Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Russia

Go Batla Matlotlo Kwa Dithabeng Tsa Gauta Tsa Kwa Altay

Go Batla Matlotlo Kwa Dithabeng Tsa Gauta Tsa Kwa Altay

E NE e le letsatsi le le itumedisang ka May kwa Repaboliking ya Altay—kgaolo e ntle thata e e kwa borwabophirima jwa Siberia. Fa re le mo fensetereng re ne re kgona go bona sekgwa sa sekgala se seleele sa ditlhare tse di nnang di le ditala; mme kwa morago go bonala ditlhoa tsa dithaba tse di goletseng kwa godimo tse di bobududu jo bo sa bonaleng sentle di apesitswe ke kapoko. Leno ke lefelo le le kwa thoko le le le tletseng maje la Ba-Altay—batho ba ba tlhomologileng ba kwa Asia ba ba nang le puo ya bone fela. Ba ikutlwa ba gololesegile kwa Dithabeng tsa kwa Altai, leina le le tswang mo puong ya Se-Turkic-Mongolia le le kayang “gauta.”

Go ne go setse go fetile dingwaga di le mmalwa nna le mosadi wa me re ithutile Puo ya Diatla ya Russia mme re simolotse go etela diphuthego le ditlhopha tse dinnye tsa puo ya diatla tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Mo nageng eno, merafe e feta 100 le ditso tse di farologaneng di feta 70, di bua puo e le nngwe e leng Se-Russia. Batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba re neng re na le bone ba ne ba dirisa puo e nngwe gape, Puo ya Diatla ya Russia. Batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba seoposengwe mme bontsi jwa ba re neng ra kopana le bone ba ne ba iketleeleditse go re amogela le go re bolelela dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong. Mme le kwa Altay re ne ra amogelwa ka tsela e e tshwanang.

Fa re le kwa Gorno-Altaysk, re ne ra utlwalela ka batho ba le mmalwa ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba nnang kwa motsaneng o o bokgakala jwa dikilometara di ka nna 250. Re ne re itse gore go ne go na le Basupi ba le mmalwa koo, mme go ne go se ope wa bone yo o neng a itse puo ya diatla. Re ne ra akanya ka batho bano ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kwa Altay mme ra swetsa ka gore re ye go ba batla. Matlhagatlhaga a rona a ne a kgatlha Yury le Tatyana, banyalani ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba neng ba dumela go tsamaya le rona. Re ne ra pega mo beneng dikgatiso tsa puo ya diatla tse di mo DVD le sedirisiwa sa go tshameka DVD. Gape re ne ra pega le folaseke e kgolo, disementšhisi tsa borotho jwa rye le diboroso tse di fetisitsweng mo mosing le piroshki e e sa tswang go bakiwa—senkgwe sa kwa Russia se se monate se se tsentsweng khabetšhe le ditapole. La bofelo, re ne ra itshela ka sethibeladikgofa, ra se tshela mo diaparong le mo ditlhakong tsa rona go thibela bolwetse jwa go ruruga boboko (encephalitis).

Tsela e re neng re tsamaya ka yone e ne e itsoketsa mo lefelong le lentlentle le le dithaba. Go ne go utlwala monko o o monate wa malomo a jasmine le lilac. O ne o re lapolosa! Re ne ra itumelela go bona setlhopha sa dikgama tsa kwa Siberia di ntse di fula bojang ka iketlo. Metse ya Ba-Altay e na le matlo a a bapileng a a agilweng ka logong a a ruletsweng ka bothakga go dirisiwa tshipi. Go bapa le bontsi jwa matlo ao go na le matlo a mangwe a mannye a logong a a bidiwang ayyl, a gantsi a nang le dikhutlo tse thataro mme a ruletswe ka marulelo a a motsu. Mangwe a one a bopegile jaaka marulelo a dirontabole. Malapa a le mantsi a Ba-Altay a nna mo matlong ano a mannye a ayyl go simolola ka May go fitlha ka September ba bo ba boela kwa matlong a bone ka nako ya letlhabula le ya mariga.

