Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boammaaruri bo ka Fetola Botshelo Jwa Gago

Boammaaruri bo ka Fetola Botshelo Jwa Gago

Boammaaruri bo ka Fetola Botshelo Jwa Gago

O KA tswa o utlwile kgotsa o rutilwe sengwe sa dilo tse tlhano tse go a tleng go buiwe maaka ka Modimo ka tsone tse di senotsweng mo motseletseleng ono wa ditlhogo. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o okaoka go tlogela se o se dumelang, segolobogolo fa e le gore o ile wa se dumela ka nako e telele.

Go a utlwala go bo o ka okaoka jalo. Dikereke dingwe ga di kgothaletse batho go bapisa se di se rutang le se Baebele e se buang. Tse dingwe di leka go femela dithuto tsa tsone tsa maaka ka go re Baebele e thata e bile ga se mongwe le mongwe yo o ka e tlhaloganyang. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa barutwa ba ga Jesu e ne e le batho fela ba ba tlwaelegileng e bile ba sa rutega, mme ba ne ba tlhaloganya motlhofo se a neng a se ruta.—Ditiro 4:13.

Gape o ka nna wa okaoka go tlhatlhoba gore a se o se dumelang se boammaaruri, o tshaba gore go dira jalo e tla bo e le go tlhoka tumelo. A mme gone go a utlwala gore Modimo o ne a ka se itumedisiwe ke gore o tlhatlhobe Baebele, e e leng molaetsa o a o kwaletseng batho, gore o tlhaloganye se a batlang o se dira? Go na le moo, Lefoko la gagwe le go kgothaletsa gore o tlhatlhobe Dikwalo ka bowena, le re: “Iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:2.

Go ithuta boammaaruri ka Modimo ga go go thuse fela gore o itse dilo tse disha—go ka tokafatsa le botshelo jwa gago. (Johane 8:32) Jaanong Deanne, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha, o nonotshitse tumelo ya gagwe ka Lefoko la Modimo. A re: “Ke ne ke ntse ke sa lemoge gore Dikwalo di utlwala sentle jaana go fitlha ke simolola go ithuta Baebele. Jaanong ke itse Jehofa, e seng e le Modimo yo o se nang maikutlo mme e le Rre yo o lorato yo o kwa legodimong. Botshelo jwa me bo na le bokao jwa mmatota jaanong.”

Gongwe o kile wa ithuta Baebele mme wa bona o sa solegelwe molemo. Fa go ntse jalo o se ka wa itlhoboga. Go leka go tlhaloganya Baebele mme o rutilwe maaka ka Modimo go tshwana le go leka go baakanya motšhine o dirisa buka ya ditaelo e e seng ya one. O ka nna wa kgona go baakanya dilo di se kae mme o bo o kgobega marapo fa tse dingwe di sa siame. Mme fa o ka dirisa buka ya ditaelo ya motšhine oo, o tla kgona go o baakanya sentle.

A o ka rata go itse boammaaruri ka Modimo? Re go kgothaletsa gore o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo go tsebe 4 ya makasine ono gore o tshwarelwe thuto ya legae ya Baebele ya mahala.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—BAROMA 12:2