Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?

Ithute mo Lefokong la Modimo

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo Jang?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela Modimo?

Go a tshwanela gore re ikobele Modimo ka gonne ke ene a re bopileng. Tota le Jesu o ne a ikobela Modimo ka metlha. (Johane 6:38; Tshenolo 4:11) Melao ya Modimo e re naya tshono ya go bontsha gore re a mo rata.—Bala 1 Johane 5:3.

Melao yotlhe ya ga Jehofa Modimo e re solegela molemo. E re ruta kafa re ka tshelang botshelo jo bo molemo ka gone gompieno mme e re bontsha kafa re ka bonang ka gone maduo a a nnelang ruri mo isagweng.—Bala Pesalema 19:7, 11; Isaia 48:17, 18.

2. Melao ya Modimo e re thusa jang gore re nne le botsogo jo bo molemo?

Molao wa Modimo o o iletsang botagwa o re sireletsa mo malwetseng a a bolayang le mo dikotsing. Motho a ka tshwakgolwa ke bojalwa mme a felela a dirile ditiro tsa boeleele. (Diane 23:20, 29, 30) Jehofa o re letla go nwa bojalwa fa fela re sa bo nwe ka tsela e e feteletseng.—Bala Pesalema 104:15; 1 Bakorintha 6:10.

Gape Jehofa o re tlhagisa gore re se ka ra nna le lefufa, bogale jo bo feteletseng le mekgwa e mengwe e e kotsi. Fa fela re dirisa kgakololo ya gagwe, re tla nna le botsogo jo bo molemo.—Bala Diane 14:30; 22:24, 25.

3. Molao wa Modimo o ka re sireletsa jang?

Molao wa Modimo o iletsa tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang. (Bahebera 13:4) Banyalani ba ba ikobelang molao ono ba ikutlwa ba sireletsegile e bile ba dira gore bana ba bone ba golele mo legaeng le le molemo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, gantsi go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang go felela ka malwetse, tlhalo, tirisodikgoka, go kgoberega maikutlo le malapa a motsadi a le mongwe fela.—Bala Diane 5:1-9.

Fa re tila maemo a a ka re raelang go tlhakanela dikobo le mongwe yo re sa nyalanang le ene, re sireletsa kamano ya rona le Modimo. Gape re tila go utlwisa ba bangwe botlhoko.—Bala 1 Bathesalonika 4:3-6.

4. Go tlotla botshelo go re solegela molemo jang?

Batho ba ba tlotlang mpho ya Modimo ya botshelo ba nna le botsogo jo bo molemo fa ba tlogela mekgwa e e jaaka go tshwakgolwa ke go goga le ke dilo tse dingwe tse di kotsi. (2 Bakorintha 7:1) Modimo o tsaya gore tota le botshelo jwa leseanyana le le golang mo popelong bo botlhokwa. (Ekesodo 21:22, 23) Ka jalo ga re a tshwanela go bolaya ngwana yo o iseng a tsholwe. Gape, batho ba ba tsayang botshelo bo le botlhokwa jaaka Modimo ba dira dilo ka pabalesego kwa tirong, mo lapeng le fa ba dirisa sejanaga. (Duteronome 22:8) Mo godimo ga moo, ga ba tsenele metshameko e e tsenyang matshelo a bone mo kotsing ka gonne botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong.—Bala Pesalema 36:9.

5. Go nna boitshepo ga madi go re solegela molemo jang?

Madi a boitshepo ka gonne Modimo a re a emela botshelo kgotsa moya wa setshedi. (Genesise 9:3, 4) Molao wa Modimo, o o tlhalosang gore boleng jwa madi bo lekana le boleng jwa botshelo, o re solegela molemo. Jang? O dira gore re kgone go itshwarelwa maleo.—Bala Lefitiko 17:11-13; Bahebera 9:22.

Madi a ga Jesu a ne a le botlhokwa thata ka gonne o ne a itekanetse. Jesu o ne a naya Modimo sengwe se se neng se emela botshelo jwa gagwe—madi a gagwe. (Bahebera 9:12) Madi a gagwe a a tsholotsweng a dira gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Bala Mathaio 26:28; Johane 3:16.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 12 le 13 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.