Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta ka Mebala le Matsela mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele

Go Ithuta ka Mebala le Matsela mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele

Go Ithuta ka Mebala le Matsela mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele

MO BAEBELENG gantsi go na le tshedimosetso e e malebana le mosego, mebala le matsela a diaparo tse di neng di aparwa ke batho ba ba neng ba tshela mo makgolong a dingwaga a a fetileng.

Gone ke boammaaruri gore Baebele ga se buka ya difeshene le mesego. Le fa go ntse jalo, tshedimosetso e e ntseng jalo e e tlhalositsweng mo dipegong tsa Baebele e ka dira gore mmadi a bone ditiragalo tse go buiwang ka tsone ka leitlho la mogopolo.

Ka sekai, re bala ka diaparo tse di onalang ka bonako tse Adame le Efa ba neng ba di itiretse gore ba bipe bosaikategang jwa bone—diaparo tse di ba bipang matheka tse di rokagantsweng ka matlhare a difeige. Le fa go ntse jalo, moragonyana di ne tsa emisediwa ka tse Modimo a neng a ba naya tsone—“diaparo tse di telele tsa letlalo” tse di neng di ka se onale ka bonako.—Genesise 3:7, 21.

Gape mo go Ekesodo kgaolo 28 le 39 go na le dipego tse di re nayang tshedimosetso malebana le diaparo tse di neng di aparwa ke moperesiti yo mogolo wa kwa Iseraele. Diaparo tseno di ne di akaretsa seaparo sa ka fa gare sa leloba, seaparo se setelele se sesweu, moitlamo o o logilweng, seaparo se se se nang mabogo se se pududu le khiba e e kgabisitsweng le letlatla la sehuba mmogo le sethathelela tlhogo le papetlana ya sone e e phatsimang ya gauta. Go bala fela ka tlhaloso ya kafa matsela a mantsintsi a a tlhwatlhwakgolo a neng a kopanngwa ka teng go dira diaparo tseno, go re thusa go itse kafa a neng a le mantle ka teng.—Ekesodo 39:1-5, 22-29.

Diaparo tsa ga moporofeti Elija di ne di tlhomologile mo e leng gore gantsi batho ba ne ba mo lemoga ka bonako fa ba tlhalosediwa tsela e a lebegang ka yone: “Monna yo o nang le seaparo se se boboa, le moitlamo wa letlalo o gatlhilwe mo lothekeng lwa gagwe.” Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, batho bangwe ba ne ba akanya gore Johane Mokolobetsi e ne e le Elija, gongwe e le ka ntlha ya diaparo tsa bone tse di tshwanang.—2 Dikgosi 1:8; Mathaio 3:4; Johane 1:21.

Matsela le Mebala Mo Baebeleng gantsi go buiwa ka mefuta ya matsela a a neng a dirisediwa go dira diaparo le ka mebala le difetolammala mmogo le ka go otlha, go loga le go roka. * Matsela a go buiwang ka one a ne a dirilwe ka boboa jo bo tswang mo diphologolong tse di ruilweng kwa gae le ka leloba le le tswang mo semeleng sa kgobati. Abele o ne a bidiwa “modisa wa dinku.” (Genesise 4:2) Baebele ga e umake sepe ka gore a Abele o ne a ruile dinku gore a dirise boboa jwa tsone. Lekgetlho la ntlha fa Baebele e bua ka leloba le le boleta ke fa e bua ka diaparo tse Faro a neng a di apesa Josefa mo lekgolong la bo18 la dingwaga B.C.E. (Genesise 41:42) Ga se gantsi Baebele e umakang katune e le nngwe ya dilo tse Bajuda ba neng ba di dirisa go dira diaparo mme e ne ya simolola go dirisiwa mo metlheng ya bogologolo mo dinageng tsa kwa Botlhabagare.

Kgobati le boboa di ne di tlhagisa maodi a a boleta a a neng a otlhiwa go dira ditlhale tsa bokima jo bo sa tshwaneng. Go tswa foo ditlhale tseno di ne di logiwa go nna dibata tsa matsela. Ditlhale le matsela a a logilweng a ne a fetolwa mmala go nna a mebala e e farologaneng. Go tswa foo, letsela le ne le segiwa gore le lekane motho yo o neng a tla le apara. Gantsi diaparo tseno di ne di kgabisitswe ka go rokaganya ditlhale tsa mebala e e sa tshwaneng tse di neng di dira gore di nne dintle le gore di nne tsa boleng jo bo kwa godimo.—Baatlhodi 5:30.

