ka tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone le kafa a nthatang ka gone. Ke dumalana ka pelo yotlhe le mafoko a a mo go Diane 10:22 a a reng: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

“Re ne re ijesa menate mo go feteletseng, re tlhakanela dikobo le batho ba bantsi e bile re dirisa diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang”

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Ke itse diphoso tse ke di dirileng mo nakong e e fetileng, mme ke leka gore ke se ka ka nnela go akanya thata ka tsone”