Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Fa Ngwana wa Gago Yo o Mo Dingwageng Tsa Bosha a Belaela Bodumedi Jwa Gago

Fa Ngwana wa Gago Yo o Mo Dingwageng Tsa Bosha a Belaela Bodumedi Jwa Gago

Basha ba bantsi fa ba ntse ba gola, ba tlhopha bodumedi jwa batsadi ba bone. (2 Timotheo 3:14) Le fa go ntse jalo, ba bangwe ga ba dire jalo. O ka dirang fa ngwana wa gago a simolola go belaela bodumedi jwa gago fa a ntse a gola? Setlhogo seno se tla tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba lebana jang le kgwetlho eo.

“Ga ke tlhole ke batla go latela bodumedi jwa batsadi ba me. Tota ke batla go bo tlogela.”—Cora, 18. *

O TLHATSWEGILE pelo gore bodumedi jwa gago bo ruta boammaaruri ka Modimo. O dumela gore Baebele e thusa batho go tshela botshelo jo bo botoka. Ka jalo, go a utlwala go bo o leka go ruta ngwana wa gago se o se dumelang. (Duteronome 6:6, 7) Mme go tweng fa ngwana wa gago a felelwa ke kgatlhego mo dilong tsa semoya fa a ntse a gola? Go tweng fa a simolola go belaela jone bodumedi jo go neng go lebega a bo amogela ka tlhagafalo fa a sa le ngwana?—Bagalatia 5:7.

Fa seo se direga, o se ka wa swetsa ka gore o paletswe ke go diragatsa maikarabelo a gago jaaka motsadi wa Mokeresete. Go na le dilo tse dingwe tse di ka tswang di amega, jaaka re tla bona. Le fa go ntse jalo, itse seno: Tsela e o arabang dipelaelo tsa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha ka yone, e ka laola gore a ngwana yono o tla tlhopha go tswelela le bodumedi jwa gago kgotsa o tla katogela kgakala le jone. Fa o swetsa ka gore o lwantshe ngwana wa gago mo kgannyeng eno, o tla bo o tsena mo ntweng e e matlhomahibidu—e go ka diregang thata gore o fenngwe mo go yone.—Bakolosa 3:21.

Go molemo tota go latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo. O ne a kwala jaana: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, a tshwanelega go ruta, a nna a ithibile mo bosuleng.” (2 Timotheo 2:24) O ka bontsha jang gore o “tshwanelega go ruta” fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a belaela bodumedi jwa gago?

Nna le Temogo

Sa ntlha, leka go lemoga gore ke dilo dife tse di ka tswang di dira gore ngwana wa gago a ikutlwe ka tsela e a ikutlwang ka yone. Ka sekai:

  • A o jewa ke bodutu e bile ga a na ditsala mo phuthegong ya Bokeresete? “E re ka ke ne ke batla ditsala, ke ne ka tsalana le bana ba le mmalwa ba ke neng ke tsena sekolo le bone, mme seo se ne sa dira gore go fete dingwaga tse dintsi ke sa gole semoyeng. Ke ne ka felelwa ke kgatlhego mo dilong tsa semoya, lebaka le legolo e le go nna le ditsala tse di bosula, mme jaanong ke a ikwatlhaya.”—Lenore, 19.

  • A ga a itshepe, e leng se se dirang gore go nne thata gore a bue ka bodumedi jwa gagwe? “Fa ke ne ke le kwa sekolong, ke ne ke okaoka go bolelela bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng se ke se dumelang. Ke ne ke tshaba gore ba tla tsaya gore ke learogi kgotsa ke ‘Radibaebele.’ Bana bape ba ba neng ba farologane le ba bangwe ba ne ba kgaphelwa kwa thoko, mme ke ne ke sa batle gore seo se ntiragalele.”—Ramón, 23.

  • A o ikutlwa a imelwa ke go tshela ka melao ya Bokeresete? “Ke utlwa e kete tsholofetso ya Baebele ya botshelo jo bo sa khutleng e kwa godimo ga ditepisi tse di goletsegileng thata mme ga ke ise ke fitlhe le mo ditepising tseo; ke kgakala thata le tsone. Ke boifa go di palama mo e leng gore ke a tle ke akanye go tlogela bodumedi jwa me.”—Renee, 16.

Mo Fate Maikutlo

Ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha ene a ka tswa a lebane le kgwetlho efe? O ka itse seo ka go mmotsa! Le fa go ntse jalo, nna kelotlhoko gore motlotlo wa lona o se ka wa felela e le kganetsano. Go na le moo, latela kgakololo eno e e mo go Jakobe 1:19: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” O se ka wa mo felela pelo. Dirisa “bopelotelele jotlhe le botswerere jwa go ruta” jaaka o ne o ka dira fa o bua le mongwe yo e seng wa lelapa.—2 Timotheo 4:2.