Gantsi Baebele e umaka difetolammala tsa matsela tsa mmala o o bobududu, o o bobududu jo bo mokgona le o o bohibidu jo bo mokgona. Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba tsenye “thapo e e bobududu mo godimo ga makantsa” a diaparo tsa bone go ba gopotsa kamano e e kgethegileng e ba nang le yone le Modimo wa bone e bong Jehofa. (Dipalo 15:38-40) Lefoko la Sehebera e leng tekheʹleth, le le kayang mmala o o bobududu le lefoko ‘ar·ga·manʹ le gantsi le ranolwang e le “bobududu jo bo mokgona” ke mebala e e amanngwang le diaparo tsa moperesiti yo mogolo le dilwana tse dingwe tse di kgabisang mo motlaaganeng le mo tempeleng.

Motlaagana le Dilwana Tsa mo Tempeleng Motlaagana o o neng o dirisiwa kwa nageng—mme moragonyana tempele ya kwa Jerusalema—e ne e le lefelo la konokono la kobamelo ya Baiseraele. Ka jalo go a utlwala go bo go begilwe ditaelo tse dintsi mo Baebeleng tse di malebana le go aga motlaagana le tempele ya ga Solomone le go tsenya dilwana mo go tsone. Mo godimo ga go bolelelwa ka matsela le mebala gape re bolelelwa dintlha tse di malebana le go loga, go fetola mmala, go roka le go kgabisa matsela a mogope le disiro.

Banna ba e neng e le ditswerere e bong Besalele le Oholiabe, mmogo le banna le basadi ba bangwe ba ba neng ba kaelwa ke Modimo, ba ne ba dira kabelo e e kgethegileng ka boikanyegi, ya go dira mogope wa bokopanelo o o neng o tla dirisiwa mo kobamelong ya ga Jehofa. (Ekesodo 35:30-35) Mo kgaolong ya 26 ya Ekesodo, dintlha malebana le matsela le go dirwa ga dikarolo tsotlhe tsa motlaagana di tlhalosiwa ka botlalo. Ka sekai, matsela a mogope a magolo a mebalabala a ne a logilwe ka “leloba le le boleta le le otlhilweng le tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo la khokhase.” Go ka direga gore bontsi jwa matsela ano a ne a tserwe kwa Egepeto ka nako ya Khudugo. Go ne go ntshitswe ditaelo ka botlalo malebana le sesiro se sekima sa mebalabala se se neng se kgabisitswe ka ditshwantsho tsa ditšheruba se se neng se kgaoganya “Boitshepo le Boitshepo jwa Maitshepo” mo karolong e e kwa tengteng ya motlaagana. (Ekesodo 26:1, 31-33) Batho ba ba neng ba dira ka matsela a tempele ya kwa Jerusalema, e Kgosi Solomone a neng a laetse gore e agiwe, le bone ba ne ba newa ditaelo tse di tshwanang.—2 Ditiragalo 2:1, 7.

Tshedimosetso e e mo Baebeleng, e re bontsha kafa Bahebera ba bogologolo ba neng ba le matlhagatlhaga e bile ba na le bokgoni ka gone fa ba dirisa matsela a ba neng ba na le one. Re lemoga gore batho bano ba ne ba sa dire diaparo fela tse di sa kgatlheng e bile di se dintle, go na le moo ba ne ba itumelela go dira difeshene tsa mebalabala e bile e le tse di farologaneng, tse di neng di tla aparwa mo ditiragalong tse di sa tshwaneng, go ikaegile ka gore ke paka efe ya ngwaga le gore motho o na le madi a a kana kang.

