Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Akanyang fa go Buiwa ka Jesu?

O Akanyang fa go Buiwa ka Jesu?

O Akanyang fa go Buiwa ka Jesu?

A o tsaya Jesu e le lesea le le sa tswang go tsholwa, monna yo o swang kgotsa Kgosi e e tlotlegang?

Baebele ya re Jesu ke Kgosi e e maatla. Mme seo se go ama jang?

Batho ba le bantsi ba dumela gore Jesu o ba swetse. Mme loso lwa monna yo o suleng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng lo ka dira jang gore batho ba bangwe ba bone botshelo gompieno?

O lalediwa ka lorato gore o tle go utlwa dikarabo tse di theilweng mo Dikwalong tsa dipotso tseno. Tshedimosetso eno e tla tlhalosiwa fa Basupi ba ga Jehofa ba tla bo ba kopane go gopola loso lwa ga Jesu. Monongwaga letsatsi la Segopotso le tla nna ka Labone, April 5, fa letsatsi le sena go phirima.

Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ka nako le lefelo le le tshwanetseng.

Mo mafelobekeng a a tlang morago ga segopotso sa loso lwa ga Jesu, Basupi ba ga Jehofa ba tla nna le puo e nngwe gape e e kgatlhang e e theilweng mo Baebeleng ya setlhogo se se reng, “A Bokhutlo bo Atametse go Feta Jaaka o Akanya?” Puo eno e tla nna nngwe ya ditiragalo tse di botlhokwa thata mo lefatsheng lotlhe go fitlhelela batho botlhe ba ba ratang boammaaruri le ba ba batlang go ithuta mo go oketsegileng ka ga Jesu. O lalediwa gore o nne teng.