Ka sekai, fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a sa batle go ya dipokanong tsa Bokeresete, leka go bona gore a go ka tswa go na le sengwe se sele se se mo tshwenyang. Mme o dire jalo ka bopelotelele. Mo motlotlong o o latelang, motsadi ga a kgone go fitlhelela pelo ya ngwana wa gagwe yo o mo dingwageng tsa bosha.

Mosha: Tota ga ke tlhole ke rata go ya dipokanong.

Motsadi: [ka lentswe le le bogale] O raya jang fa o re ga o rate go ya?

Mosha: Nna ke utlwa di bora!

Motsadi: A ke yone tsela e o ikutlwang ka yone ka Modimo? O a bora? Mme lebala! Fa fela o sa ntse o nna le rona, o tla tsamaya le rona—o rata o sa rate!

Modimo o batla gore batsadi ba rute bana ba bone ka ga gagwe le gore bana ba ikobele batsadi ba bone. (Baefeso 6:1) Le fa go ntse jalo, ga o batle gore ngwana wa gago a latele thulaganyo ya gago ya dilo tsa semoya e le seomodiro fela le gore a tsamaye le wena kwa dipokanong tsa Bokeresete a ikgoga fela. Tota o ka rata a dira dilo tseo ka pelo yotlhe.

O ka kgona go mo thusa gore a dire jalo fa o lemoga mabaka ape a a ka tswang a dira gore a ikutlwe ka tsela e a ikutlwang ka yone. O akantse ka seo, ela tlhoko gore motlotlo o o fa godimo o ka bo o ile wa tshwarwa jang ka tsela e e nang le matswela a a molemo.

Mosha: Tota ga ke tlhole ke rata go ya dipokanong.

Motsadi: [a digile makgwafo] Ke eng se se dirang gore o ikutlwe jalo?

Mosha: Nna ke utlwa di bora!

Motsadi: Ee, go nna fela ura e le nngwe kgotsa di le pedi go ka bora. Ke eng se o fitlhelang se le thata ka gone?

Mosha: Ga ke itse. Ke fela gore ke ikutlwa e kete nkabo ke le felo gongwe go sele.

Motsadi: A ke kafa ditsala tsa gago di ikutlwang ka teng?

Mosha: Bothata jwa me ke jone joo! Ga ke na ditsala—kana nka re, ga ke tlhole ke na le ditsala. Fa e sa le tsala ya me e kgolo e fuduga, ga go tlhole go na le ope yo nka tlotlang le ene! Batho ba bangwe botlhe ba itumetse. Ke ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko tota!

Ka go fata mosha maikutlo, motsadi yo o mo motlotlong o o fa godimo o kgona go lemoga kgang ya konokono e e mo tshwenyang—e mo lekgetlhong leno e leng go jewa ke bodutu—gape o kgona go dira gore mosha a mo ikanye, ka jalo a dira gore go nne motlhofo gore a tlotle le ene mo nakong e e tlang.—Bona lebokose le le mo setlhogong seno le le reng  “Se Fele Pelo!”

Fa nako e ntse e ile, basha ba bantsi ba lemoga gore fa ba fenya kgwetlho e e dirang gore ba se ka ba gatela pele semoyeng, gantsi seo se dira gore tsela e ba itebang ka yone mmogo le e ba lebang bodumedi jwa bone ka yone e tokafale. Akanya ka Ramón, lekawana le le nopotsweng pelenyana, le le neng le tshaba go itlhalosa gore ke Mokeresete fa le le kwa sekolong. Kgabagare, Ramón o ne a lemoga gore go bua ka bodumedi jwa gagwe go ne go sa tshose ka tsela e a neng a akantse ka yone—tota le fa seo se ne se dira gore a sotliwe. O tlhalosa jaana

:“Nako nngwe kwa sekolong mosimane mongwe o ne a dira motlae ka nna ka ntlha ya bodumedi jwa me. Ke ne ke tshogile thata e bile ke lemoga gore bana botlhe mo tlelaseng ba ne ba reeditse. Foo ke ne ka swetsa ka gore ke fetole motlotlo mme ke botse ene ka bodumedi jwa gagwe. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore o ne a tshoga go feta kafa nna ke neng ke tshogile ka teng! Ka jalo ke ne ka lemoga gore basha ba le bantsi ba dumela dithuto dingwe tsa bodumedi mme ga ba di tlhaloganye. Nna ke botoka ke kgona go tlhalosa dilo tse ke di dumelang. Tota mme, bana ba ke leng mo tlelaseng e le nngwe le bone, ke bone ba ka tshogang fa ba tshwanelwa ke go bua ka bodumedi—e seng nna!”

