Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Phoso ka Tirisabadimo?

Ke Eng se se Phoso ka Tirisabadimo?

Ke Eng se se Phoso ka Tirisabadimo?

Go tloga fela fa Barbara * a sa le mosha, o ne a bona dipono, a utlwa mantswe e bile o ne a setse a dumela gore o kgona go bua le ba losika ba ba suleng. Ene le monna wa gagwe, Joachim, ba ne ba bala dibuka tse di buang ka boloi e bile e ne e setse e le ditswerere mo go baleng dikarata tsa tarot. Seo se ne se raya gore ba ne ba tla nna le madi a mantsi, mme ba ne ba dira madi a mantsi mo kgwebong eno. Ka letsatsi lengwe, dikarata di ile tsa ba tlhagisa gore go ne go tla tla batho ba ba kotsi kwa legaeng la bone mme tsa ba bolelela gore ba tshwanetse go itshireletsa jang.

LE FA go dumela mo boloing go ka bonala e le selo sa bogologolo, go rata go nna le maatla a a fetang a tlholego go aname. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba rwala mereo, ba dirisa diboto tsa Ouija e bile ba ya kwa bathong ba ba buisanang le meya gore ba ba bolelele se se tla ba diragalelang mo isagweng kgotsa go ba sireletsa mo dilong tse di bosula. Setlhogo se se reng “Laptop and Lucifer,” se se mo makasineng wa kwa Jeremane wa Focus se ne sa re: “Internet e dira gore batho ba kgatlhegele boloi thata le go batla go itse ka sengwe le sengwe se se amanang le jone.”

A o ne o itse gore Baebele e bua ka tirisabadimo? Se e se buang ka kgang eno se ka go gakgamatsa.

Se Baebele e se Buang ka Tirisabadimo

Molao o Modimo a neng a o naya batho ba gagwe kwa Iseraeleng wa bogologolo wa re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-12) Ke ka ntlha yang fa molao wa ga Jehofa o ne o kgala tirisabadimo thata jaana?

Fela jaaka maitemogelo a a kwa tshimologong ya setlhogo seno a bontsha, batho ba le bantsi ba dumela gore batshedi ba ka kgona go buisana le baswi le gore tshedimosetso e e amanang le dilo tsa boloi e tswa kwa baswing. Ditumelo tse di ntseng jalo di tswa mo dithutong tse di rutwang ke madumedi a le mantsi—gore fa batho ba swa ba tswelela ba tshela kwa lefelong la moya. Mme go farologana le thuto eno, Baebele e bontsha sentle gore: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Ya re baswi ba ntse jaaka batho ba ba mo borokong jo bogolo, ba sa itse gotlhelele se se diragalang mo ba leng teng. * (Mathaio 9:18, 24; Johane 11:11-14) Fa go le jalo, o ka ipotsa jaana, Re ka tlhalosa jang maitemogelo a batho ba ba buisanang le meya ba nnileng le one? Tota ba a bo ba bua le bomang?

Go Buisana le Meya

Dipego tsa Efangele di bontsha gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bua le dibopiwa tsa moya. Mareko 1:23, 24 ya re “moya o o seng phepa” o ne wa raya Jesu wa re: “Ke itse sentlentle gore o mang.” Ga go pelaelo gore meya e a itse gore le wena o mang. A mme gone o a itse gore meya eo ke bomang?

Pele Modimo a bopa batho, o ne a bopa barwa ba bantsintsi ba moya kgotsa baengele. (Jobe 38:4-7) Baengele ke dibopiwa tsa maemo a a kwa godimo go feta batho. (Bahebera 2:6, 7) Ba na le maatla e bile ba botlhale thata mme ba ne ba bopetswe go dira thato ya Modimo. Mopesalema o ne a opela jaana: “Bakang Jehofa, lona baengele ba gagwe, ba ba maatla, ba lo diragatsang lefoko la gagwe.”—Pesalema 103:20.

