Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Sebeso sa “Modimo O o Sa Itsiweng” se moaposetoloi Paulo a neng a se bona kwa Athena e ne e le eng?—Ditiro 17:23.

Bakwadi ba le mmalwa ba bogologolo ba Bagerika ba ne ba bua ka dibeso tse di ntseng jalo. Ka sekai, rahisitori yo gape e leng moithutafatshe e bong Pausanias wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., o ne a re go ne go na le “sebeso sa medimo E e Sa Itsiweng” kwa Olympia. Mme Philostratus, yo e leng setswerere mo puong e bile e le mofilosofi, o ne a re kwa Athena “dibeso [di ne] di agelwa go tlotla tota le e leng medimo e e sa itsiweng.”

Mokwadi wa lekgolo la boraro la dingwaga C.E. e bong Diogenes Laertius o anela polelo nngwe ya bogologolo e e tlhalosang kafa “dibeso tse di se nang maina” di simologileng ka gone. Polelo eo ya lekgolo la borataro kgotsa la bosupa la dingwaga B.C.E., e tlhalosa kafa monna mongwe yo o bidiwang Epimenides a neng a itshekisa Baathena mo bolwetseng jwa leroborobo ka gone. Diogenes a re: “[Epimenides] o ne a tsaya dinku . . . a di isa kwa Areopago; fa di le koo a di tlogela gore di gasame a bo a laela batho ba ba neng ba di setse morago gore ba tshwaye lefelo le nku nngwe le nngwe e emang mo go lone ba bo ba ntshetse modimo wa lefelo leo setlhabelo. Ka jalo go bolelwa gore petso e ne ya fela ka yone tsela eo. Tota le gompieno go sa ntse go ka fitlhelwa dibeso tse dintsi tse di sa kwalwang maina mo dikarolong tse di farologaneng tsa Attica.”

Go ya ka The Anchor Bible Dictionary lebaka le lengwe le le ka tswang le dirile gore medimo e e sa itsiweng e agelwe dibeso, e ne e le “go boifa gore go sa bontshe tlotlo mo modimong kgotsa mo modimong wa sesadi o o sa itsiweng go ka dira gore motho a se ka a amogela masego a modimo oo kgotsa ga galefisa modimo oo.”

Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nyatsa bakgethisi?

Bakgethisi ga ba ise ba ko ba ratiwe. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga kwa Iseraele, ba ne ba tsewa e le bangwe ba batho ba ba bosula thata e bile e le dinokwane tota.

Balaodi ba puso ya Roma ba ne ba batla madi a mantsi a lekgetho mo bathong. Badiredi ba puso ya Roma ba ne ba phutha lekgetho la naga le lekgetho le motho mongwe le mongwe a neng a tshwanetse go le duela, mme tiro eno ba ne ba e naya motho yo o neng a iketleeleditse go phuthela Baroma madi a mantsi a lekgetho a a duelwang fa go tsenngwa dithoto mo nageng kgotsa di romelwa kwa dinageng tse dingwe kgotsa fa di kgabaganya mo nageng. Ka jalo, borakgwebo ba mo lefelong leo ba ne ba reka tshwanelo ya go phutha makgetho mo mafelong a a rileng. Cyclopædia ya ga M’Clintock le Strong ya re bakgethisi bano ba ba neng ba iketleeleditse go direla Baroma ba ba neng ba sa ratiwe, ba ne ba tlhoiwa thata ke Bajuda ka bone ba ba neng ba ba tsaya e le “majelathoko le batlhanogi, ba ba itshekolotsweng ka gonne ba tlwaetse go ikopanya le baheitane.”

Bakgethisi ba ne ba itsege ka go sa ikanyege mme ba ne ba ikhumisa ka madi a ba neng ba a tsaya mo Bajudeng ka bone. Bangwe ba ne ba duedisa batho madi a mantsi a lekgetho go feta a ba neng ba tshwanetse go a duelela dithoto, mme ka boferefere ba bo ba itseela madi a a salang, fa bangwe bone ba ne ba dirisa ditatofatso tsa maaka go tseela bahumanegi madi. (Luke 3:13; 19:8) Seo se ne sa dira gore Bajuda ba lebe bakgethisi bao ka tsela e ba neng ba leba baleofi ka yone mme The Jewish Encyclopedia ya re motho yo o ntseng jalo, “o ne a sa tshwanelege go nna moatlhodi kgotsa le e leng go nna mosupi.”—Mathaio 9:10, 11.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Sebeso sa Modimo yo o sa itsiweng, kwa maropeng a Pergamum, kwa Turkey

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setshwantsho sa kwa roma se se bontshang mokgethisi, mo lekgolong la bo2 kgotsa la bo3 la dingwaga c.e.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Erich Lessing/​Art Resource, NY