LEKA SENO: Fata maikutlo a ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha ka go mmotsa gore o ikutlwa jang ka go nna Mokeresete. Ene o akanya gore melemo ya gone ke efe? Dikgwetlho tsa gone ke dife? A melemo ya gone e botlhokwa thata mo a ka itshokelang dikgwetlho tsa gone? Fa go le jalo, a ka dira seo jang? (Mareko 10:29, 30) Ngwana wa gago a ka kwala se a se akanyang mo pampiring mo dikholomong tse pedi—mo go e e ka fa molemeng a kwale dikgwetlho mme mo go e e ka fa mojeng a kwale melemo. Fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a bona se a se kwadileng fa a sena go itshekatsheka, seo se ka mo thusa go bona bothata jwa gagwe le gore a batle tharabololo.

‘Maatla a go Akanya’ a Ngwana wa Gago Yo o Mo Dingwageng Tsa Bosha

Batsadi le baitse ba lemogile gore go na le pharologano e kgolo fa gare ga tsela e bana ba bannye le ba ba mo dingwageng tsa bosha ba akanyang ka yone. (1 Bakorintha 13:11) Gantsi bana ba bannye ba tsaya dilo fela jaaka di ntse mme ba ba mo dingwageng tsa bosha bone ba akanyetsa dilo kwa teng. Ka sekai, ngwana yo monnye a ka rutiwa gore Modimo o bopile dilo tsotlhe. (Genesise 1:1) Le fa go ntse jalo, mosha ene a ka ipotsa dipotso tse di jaaka go re: ‘Ke itse jang gore Modimo o teng? Ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a ne a ka letla gore go nne le bosula? Ke eng fa go ka twe Modimo ga a na tshimologo?’—Pesalema 90:2.

Gongwe o ka nna wa akanya gore dipotso tse di ntseng jalo di bontsha gore ngwana wa gago o koafala mo tumelong. Mme tota di ka tswa di bontsha gore o gola mo tumelong. Aitsane, go botsa dipotso e ka nna selo sa botlhokwa se se ka dirang gore Mokeresete a gole semoyeng.—Ditiro 17:2, 3.

Mo godimo ga moo, ngwana wa gago o ithuta go dirisa ‘maatla a gagwe a go akanya.’ (Baroma 12:1, 2) Seo se thusa gore a kgone go tlhaloganya “bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa tumelo ya Bokeresete ka tsela e a neng a ka se ka a tlhaloganya ka yone fa a ne a sa le monnye. (Baefeso 3:18) Jaanong go feta le fa e le leng pele, ke nako ya gore o thuse ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha gore a akanye ka dilo tse a di dumelang e le gore a tlhatswege pelo malebana le tumelo ya gagwe.—Diane 14:15; Ditiro 17:11.

LEKA SENO: Boela kwa dithutong tsa motheo le ngwana wa gago mme lo tlotle ka dilo tse wena le ene lo ka tswang lo ne lo sa di akanyetsa kwa teng. Ka sekai, e re a akanye ka dipotso tse di jaaka tseno: ‘Ke eng se se ntlhatswang pelo gore Modimo o teng? Ke bosupi bofe jo nna ke bo lemogang jo bo bontshang gore Modimo o amega ka nna? Ke ka ntlha yang fa ke akanya gore go ikobela melao ya Modimo go ntsholegela molemo ka dinako tsotlhe?’ Ela tlhoko gore o se ka wa pateletsa ngwana wa gago go amogela se o se dumelang. Go na le moo, mo thuse gore ene ka boene a itlhatswe pelo. Seo se tla dira gore go nne motlhofo gore a simolole go tshepa se a se dumelang.

O ne A “Tlhotlhelediwa go di Dumela”

Baebele e bua ka lekawana le go tweng Timotheo le le neng la itse mekwalo e e boitshepo “go tswa boseeng.” Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Timotheo jaana: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.” (2 Timotheo 3:14, 15) Fela jaaka Timotheo, ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a ka tswa a ile a rutiwa melao ya Baebele go tloga fa a tsholwa. Mme jaanong o tshwanetse go mo tlhotlheletsa gore a itlhatswe pelo.

Buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1, ya re: “Fa fela ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha a sa ntse a nna le wena, [wena motsadi] o na le tshwanelo ya go batla gore a dire sengwe le sengwe se o se dirang se se amanang le kobamelo. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa gago ke gore kwa bofelong o mo thuse gore a rate Modimo go tswa pelong—e seng gore a dire kobamelo seomodiro.” Fa o nna o gopotse mokgele oo, o ka thusa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bosha go ‘nonofa mo tumelong’ gore e nne tsela ya gagwe ya botshelo e seng ya gago. *1 Petere 5:9.

^ ser. 4 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

IPOTSE JAANA . . .

  • Ke itshwara jang fa ngwanake a belaela dilo tse ke di dumelang?

  • Nka dirisa dintlha tse di mo setlhogong seno jang go tokafatsa tsela e ke itshwarang ka yone?