Re ne ra amogelwa ka lorato ke Basupi ba mo motseng oo, ba ba neng ba re isa kwa legaeng la banyalani ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba Ba-Altay. Ba ne ba itumeletse go re bona e bile ba batla go itse gore re tswa kae le gore re ne re tlile go dira eng. Re ne ra lemoga gore ba na le khomputara, ka jalo fa fela re sena go ntsha DVD, ba ne ba batla go e tshameka. Ka bonako fela, motlotlo o ne wa kgaotsa; go ne ga nna jaaka e kete ga re yo. Matlho a bone a ne a ganeletse mo sekirining, mme gangwe le gape ba ne ba etsa se ba se bonang ba bo ba koma ka tlhogo ba itumetse. Go ne ga nna thata go gapa tlhokomelo ya bone gore ba lemoge gore re batla go boela kwa ditshwantshong tsa ntlha tsa DVD, tse di bontshang paradaise e ntle mo lefatsheng. Fa re sena go emisa DVD mo karolong nngwe, re ne ra tlotla ka se Modimo a tla se direlang batho le gore ke batho ba ba ntseng jang ba ba tla tshelelang ruri mo maemong a ba neng ba a bona. Re ne ra amiwa thata ke kgatlhego ya bone mme kwa bofelong jwa loeto lwa rona ba ne ba re bolelela ka banyalani ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba nnang kwa motseng o mongwe o o bokgakala jwa diura di le mmalwa.

Re ne ra bolola, ra kgabaganya tsela e e kgatlhang e e tletseng maje e e kgabaganyang mo gare ga dithaba re bo re tsaya tsela e e itsoketsang e e re isang kwa motsaneng mongwe o monnye. Mo motsaneng oo re ne ra fitlhela lelapa leo la batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng—monna, mosadi, mmaagwe mosadi, le morwa yo monnye wa banyalani bano—ba ba neng ba itumeletse go bona batho ba ba sa ba letelang. Re ne ra tsena mo ntlong ya bone e nnye ya ayyl, e mo go yone go neng go utlwala monko o o monate wa dikgong le mashi a a ntshitsweng mafura (buttermilk). Kwa godimo kwa borulelong jwa yone jo bo motsu, ntlo eno e nnye e na le phatlha e e kgolokwe e e tsenyang lesedi. Go ne go na le onto e e dirilweng ka ditena tse di pentilweng ka kalaka, go na le setofo mo khoneng e nngwe le mabota a a kgabisitsweng ka dimmetshe tsa mmala o o bohibidu jo bo galolang. Banyalani bano ba ne ba re naya dijo tsa Ba-Altay—di-doughnut tse dinnye tse di gadikilweng le tee ka dijana tse dinnye tsa modiro wa Se-Asia. Re ne ra ba botsa gore a ba kile ba akanya gore go a kgonega go nna tsala ya Modimo. Ba ne ba akanyetsa potso eo kwa teng. Mmaagwe mosadi o ne a re bolelela gore fa a ne a sa le monnye, o ne a isa dijo dingwe kwa lefelong le le kwa dithabeng go ntshetsa medimo setlhabelo. O ne a tsholetsa magetla a nyenya a bo a re: “Ga ke itse gore tota seo se ne se kaya eng. E ne e le ngwao ya rona.”

Re ne ra ba bontsha DVD e e buang ka kgang eo mme difatlhego tsa bone di ne tsa tlala boitumelo. Ba ne ba rata gore re tswelele ka motlotlo, mme seo se ne se tla kgonega jang? Le fa gantsi melaetsa ya founo ya selula e dira gore go nne motlhofo gore re nne re tlotla le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, mo lefelong leo ga go na le fa e le eriele e le nngwe e e kgonang go tshwara makhubu a founo ya selula. Ka jalo re ne ra ba solofetsa gore re tla nna re ba kwalela makwalo.

Letsatsi le ne le setse le phirimile fa re ba sadisa sentle re bo re tsaya loeto lo loleele re boela kwa Gorno-Altaysk, re ne re lapile le fa go ntse jalo re kgotsofetse. Nakwana morago ga moo, re ne ra botsa Basupi ba lefelo leo ka lelapa leno mme ra utlwa gore beke le beke monna o ya kwa motseng o mogolwane, kwa a ithutang Baebele le go ya kwa dipokanong gone a thusiwa ke kgaitsadi mongwe wa mo lefelong leo yo o itseng puo ya diatla. Ruri re itumelela gore maiteko a rona a ne a nna le matswela!

Letsholo la rona la go batla batho ba dipelo tse di ratang ba ba sa utlweng mo ditsebeng, le ka tshwantshiwa le go batla matlotlo a a fitlhegileng kwa tengteng mo dithabeng. Maiteko a re neng ra a dira ka diura tse dintsi mo letsholong leno, a ne a segofadiwa fa re ne re bona lebenyane le le latlhegileng le go lebegang re le wetse. Mo go rona, dithaba tsa kwa Altay di tla nna e le tsa gauta, di re gopotsa batho ba ba peloephepa ba re kopaneng le bone mo magareng ga ditlhoa tsa dithaba tse di tletseng maje.