Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

A Tharonngwe ke Thuto ya Baebele?

A Tharonngwe ke Thuto ya Baebele?

▪ Tsela e nngwe mo go tse dintsi tse thuto ya Tharonngwe e tlhalosiwang ka yone ke eno: “Batho ba bararo ba ba nang le bomodimo (Rara, Morwa, Moya o o Boitshepo) ba go bolelwang gore mongwe le mongwe o nna ka bosakhutleng, mongwe le mongwe ke mothatayotlhe, ga go na ope yo mmotlana kgotsa yo mogolo mo go yo mongwe e bile mongwe le mongwe ke Modimo mme botlhe ke Modimo a le mongwe fela.” A eno ke thuto ya Baebele?

Gantsi Mathaio 28:19 e dirisiwa go tshegetsa thuto eno. Temana e e mo go Baebele e e Boitshepo e nopola Jesu a re: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo.” Gone ke boammaaruri gore mo temaneng eno go buiwa ka Rara, Morwa le moya o o boitshepo. Le fa go ntse jalo, temana eno ga e bue sepe ka gore ke motho a le mongwe. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe ba Bajuda gore ba rute le go kolobetsa batho mo leineng la Rara, la Morwa le la moya o o boitshepo. Ke eng se Bajuda ba neng ba se dumela e le setšhaba?

Fa setšhaba sa Iseraele se ne se amogela kgolagano ya Molao, e e leng karolo ya Baebele, se ne sa laelwa jaana: “Le ka motlha o se ka wa nna le medimo epe e mengwe kgatlhanong le sefatlhego sa me.” (Duteronome 5:7) Go ne go bua batho ba le kae fano? Duteronome 6:4 ga e raraanye dilo fa e re: “Reetsa, wena Iseraele: Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela”—e seng medimo e le meraro mo go a le mongwe. Baiseraele ba ne ba sa tswa go gololwa kwa Egepeto, kwa Osiris, Isis le Horus (ba ba bontshitsweng mo molemeng)—mongwe wa medimo e le meraro mo go a le mongwe—ba neng ba obamelwa gone. Ka jalo, Baiseraele ba ne ba laelwa gore ba obamele Modimo a le mongwe fela. Go ne go le botlhokwa go le kana kang gore batho ba tlhaloganye taelo eno? Go ya ka Dr. J. H. Hertz, yo e leng rabi: “Taelo eno e e utlwalang sentle ya go obamela Modimo a le mongwe fela e ganetsana le kobamelo yotlhe ya medimo e mentsintsi . . . Shema ga e dumalane le tharonngwe ya tumelo ya Bokeresete e e ganetsanang le gore Modimo o mongwe fela.” *

E re ka Jesu a tshotswe e le Mojuda, o ne a laelwa go latela taelo eno. Morago ga kolobetso ya gagwe, fa a ne a raelwa ke Diabolo, o ne a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” (Mathaio 4:10; Duteronome 6:13) Re ka ithuta bobotlana dilo di le pedi mo tiragalong eno. Sa ntlha, Satane o ne a leka go raela Jesu gore a obamele motho yo mongwe go na le go obamela Jehofa, mme thaelo eo e ne e ka se utlwale fa e ne e le gore Jesu ke karolo ya one Modimo oo. Sa bobedi, Jesu o ne a bontsha sentle gore ke Modimo a le mongwe fela yo o tshwanetseng go obamelwa fa a ne a re “ene a le esi,” e seng “rona” e leng se a ka bong a se buile fa e le gore o ne a le karolo ya Tharonngwe.

Fa batho ba nna le kitso ya boammaaruri ka Modimo mme ba batla go mo direla, ba kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Mathaio 28:19) Ba amogela le go tlhaloganya bolaodi jwa ga Jehofa le seabe sa ga Jesu Keresete mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. (Pesalema 83:18; Mathaio 28:18) Gape ba tlhaloganya tsela e moya o o boitshepo wa Modimo o dirang ka yone, o e leng maatla a gagwe a a dirang.—Genesise 1:2; Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 1:21.

Thuto ya Tharonngwe ga e bolo go tlhakanya batho tlhogo ka makgolokgolo a dingwaga. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a itsise le go kaela balatedi ba gagwe kwa ‘Modimong yo o esi wa boammaaruri’ Jehofa.—Johane 17:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Tumelo ya gore Modimo o mongwe fela e e bontshiwang mo go Shema, thapelo e e theilweng mo go Duteronome 6:4, ke selo sa konokono mo kobamelong ya Bajuda.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

Musée du Louvre, Paris