Baebele ya re fa nako e ntse e tsamaya, bangwe ba baengele ba ne ba simolola go ikopanya le batho ka tsela e Modimo a neng a sa e amogele. Ba dirile jalo ka boikaelelo bofe? Moengele wa ntlha yo o neng a dira jalo o ne a dirisa boferefere go faposa batho ba ntlha e bong Adame le Efa mo Modimong le mo Mmoping wa bone. Ka go dira jalo, o ne a itira Satane Diabolo, motho yo o senyang Modimo leina e bile e le moganetsi wa gagwe.—Genesise 3:1-6.

Moragonyana, baengele ba bangwe ba ne “ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” kwa legodimong, ba fetola mebele ya bone gore e nne ya batho ba bo ba simolola go nna le basadi ba bantle mo lefatsheng. (Jude 6; Genesise 6:1, 2) Baengele bao ba batsuolodi le bana ba bone ba diganka ba ne ba tshwara batho setlhogo, mo e leng gore lefatshe le ne la “tlala thubakanyo.” O ka tswa o itse pego ya Baebele ya kafa Modimo a ileng a fedisa ka gone kokomana e e ratang thubakanyo le e e boikepo ka Morwalela mo motlheng wa ga Noa.—Genesise 6:3, 4, 11-13.

Morwalela o ne wa dira gore dibopiwa tseno tsa moya di patelesege go apola mebele ya batho di bo di boela kwa lefelong la moya. Mme Mmopi ga a ka a di letla gore di boele kwa ‘lefelong la tsone la bonno’ le di neng di le kwa go lone pele. Go na le moo, di ne tsa tswalelwa mo boemong jo bo kwa tlase jo bo tshwantshiwang le ‘dikhuti tsa lefifi le le kwenneng.’ (2 Petere 2:4, 5) Baebele ya re baengele bano ba batsuolodi ke “madimona.” (Jakobe 2:19) Ke bone ba ba tlhotlheletsang tirisabadimo.

Se Madimona a se Batlang

Selo sa ntlha se meya e e boikepo e e ikgolaganyang le batho e ikaeletseng go se dira, ke go faposa batho gore ba se ka ba obamela Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Dimpho kgotsa maatla a batho ba le bantsi ba ba dirisang boloi ba reng ba na le one a kgoreletsa batho go bona kitso ya boammaaruri ka Modimo le go nna le kamano le ene.

Selo sa bobedi se madimona a ikaeletseng go se dira se ka bonwa mo thaelong e Satane, moeteledipele wa bone, a neng a leka go raela Jesu ka yone. Satane o ne a solofetsa go naya Jesu “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” Satane o ne a batla gore Jesu a dire eng? O ne a re, ‘wela fa fatshe mme o nkobamele.’ Ee, Satane le madimona ba rata go obamelwa. Mme Jesu o ne a gana kgopolo eo ya go tlogela Modimo le kobamelo ya boammaaruri.—Mathaio 4:8-10.

Gompieno ke ka sewelo meya e e boikepo e ikgolaganyang le batho ka tlhamalalo. Mme e batla go raela batho ba ba seng kelotlhoko ka dilo tse di farologaneng tse di bonalang di se kotsi, tse di jaaka dibolo tsa keresetale, matlhare a tee, dikarata tsa tarot, ditshipi tse di akgegang le go dirisa dinaledi go bolelela isagwe pele. O se ka wa tsiediwa ke dilo tse di ntseng jalo! Dilo tseno ga se fela tsela ya go golaganya batho le maatla mangwe a masaitseweng a tlholego. Meya e e boikepo e dirisa boloi go ngoka le go raela batho ka boikaelelo jwa go dira gore ba se ka ba obamela Jehofa. Fa meya eno e e boikepo e sa atlege, gantsi e bogisa batho ba ba tshwerweng ke serai sa bone e bile e tlhakatlhakanya botshelo jwa bone. Fa e le gore o bogisiwa ke meya e e boikepo, o ka dirang gore o tswe mo tlhotlheletsong ya yone?

