A o Tshwanetse go Laolwa ke Boikutlo jo o Nnang le Jone ka Motho fa o Mmona la Ntlha?
A o Tshwanetse go Laolwa ke Boikutlo jo o Nnang le Jone ka Motho fa o Mmona la Ntlha?
NGAKA nngwe e ne e iketlile mo phaposing ya bonno, e lebile lenaneo lengwe la puisano mo thelebisheneng le mo go lone go neng go botsolodiwa tona ya puso ya kwa Ireland. Morago ga go leba sefatlhego sa tona ka kelotlhoko, ngaka e ne ya lemoga sengwe se a neng a akanya gore ke sesupo sa gore tona o na le tlhagala. O ne a gakolola tona gore a ye go bona ngaka ka bonako.
Go ne ga fitlhelwa gore se a neng a se akanya se boammaaruri. Ngaka eo e na le se gantsi se bidiwang leitlho la bongaka, e leng bokgoni jwa go bona gore molwetse o tshwerwe ke eng ka go mo leba fela. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba akanya gore ba na le “leitlho la bongaka” le le dirang gore ba kgone go swetsa gore motho ke wa mofuta mang, o na le botho jo bo ntseng jang le gore a o a ikanyega.
Mo makgolokgolong a dingwaga tse di ntseng di feta, babatlisisi ba ile ba leka go tlhama mokgwa mongwe wa saense wa go lemoga botho jwa motho fela ka go bona gore o lebega jang. Mokgwa oo ba o bitsa physiognomy, o Encyclopædia Britannica e o tlhalosang e le “thuto ya saense e e ka se kang ya ikanngwa e e buang ka mekgwa ya motho e go tweng e bonala mo tseleng e a lebegang ka yone mo sefatlhegong kgotsa tsela e a bopegileng ka yone.” Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, baithutabatho ba ba jaaka Francis Galton, ntsalae Charles Darwin le baithutadinokwane ba ba jaaka Cesare Lombroso wa kwa Italy, ba ne ba akantsha go dirisa dithuto le mekgwa e e tshwanang e fa e sa le ka nako eo e iseng e ko e dirisiwe.
Mme gone, batho ba le bantsi ba dumela gore go a kgonega go swetsa ka gore motho o ntse jang ka go leba fela tsela e a lebegang ka yone. A o tshwanetse go laolwa ke boikutlo joo?
Go Dira Tshwetso ka Motho Go ya Ka Tsela e a Lebegang ka Yone
Sekai se se tshwanelang sa go dira tshwetso ka motho yo mongwe go ya ka tsela e a lebegang ka yone ke se se mo bukeng ya Baebele ya Samuele wa Ntlha. Jehofa Modimo o ne a laela moporofeti Samuele gore a ye go tlotsa mongwe wa lelapa la ga Jese gore e nne kgosi ya Iseraele ya mo isagweng. Re bala jaana: “Ga diragala gore, fa [bomorwa Jese] ba tsena mme a bona Eliabe, a akofa a re: ‘Ruri motlodiwa wa gagwe o fa pele ga ga Jehofa.’ Mme Jehofa a raya Samuele a re: ‘O se ka wa leba ponalo ya gagwe le boleele jwa gagwe, gonne ke mo ganne. Gonne [Modimo ga a bone] kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.’” Go ne ga diragala se se tshwanang le ka bomorwa Jese ba bangwe ba barataro. La bofelo, go farologana le se moporofeti le Jese ba neng ba se akanya, Modimo o ne a tlhopha gore kgosi ya mo isagweng e nne morwa Jese wa borobedi—Dafide—mosimanyana yo go neng go se na ope yo o neng a akanya go mo tlisa kwa go Samuele.—1 Samuele 16:6-12.
Le gompieno go sa ntse go direga se se tshwanang. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng kwa Jeremane, porofesa yo e leng moithutadinokwane o ne a dira teko e baithuti ba molao ba le 500 ba neng ba nna le seabe mo go yone. Go ne ga lalediwa baeng ba le 12 ba baithuti bano ba neng ba sa ba itse. Mo go bone go ne go na le molaodi wa mapodise le mosekisi wa mo lefelong leo, motshwaramatlotlo wa yunibesithi le molaodi wa dikamano tsa batho, babueledi bangwe le balaodi ba kgotlatshekelo le dinokwane di le tharo tse di tshwerweng. Baithuti ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore mongwe le mongwe wa baeng o ne a dira tiro efe le gore ke bomang mo go bone ba ba neng ba tshwanetse go atlholelwa go ya kgolegelong le gore ba ne ba dirile tlolo molao efe. Ditshwetso tseno tsotlhe ba ne ba tla di dira go ikaegilwe fela ka gore baeng ba lebega jang le gore ba ne ba re ba rata dilo dife tsa go itlosa bodutu.
