Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

“Dilo Tsa Pele ga di Kitla di Gakologelwa”

“Dilo Tsa Pele ga di Kitla di Gakologelwa”

GO GOPOLA dilo tse di diragetseng e ka nna selo se se molemo. Go akanya ka dinako tse di monate tse re nnileng le tsone le batho ba re ba ratang go ka re itumedisa. Mme ka dinako tse dingwe go gopola dilo tse di diragetseng go ka nna ga utlwisa botlhoko. A o nna o gopola dilo tse di utlwisang botlhoko tse di diragetseng mo nakong e e fetileng? Fa go le jalo, o ka tswa o ipotsa gore, ‘A go tla nna le nako e ka yone re tla lebalang dilo tseno tse di utlwisang botlhoko?’ Re fitlhela karabo e e kgothatsang tota mo mafokong a a kwadilweng ke moporofeti Isaia.—Bala Isaia 65:17.

Jehofa o ikaeletse go tlosa dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko mo megopolong ya rona. O tla dira seo jang? Ka go fedisa lefatshe leno le le boikepo le pogo yotlhe e e mo go lone a bo a le emisetsa ka sengwe se se tla nnelang ruri. Jehofa o solofetsa jaana a dirisa Isaia: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha.” Go tlhaloganya tsholofetso eno go ka dira gore re nne le tsholofelo.

Magodimo a masha ke eng? Baebele e re naya dilo tse pedi tse di ka re thusang. Sa ntlha, kgang ya magodimo a masha e umakwa gape ke bakwadi ba bangwe ba babedi ba Baebele, mme mo makgetlhong ao ka bobedi mafoko ao a amanngwa le diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng. (2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1-4) Sa bobedi, mo Baebeleng lefoko “magodimo” le ka tshwantshetsa bogosi kgotsa puso. (Isaia 14:4, 12; Daniele 4:25, 26) Ka jalo, magodimo a masha ke puso e ntšha e e ka kgonang go tlisa maemo a a siameng mo lefatsheng. Go na le bogosi bo le bongwe fela jo bo ka kgonang go dira dilo tseo tsotlhe—Bogosi jwa Modimo, puso e e kwa legodimong e Jesu a re rutileng go e rapelela. Bogosi joo bo tla dira gore thato ya Modimo e e siameng e dirwe mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 6:9, 10.

Lefatshe le lesha ke eng? Ela tlhoko dintlha tse pedi tse di tswang mo Dikwalong tse di re thusang go bona karabo e e siameng. Sa ntlha, mo Baebeleng lefoko “lefatshe” ka dinako tse dingwe le kaya batho e seng lefatshe ka bolone. (Pesalema 96:1) Sa bobedi, Baebele e boleletse pele gore mo bogosing jwa Modimo, batho ba ba ikanyegang ba ne ba tla ithuta tshiamo e e neng e tla tlala mo lefatsheng lotlhe. (Isaia 26:9) Ka jalo, lefatshe le lesha le kaya batho ba ba tla ikobelang bolaodi jwa Modimo ba bo ba tshela ka melao ya gagwe e e siameng.

A o simolola go bona kafa Jehofa a tla tlosang ka gone mo megopolong ya rona dilo tse di utlwisang botlhoko? Go ise go ye kae, Jehofa o tla diragatsa ka botlalo tsholofetso ya gagwe ya magodimo a masha le lefatshe le lesha ka go tlhoma lefatshe le lesha la tshiamo. * Mo lefatsheng leo le lesha, dilo tse di bakang dikgopolo tse di utlwisang botlhoko—go boga mo mmeleng, mo mogopolong le mo maikutlong—di tla bo di sa tlhole di le gone. Batho ba ba ikanyegang ba tla itumelela botshelo ka botlalo e bile ba tla itumelela go gopola dilo tse di itumedisang tse di tla bong di direga letsatsi le letsatsi.

Mme go tweng ka dilo tse di utlwisang botlhoko tse di re diragalelang gone jaanong? Jehofa a dirisa Isaia o tswelela ka go solofetsa jaana: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” Dilo dipe fela tse di utlwisang botlhoko tse di kileng tsa re diragalela mo lefatsheng leno le legologolo di tla fela ka bonya ka bonya. A tsholofelo eo e a go itumedisa? Fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa o sa batlisise gore o ka dira jang gore o atamalane le Modimo yo o solofetsang isagwe e e molemo jalo?

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka March:

Isaia 63Jeremia 16

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla tlogang bo se dira, bona kgaolo 3, 8 le 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Jehofa o ikaeletse go tlosa dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko mo megopolong ya rona