Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Nnelang Ruri mo Lefokong la Me’

‘Nnelang Ruri mo Lefokong la Me’

‘Nnelang Ruri mo Lefokong la Me’

“Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—JOHANE 8:31, 32.

Bokao Jwa Mafoko Ano: ‘Lefoko’ la ga Jesu le kaya dithuto tsa gagwe tse di neng di tswa kwa go mongwe wa maemo a a kwa godimo go mo feta. Jesu o ne a re: “Rara ka boene yo o nthomileng o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng.” (Johane 12:49) Fa Jesu a ne a rapela Jehofa Modimo, Rraagwe yo o kwa legodimong, o ne a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” Gangwe le gape o ne a nopola Lefoko la Modimo go tshegetsa dithuto tsa gagwe. (Johane 17:17; Mathaio 4:4, 7, 10) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ‘nnela ruri mo lefokong la gagwe’—ke gore, ba tsaya Lefoko la Modimo, Baebele, le le “boammaaruri” e bile e le lone le le laolang se ba se dumelang mmogo le se ba se dirang.

Kafa Bakeresete ba Bogologolo ba Neng ba Dira Seo ka Gone: Mokeresete yo o neng a kwala dibuka tse dintsi tsa Baebele e bong moaposetoloi Paulo o ne a tlotla Lefoko la Modimo fela jaaka Jesu. O ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Timotheo 3:16) Banna ba ba neng ba tlhomilwe gore ba rute Bakeresete ka bone ba ne ba tshwanetse go “tshwarelela ka nitamo mo Lefokong la Modimo le le tlhomameng e bile le ikanyega.” (Tito 1:7, 9, The Amplified Bible) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba gakololwa gore ba gane “botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Ke Bomang ba ba Dirang Seo Gompieno?: Molaotheo wa Dogmatic Constitution on Divine Revelation wa Vatican o o neng wa dirisiwa ka 1965 wa bo wa nopolwa mo Catechism of the Catholic Church, wa re: “Dilo tsotlhe tse di senotsweng tse Kereke [ya Katoliki] e tlhomamisegileng ka tsone ga di a thewa fela mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Ka jalo, dithuto tse di boitshepo tsa kereke le Dikwalo Tse di Boitshepo di tshwanetse go ikanngwa le go tlotlwa ka tsela e e tshwanang.” Setlhogo sengwe mo makasineng wa Maclean’s se ne sa nopola moruti mongwe wa kwa Toronto, Canada a botsa jaana: “Ke eng fa re tlhoka go kaelwa ke mafoko a a ‘tlisang diphetogo’ a dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng? Re nna re tla ka dikgopolo tse di molemo mme ka metlha di a reketla ka gonne re tshwanetse go di tshegetsa ka mafoko a ga Jesu le ka Dikwalo.”

Buka nngwe ya tshedimosetso ya New Catholic Encyclopedia e bua jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Ba tsaya Baebele e le yone fela motswedi wa dilo tse ba di dumelang e bile e laola tsela e ba itshwarang ka yone.” Bosheng jaana, monna mongwe kwa Canada o ne a tsena ganong mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa a ntse a ikitsise mo go ene. O ne a bua jaana a supa Baebele ya Mosupi yoo: “Ke itse gore lo bomang. Ke bona ka letshwao la lona.”