Go ne ga felela jang? Diperesente di ka nna 75 tsa baithuti di ne tsa kgona go tlhaola batho ba bararo
ba tota e leng dinokwane. Mme palogare ya diperesente di le 60 tsa baithuti di ile tsa re batho ba bangwe ba le robongwe le bone ke batlolamolao, ba tota ba neng ba se na molato. Moithuti a le 1 mo go ba le 7 o ne a akanya gore mosekisi wa mo lefelong leo o ne a ka nna mogwebi wa diokobatsi mme a le 1 mo go ba le 3 o ne a akanya gore molaodi wa mapodise e ne e le legodu! Go dira tshwetso ka motho o lebile tsela e a lebegang ka yone go ka latlha. Ka ntlha yang?Tsela e Motho a Lebegang ka Yone e ka Tsietsa
Fa re kopana le mongwe ka lekgetlho la ntlha, gantsi re a tle re dire tshwetso ka motho yoo re akantse ka dilo tse di kileng tsa re diragalela. Gantsi re dira tshwetso ka motho go ya ka se re se akanyang. Mo godimo ga gore motho o lebega jang, re ka mo tsaya a le botlhokwa kgotsa ra dira tshwetso ka ene re ikaegile ka gore ke wa morafe ofe, wa setso sefe, gore o na le maemo afe mo setšhabeng kgotsa gore ke wa bodumedi bofe.
Fa se re neng re se akanya ka motho yoo se ntse jaaka re ne re akanya, re tsaya gore se re se akanyang se boammaaruri e bile re dumela gore re ka ikanya tsela e re lebang motho yoo ka yone fa re kopana le ene ka lekgetlho la ntlha. Le fa go ntse jalo, fa re lemoga gore re ne re dirile tshwetso e e phoso tota, ke eng se re se dirang? Fa re ikanyega, re tshwanetse go tlogela kgopolo e re neng re na le yone mme re batle tshedimosetso e e siameng. Fa re sa dire jalo, re ka nna ra utlwisa ba bangwe botlhoko thata kgotsa ra ba direla diphoso, e le fela ka go bo re ikgantsha ka se re se tsayang e le bokgoni jwa maemo a a kwa godimo jwa go dira ditshwetso ka motho fa re kopana le ene ka lekgetlho la ntlha.
Go dira ditshwetso go ikaegilwe ka gore motho o lebega jang go ka nna kotsi mo mothong yo go dirwang tshwetso ka ene le mo go yo o dirang tshwetso eo. Ka sekai, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba le bantsi ba ne ba gana go dumela gore Jesu e ka tswa e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. Ka ntlha yang? E re ka ba ne ba dira ditshwetso ba ikaegile ka tsela e motho a lebegang ka yone, ba ne ba iponela fela morwa mmetli wa mo lefelong la bone. Le fa ba ne ba kgatlhilwe ke mafoko a a botlhale a ga Jesu le ditiro tsa gagwe tse di maatla, ba ne ba gana go dumela gore ke motho yo o fetang kgakala yo bone ba neng ba setse ba itiretse tshwetso ka ene, ba ikaegile ka dikgopolo tse ba neng ba setse ba na le tsone ka ene. Boikutlo jwa bone bo ne jwa dira gore Jesu a ye go rerela batho ba bangwe, mme a re: “Moporofeti ga a ke a tlhoka tlotlo fa e se kwa karolong ya naga ya gagabo le mo ntlong ya gagwe.”—Mathaio 13:54-58.
