Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ratanang’

‘Ratanang’

‘Ratanang’

“Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—JOHANE 13:34, 35.

Bokao Jwa Mafoko Ano: Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ratane ka tsela e a neng a ba rata ka yone. Jesu o ne a ba rata jang? O ne a rata batho botlhe le fa batho ba motlha wa gagwe ba ne ba tlhoile batho ba ditšhaba tse dingwe e bile ba nyatsa basadi. (Johane 4:7-10) Lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Jesu gore a dirise nako le maatla a gagwe a bo a ithontshe dilo dingwe gore a thuse batho ba bangwe. (Mareko 6:30-34) Kwa bofelong, Keresete o ne a bontsha lorato ka tsela e kgolo go di gaisa tsotlhe. O ne a re: “Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o neela moya wa gagwe mo boemong jwa dinku.”—Johane 10:11.

Kafa Bakeresete ba Bogologolo ba Neng ba Dira Seo ka Gone: Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ne ba bitsana “mokaulengwe” kgotsa ‘kgaitsadi.’ (Filemone 1, 2) Ba ne ba amogela batho ba ditšhaba tsotlhe mo phuthegong ya Bokeresete ka gonne ba ne ba dumela gore “ga go na pharologanyo fa gare ga Mojuda le Mogerika, gonne go na le Morena a le mongwe fela mo go botlhe.” (Baroma 10:11, 12) Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba kwa Jerusalema ba ne “ba simolola go rekisa dithuo tsa bone le dithoto le go abela botlhe dipoelo, go ya fela kafa motho a neng a tlhoka ka gone.” Ke ka ntlha yang fa ba ne ba dira jalo? Gore ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa ba kgone go nna mo Jerusalema le go tswelela ba “ineela mo thutong ya baaposetoloi.” (Ditiro 2:41-45) Ke eng se se neng sa ba tlhotlheletsa go dira jalo? Dingwaga tse di ka fa tlase ga 200 morago ga go swa ga baaposetoloi, Tertullian o ne a nopola se batho bangwe ba neng ba se bua ka Bakeresete: “Ruri ba a ratana . . . e bile ba iketleeleditse go swelana.”

Ke Bomang ba ba Dirang Seo Gompieno? Buka ya The History of the Decline and Fall of the Roman Empire (1837) e ne ya bontsha gore mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta, batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete “ba ile ba tshwara badumedi ka bone setlhogo go feta kafa baheitane [batho ba e seng badumedi] ba neng ba ba tshwara setlhogo ka teng.” Patlisiso ya bosheng ya kwa United States e fitlhetse gore batho ba le bantsi ba ba mo madumeding—ba bontsi jwa bone ba ipitsang Bakeresete—ba tlhoile batho ba ditso tse dingwe. Gantsi batho ba ba tsenang kereke mo nageng e nngwe ga ba amane ka gope le maloko a bodumedi jwa bone a a kwa nageng e sele, ka jalo ga ba kgone kgotsa ba ikgogona go thusa badumedi ka bone fa go tlhokega.

Ka 2004, fa kgaolo ya Florida e sena go itewa ke dikgwanyape tse nnè ka go latelana mo dikgweding di le pedi, modulasetulo wa Emergency Operations Committee ya kwa Florida o ne a ya go tlhomamisa gore a dilwana tse ba neng ba di abile tsa namolo di ne di dirisiwa sentle. O ne a re ga go na setlhopha sepe se sengwe se neng se dira dilo ka thulaganyo jaaka Basupi ba ga Jehofa a bo a ithaopela go naya Basupi dilwana dipe fela tsa namolo tse ba neng ba di tlhoka. Dingwaganyana pele ga foo, ka 1997, setlhopha sa thuso ya namolo sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa ya kwa Democratic Republic of Congo se tshwere melemo, dijo le diaparo go ya go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete le batho ba bangwe ba ba neng ba tlhoka thuso. Basupi mmogo le bone ba kwa Yuropa ba ne ba rometse dilwana tsa madi a a kana ka R7 980 000.