Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Dikgang Tse di Molemo Tseno Tsa Bogosi di Tla Rerwa”

“Dikgang Tse di Molemo Tseno Tsa Bogosi di Tla Rerwa”

“Dikgang Tse di Molemo Tseno Tsa Bogosi di Tla Rerwa”

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—MATHAIO 24:14.

Bokao Jwa Mafoko Ano: Mokwadi wa Efangele e bong Luke o ne a bega gore Jesu o ne a “eta go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 8:1) Jesu ka boene o ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) O ne a romela barutwa ba gagwe gore ba rere dikgang tse di molemo mo metseng le mo metsaneng mme moragonyana a ba laela jaana: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8; Luke 10:1.

Kafa Bakeresete ba Bogologolo ba Neng ba Dira Seo ka Gone: Barutwa ba ga Jesu ba ile ba dira se Jesu a neng a se ba laela kwantle ga go senya nako. “Letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete.” (Ditiro 5:42) Tiro ya go rera e ne e sa dirwe fela ke setlhopha sengwe sa batho ba ba kgethegileng. Rahisitori mongwe e bong Neander o ne a re “Celsus, mokwadi wa ntlha yo o neng a le kgatlhanong le Bokeresete, o ne a sotla ka gore batho ba ba dirang ka boboa, bathudi ba ditlhako, batho ba ba sugang matlalo, batho fela ba ba sa rutegang le ba maemo a a kwa tlase go gaisa botlhe, e ne e le bareri ba ba tlhagafetseng ba efangele.” Jean Bernardi o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Early Centuries of the Church: “[Bakeresete] ba ne ba tshwanetse go tswa ba ya go bua le mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Mo mebileng e megolo le mo metseng, mo dipatlelong tsa botlhe le mo magaeng. Go sa kgathalesege gore a ba ne ba amogelwa kgotsa ba sa amogelwe. . . . Ba ne ba ya kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe.”

Ke Bomang ba ba Dirang Seo Gompieno? Moruti mongwe wa kereke ya Anglican e bong David Watson o ne a kwala jaana: “Lengwe la mabaka a go bo bontsi jwa batho gompieno ba sa kgatlhegele go direla Modimo ke gore kereke ga e tseye go rera le go ruta masisi.” José Luis Pérez Guadalupe o ne a kwala ka ditiro tsa batho ba ba tsenang dikereke tsa Evangelical, tsa Adventist le tse dingwe mo bukeng ya gagwe ya Why Are the Catholics Leaving? mme a re “ga ba tsamaye ka ntlo le ntlo.” O ne a kwala jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Ba tsena ntlo nngwe le nngwe mme ba dira jalo ka thulaganyo.”

Kakgelo e e kgatlhang mme e bua dilo jaaka di ntse ya ga Jonathan Turley e e mo bukeng ya Cato Supreme Court Review, 2001-2002 ya re: “Fa o bua ka Basupi ba ga Jehofa, ka bonako fela batho ba le bantsi ba akanya ka bareri ba ba re etelang kwa magaeng a rona ka dinako tse di sa re siamelang. Basupi ba ga Jehofa ga ba tsamaye ka ntlo le ntlo ba sokolola batho e le fela gore ba anamise bodumedi jwa bone mme ba tsaya go dira jalo go le botlhokwa mo tumelong ya bone.”

[Lebokoso mo go tsebe 9]

A o Lemoga Matshwao?

Go ya ka tlhaloso ya Dikwalo e e mo motseletseleng ono wa ditlhogo, o akanya gore gompieno ke bomang ba ba nang le matshwao a Bokeresete jwa boammaaruri? Le fa go na le ditlhopha le dikereke di le diketekete tse di reng ke tsa Bokeresete, gakologelwa gore Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” (Mathaio 7:21) Go lemoga batho ba ba dirang thato ya ga Rara—ba ba nang le matshwao a Bokeresete jwa boammaaruri—le go kopanela le bone, go ka felela ka gore o bone masego a a nnelang ruri mo Bogosing jwa Modimo. Re go kgothaletsa gore o kope Basupi ba ga Jehofa, ba ba go neileng makasine ono, gore ba go neye tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le masego a bo tla a tlisang.—Luke 4:43.