Bajuda bao e ne e le maloko a setšhaba se se neng se sa bolo go letela Mesia ka makgolokgolo a dingwaga. Fa ba ne ba letla gore tsela e ba lebang motho ka yone fa ba mmona ka lekgetlho la ntlha e ba thibele go lemoga Mesia fa kgabagare a goroga, ba ne ba dira gore ba se ka ba amogelwa ke Modimo. (Mathaio 23:37-39) Balatedi ba ga Jesu le bone ba ne ba lebiwa ka tsela eo. Batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore setlhotshwana sa batshwaraditlhapi ba maemo a a kwa tlase, se se neng se nyadiwa ke barutegi le baeteledipele ba bodumedi jo bo nang le tlhotlheletso, se ne se ka bua sengwe sa botlhokwa. Batho ba ba neng ba itetla go tswelela ba laolwa ke boikutlo jo ba neng ba na le jone ka motho fa ba kopana le ene ka lekgetlho la ntlha, ba ne ba latlhegelwa ke tshono e e molemo ya go nna balatedi ba Morwa Modimo.—Johane 1:10-12.
Bangwe ba Ile ba Fetola Tsela e ba Lebang Dilo ka Yone
Bangwe ba batho ba ba neng ba tshela ka nako ya ga Jesu, ba ne ba ikokobeditse mo ba neng ba fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone fa ba ne ba bona dilo tse Jesu a neng a di dira. (Johane 7:45-52) Bangwe ba bone e ne e le ba se kae go tswa mo lelapeng la gaabo Jesu, ba pele ba neng ba sa dumele gore go ka direga gore mongwe wa losika lwa bone a ka nna Mesia. (Johane 7:5) Go a itumedisa gore fa nako e ntse e tsamaya, ba ile ba fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone ba bo ba dumela mo go ene. (Ditiro 1:14; 1 Bakorintha 9:5; Bagalatia 1:19) Ka tsela e e tshwanang, dingwaga moragonyana kwa Roma, baemedi bangwe ba setšhaba sa Bajuda ba ne ba iketleeleditse go utlwa se moaposetoloi Paulo a neng a se bua go na le go ikanya magatwe a a neng a phasaladitswe ke baba ba Bokeresete. Fa ba sena go mo reetsa, bangwe ba bone ba ne ba nna badumedi.—Ditiro 28:22-24.
Gompieno, batho ba le bantsi ba na le dikgopolo tse di phoso ka Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Gantsi ga se ka go bo ba na le tshedimosetso e e boammaaruri kgotsa ba na le bosupi jwa gore se Basupi ba se dumelang le dilo tse ba di dirang ga di dumalane le Dikwalo. Go na le moo, ga ba dumele gore Basupi ba ga Jehofa ke bodumedi jwa boammaaruri. O tla gakologelwa gore batho ba le bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba leba Bakeresete ba bogologolo ka yone tsela eo.
Ga go gakgamatse go bo go buiwa dilo tse di sa siamang kgotsa tse di bosula ka batho ba ba lekang ka natla go latela sekao sa ga Jesu. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.” Mme o ne a ba kgothatsa ka mafoko ano: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 10:22.
E re ka Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ikobela taelo ya ga Jesu, ba dira ka natla go isa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo kwa bathong mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 28:19, 20) Batho ba ba ganang gotlhelele go reetsa, ba ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke tshono ya go tsamaya mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Go tweng ka wena? A o tla dira ditshwetso o ikaegile fela ka se o se akanyang ka motho fa o mmona ka lekgetlho la ntlha le ka dikgopolo tse o di ikakanyetsang kgotsa a o tla sekaseka tshedimosetso e e boammaaruri o iketleeleditse go amogela dikgopolo tse disha? Gakologelwa: Tsela e motho a lebegang ka yone e ka tsietsa, le se o se akanyang ka motho fa o mmona lekgetlho la ntlha se ka nna phoso; mme go sekaseka tshedimosetso e e boammaaruri go ka dira gore o bone dilo tse di molemo tse o neng o sa di lebelela.—Ditiro 17:10-12.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Bajuda ba le bantsi ba ne ba gana go dumela gore Jesu e ne e le Mesia ka ntlha ya go laolwa ke boikutlo jo ba neng ba nna le jone la ntlha fa ba mmona
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
A boikutlo jo o nnang le jone ka Basupi ba ga Jehofa bo laolwa ke se o se akanyang fa o ba bona ka lekgetlho la ntlha kgotsa bo ikaegile ka tshedimosetso e e boammaaruri?