Baebele e re bolelela gore Baiseraele ba ne ba newa lefatshe le le molemo, ‘lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe’ gore e nne legae la bone. (Ekesodo 3:8; Duteronome 26:9, 15) Fa ba ne ba tswelela ba le mo kobamelong ya boammaaruri, Jehofa o ne a ba segofatsa. Botshelo bo ne bo le monate mme batho ba ne ba itumetse e bile ba kgotsofetse. Ka sekai, Baebele e re bolelela jaana: “Batho ba Juda le ba Iseraele ba tswelela go nna ka polokesego, mongwe le mongwe ka fa tlase ga mofine wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, go tswa Dana go ya Beere-sheba, malatsi otlhe a ga [Kgosi] Solomone.”—1 Dikgosi 4:25.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fa o batla go itse gore dilo tseno di ne di dirwa jang, bona mabokose a a mo setlhogong seno.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Boboa le Leloba

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, dinku di ne di ruelwa thata mashi le boboa jwa tsone. Molemirui o ne a ka dirisa dinku di le mmalwa go bona boboa jo bo lekaneng go direla ba lelapa la gagwe diaparo. Fa molemirui a ruile dinku di le dintsi, o ne a ka rekisetsa balogi ba mo lefelong le a nnang mo go lone boboa jo bo salang. Metse le metsana mengwe e ne e na le madirelo a one a matsela. Go tswa bogologolo, go beola dinku e ne e le tiro e batho ba neng ba e dira ngwaga le ngwaga.—Genesise 31:19; 38:13; 1 Samuele 25:4, 11.

Leloba, e leng letsela le le dirisiwang thata go dira diaparo, le ne le dirwa ka maodi a semela sa kgobati. (Ekesodo 9:31) Maungo a semela seno a ne a robiwa fa se setse se godile. Letlhaka la sone le ne le omisiwa mo letsatsing go tswa foo le bo le inwa mo metsing go dira gore dikarolo tsa lone tse di thata di nne boleta. Fa le sena go oma, le ne le phothiwa go bo go ntshiwa maodi a a mo go lone le bo le otlhiwa go nna ditlhale tse di tla dirisediwang go loga. Batho ba segosi le balaodi ba bagolo ba ne ba rata diaparo tse di dirilweng ka leloba.

[Setshwantsho]

Semela se se omisitsweng sa kgobati pele se inwa mo metsing

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

Go Otlha

Leodi—le le jaaka leloba, boboa jwa nku kgotsa boboa jwa podi—le ka kgaoga motlhofo e bile le lekhutshwane thata gore le ka dirisiwa. Ka jalo go tshophiwa maodi a le mmalwa kgotsa a a otlhiwa go dira tlhale ya bokima le boleele jo motho a bo batlang. Fa Baebele e bua ka “mosadi yo o nang le bokgoni,” ya re: “O otlololetse diatla tsa gagwe kwa toloking ya go otlha, mme diatla tsa gagwe di tshwara thobane ya selogi.” (Diane 31:10, 19) Temana eno e tlhalosa kafa go otlha go neng go dirwa ka teng, go dirisiwa toloki ya go otlha le thobane ya selogi tse tota e neng e le dithupana tse pedi tse di tlwaelegileng.

Mo seatleng se sengwe, mosadi o tshwara thobane ya selogi, e maodi a bofeletsweng mo go yone mme a sa gagamadiwa. Ka seatla se sengwe, o ntsha maodi mangwe, a a tshophe gore e nne tlhale a bo a e gokelela kwa bofelong jwa ntlha e nngwe ya toloki ya go otlha. Mme mo ntlheng e nngwe ya toloki ya go otlha, go na le phaphatshana e e boketenyana e e bidiwang whorl e e dirang gore toloki ya go otlha e nne e dikologa. O otlha maodi gore a nne tlhale ya bokima jo bo rileng ka go lepeletsa toloki ya go otlha le go e dikolosa go ya kwa tlase. Tlhale e e otlhilweng e ne e thathelelwa mo thupaneng ya toloki ya go otlha, jaaka mo morutseng (bobbin), mme seno se nna se boelediwa go fitlha maodi otlhe a a mo thobaneng ya selogi a nna tlhale e le nngwe e telele e e siametseng go fetolwa mmala kgotsa go logiwa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Go Fetola Mmala

Morago ga go otlha le go tlhatswa, boboa le ditlhale tse di dirilweng ka kgobati—kgotsa letsela le le logilweng—di fetolwa mmala gore e nne tsa mebala e e farologaneng. Go ina ditlhale tseno ka makgetlho a le mmalwa mo sefetolammaleng go dira gore di nne le mmala o o tseneletseng. E re ka sefetolammala se ja madi a mantsi, se se salelang mo letseleng fa le sena go ntshiwa mo tshekegeng se a gamolwa gore se dirisiwe gape. Go tswa foo, tlhale kgotsa letsela le le fetotsweng mmala le a phuthololwa gore le ome.