Tirisabadimo—Kafa o ka Tswang mo Tlhotlheletsong ya Yone ka Gone

Boammaaruri ke gore meya e e ikgolaganyang le batho ke baba ba Modimo mme e tla senngwa. (Jude 6) Ke batsietsi e bile ke baaki, ba ba itirang e kete ke baswi. O ne o tla ikutlwa jang fa o lemoga gore motho yo o neng o tsaya gore ke tsala ya gago e ne e le motsietsi, yo o batlang fela go dira gore o tlogele dilo tse o di tsayang di le botlhokwa? O ne o tla itshwara jang fa o lemoga gore o ntse o ratana mo Internet le motho yo o sotlang batho ka tlhakanelodikobo o sa itse? Go inaakanya le madimona go kotsi thata. O tshwanetse go dira sotlhe se o ka se kgonang gore o kgaogane gotlhelele le one. Ke eng se o ka se dirang?

Fa baagi bangwe ba kwa Efeso wa bogologolo ba sena go ithuta se Dikwalo di se rutang ka tirisabadimo, ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go fisa dibuka tsa bone tsa boselamose le fa di jele madi a mantsi. Ba ne “ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.” (Ditiro 19:19, 20) Gompieno dilo tse di amanang le boloi ga di akaretse fela dibuka, mereo, diboto tsa Ouija le dilo tse di tshwanang le tseo mme di akaretsa le tshedimosetso e e tswang mo dilong tsa ileketeroniki. Tlogela sengwe le sengwe se go lebegang se ka dira gore o ikgolaganye le tirisabadimo.

Gakologelwa banyalani ba go builweng ka bone kwa tshimologong ya setlhogo seno. Dikarata tsa bone tsa tarot di ne tsa dira gore ba swetse ka gore batho bangwe ba ba kotsi ba ne ba tla tla kwa legaeng la bone mme ba ne ba sa tshwanela go ba reetsa le go amogela sepe se se tswang mo go bone. Le fa go ntse jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba babedi e bong Connie le Gudrun ba ne ba tla kwa kgorong ya bone ba re ba ba tliseditse dikgang tse di molemo ka Modimo, Joachim le Barbara ba ne ba swetsa ka gore ba ba reetse. Motlotlo wa bone o ne wa dira gore ba bue ka tirisabadimo, mme Connie le Gudrun ba ne ba ba naya tshedimosetso e e boammaaruri ka tirisabadimo go tswa mo Dikwalong. Ba ne ba simolola go nna le motlotlo wa Baebele wa ka metlha le bone.

Go ise go ye kae, Joachim le Barbara ba ne ba swetsa ka gore ba kgaogane gotlhelele le go dirisana le madimona. Basupi ba ne ba ba tlhalosetsa gore meya e ka nna ya se itumelele seo. Tota e bile, Joachim le Barbara ba ne ba lebana le maemo a a thata e bile ba tlhaselwa ke madimona ka tsela e e tshosang. Ka lobaka lo lo rileng, ba ne ba nna ba tshogile bosigo bongwe le bongwe mme ditlhaselo di ne tsa fela fa ba fudugela kwa ntlong e nngwe. Fa banyalani bano ba ntse ba lebane le boemo joo jo bo utlwisang botlhoko, ba ne ba nna ba ikantse mafoko ano a a mo go Bafilipi 4:13: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” Jehofa o ne a segofatsa maiteko a bone mme kgabagare meya e ne ya tlogela go ba bogisa. Gompieno Joachim le Barbara ke baobamedi ba ba itumetseng ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa.

Dikwalo di rotloetsa batho botlhe ba ba batlang go segofadiwa ke Jehofa jaana: “Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba. Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:7, 8) Jehofa Modimo a ka go thusa e bile o tla go thusa gore o tswe mo tlhotlheletsong ya madimona, fa o batla go tswa. Fa Joachim le Barbara ba akanya kafa ba ileng ba tlogela tirisabadimo ka teng, ba dumalana ka botlalo le mafoko a a mo go Pesalema 121:2: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

^ ser. 7 Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka boemo jwa baswi, bona kgaolo 6 e e reng “Baswi ba Kae?” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Dilo tse di amanang le boloi di thibela batho go nna le kamano e e molemo le Modimo

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—JAKOBE 4:8