Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Diragatsa Tshwanelo ya Rona mo Modimong

Go Diragatsa Tshwanelo ya Rona mo Modimong

Atamalana le Modimo

Go Diragatsa Tshwanelo ya Rona mo Modimong

A O KILE wa ipotsa jaana, ‘Boikaelelo jwa botshelo ke eng?’ Jehofa ga a re naya fela bokgoni jwa go botsa potso e e ntseng jalo mme o re file le keletso ya go batla go itse karabo ya yone. Re leboga go bo Modimo wa rona yo o lorato a dirile gore re kgone go bona karabo. Karabo e re eletsang go e itse e mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. Akanya ka mafoko a ga Kgosi Solomone a a mo go Moreri 12:13.

Solomone o ne a le mo seemong se se kgethegileng. Ka jalo o ne a ka kgona go tlhalosa gore motho a ka itumela jang mo botshelong le go itse gore o tshelela eng. E re ka a ne a na le botlhale jo bo tlhomologileng, a humile thata e bile e le kgosi, o ne a kgona go sekaseka ka kelotlhoko dilo tse batho ba di batlang ka tlhoafalo, go akaretsa dikhumo le maemo. (Moreri 2:4-9; 4:4) Go tswa foo, a tlhotlhelediwa ke Modimo, o ne a tlhalosa jaana ka bokhutshwane se a se lemogileng: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” Mafoko ao a bontsha maiteko a a solegelang molemo go gaisa otlhe a batho ba ka a dirang.

“Boifa Modimo wa boammaaruri.” Kwa tshimologong, kgopolo ya go boifa Modimo e ka nna ya se ka ya utlwala e le selo se se itumedisang. Mme poifo eno ke boemo jo bo siameng jwa pelo. Ga re a tshwanela go akanya ka motlhanka yo o tshabang go galefisa mong wa gagwe yo o setlhogo mme re tshwanetse go akanya ka ngwana yo o batlang go itumedisa rraagwe yo o lorato. Buka nngwe ya re go boifa Modimo ke “boikutlo jwa tlotlo le tshisimogo tse batho ba Gagwe ba mmontshang tsone ka gonne ba Mo rata e bile ba tlotla maatla a Gagwe le bogolo jwa Gagwe.” Boikutlo jo bo ntseng jalo bo re tlhotlheletsa go dira thato ya Modimo ka gonne re mo rata e bile re itse gore o a re rata. Poifo eno e e siameng ga se boikutlo fela; mme e bontshiwa ka ditiro. Jang?

‘Boloka ditaelo tsa gagwe.’ Go boifa Modimo go dira gore re mo ikobele. Go a utlwala gore re ikobele Jehofa. E re ka e le Mmopi wa rona, o itse tsela e e molemo e re ka tshelang ka yone, fela jaaka motlhami wa sedirisiwa sengwe a itse tsela e e molemo ya go se dirisa. Mo godimo ga moo, Jehofa o re batlela se se molemo. O batla gore re itumele, e bile ditaelo tsa gagwe di kwaletswe gore di re solegele molemo. (Isaia 48:17) Moaposetoloi Johane o ne a baya ntlha eno jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Go ikobela Modimo go bontsha gore re a mo rata mme ditaelo tsa gagwe di bontsha gore o a re rata.

“Seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” Mafoko ano a bontsha lebaka la botlhokwa la go boifa Modimo le go mo ikobela. Go dira jalo ke tshwanelo ya rona, boikarabelo jwa rona. Jehofa ke Mmopi wa rona, ka jalo ke ene a re neileng botshelo. (Pesalema 36:9) Ka ntlha ya seo, re tshwanetse go mo ikobela. Fa re tshela ka tsela e a batlang re tshela ka yone, re a bo re diragatsa tshwanelo ya rona.

Mme he, boikaelelo jwa botshelo ke eng? Fa re tlhamalala fela: Ke go dira thato ya Modimo. Ga go tsela epe e e botoka go feta eno e o ka dirang ka yone gore botshelo jwa gago bo nne le bokao. Ke eng fa o sa batle tshedimosetso e e oketsegileng ka thato ya ga Jehofa le kafa o ka dirang ka teng gore botshelo jwa gago bo dumalane le yone? Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go thusa.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka November:

Diane 22-31;Moreri 1-12Sefela sa Difela  8