E re ka batho ba bogologolo ba ne ba se na difetolammala tse di dirilweng ka dikhemikale, ba ne ba itirela difetolammala tse di nnelang ruri tsa mebala e e farologaneng e e kgatlhang e e tswang mo diphologolong le mo dimeleng. Ka sekai, sefetolammala se se serolwana se ne se dirwa ka matlhare a setlhare sa thamane le matlape a garanata mme sefetolammala se sentsho se ne se dirwa ka lekwati la setlhare sa garanata. Sefetolammala se sehibidu se ne se ntshiwa mo meding ya semela sa madder kgotsa se dirwa ka ditshenekegi tse di bidiwang kermes. Sefetolammala se se pududu se ne se tswa mo sethunyeng sa semela sa indigo. Difetolammala tse di tswang mo dikgopeng tse di farologaneng tsa lewatle tsa murex di ne di kopanngwa go dira mebala e e jaaka bobududu jo bo mokgona jo bohibitshwana jo bo tseneletseng, bobududu le bohibidu jo bo mokgona.

Go ne go tlhokega dikgopa tsa lewatle tse kae go fetola seaparo mmala? Kgopa ya lewatle e le nngwe e dira sefetolammala se sennye mo e leng gore patlisiso nngwe ya re go ne go tlhokega dikgopa di le 10 000 go fetola seaparo se seleele mmala, go se dira sa mmala o o tseneletseng o o bidiwang bobududu jo bo mokgona jo bohibitshwana jo bo tseneletseng. Go akanngwa gore ka nako ya puso ya ga Kgosi Nabonidase wa kwa Babelona, boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona bo ne bo feta jo bo dirilweng ka mebala e mengwe ka tlhwatlhwa ka makgetlho a le 40. E re ka Ture ya bogologolo e ne e itsege ka go dira sefetolammala seno se se jang madi a mantsi, mmala o o bobududu jo bo mokgona o ne wa itsege e le bobududu jo bo mokgona jwa kwa Ture.

[Ditshwantsho]

Legapa la kgopa ya lewatle

Tshekega ya sefetolammala se se bobududu jo bo mokgona ya lekgolo la bo2 le la bo3 la dingwaga B.C.E. e e bonweng kwa Tel Dor, kwa Iseraele

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Tel Dor Project

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go Loga

Go dirisiwa selogelo go loga ditlhale tse di otlhilweng gore e nne matsela a bogolo jo bo rileng go dira diaparo kgotsa dilo tse dingwe. Ditlhale tse di kopantsweng tse di tswang kwa godimo di ya kwa tlase di logaganngwa le tse di kgabaganyang. Ditlhale tse di kgabaganyang di logiwa ka go fetisiwa kafa tlase le kwa godimo ga tse di tswang kwa godimo di ya kwa tlase.

Selogelo se se neng se dirisiwa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele e ne e le ditlhomeso tse di rapaladiwang tse di bewang fa fatshe kgotsa ditlhomeso tse di emisiwang tse ditelele. Mo ditlhomesong dingwe tse di emisiwang, ditshwarabokete di ne di gokelelwa kwa bofelong mo ditlhaleng tse di tswang kwa godimo di ya kwa tlase. Ditshwarabokete tsa selogelo sa bogologolo di ne tsa fitlhelwa kwa mafelong a mantsi kwa Iseraele.

Gantsi go loga e ne e le tiro e e dirwang kwa gae mme mo mafelong mangwe batho botlhe mo motseng ba ne ba dira tiro eno ka botswapelo ba le mmogo. Ka sekai, mo go 1 Ditiragalo 4:21 go buiwa ka “ntlo ya ba ba dirang ka letsela le le boleta” ba go bonalang e ne e le setlhopha sa badiri ba ba neng ba na le bokgoni mo tirong eo.

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

“tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana.”—Ekesodo 26:1