Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete—Dipotso Tsa Rona di a Arabiwa

Jesu Keresete—Dipotso Tsa Rona di a Arabiwa

Jesu Keresete—Dipotso Tsa Rona di a Arabiwa

“Boidiidi jwa re ke mang?”—LUKE 9:18.

JESU o ne a botsa barutwa ba gagwe potso eo ka gonne o ne a itse gore batho ba ne ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka ene. Le fa go ntse jalo, go ne go se na lebaka le le utlwalang la gore ba se ka ba tlhaloganya gore e ne le mang. Jesu o ne a sa itlhaole mo bathong ba bangwe kgotsa a dira dilo mo sephiring. Go na le moo, o ne a ikopanya le batho mo metseng le mo metsaneng ya bone a bonwa ke mongwe le mongwe. O ne a rera le go ruta batho phatlalatsa ka gonne a ne a batla gore batho ba itse boammaaruri ka ga gagwe.—Luke 8:1.

Re ka bona boammaaruri ka ga Jesu mo mafokong a gagwe le mo ditirong tsa gagwe tse di begilweng mo Diefangeleng tsa Baebele tse nnè—Mathaio, Mareko, Luke le Johane. Pego eo e e tlhotlheleditsweng ke yone e e tla arabang dipotso tsa rona ka ga Jesu. *Johane 17:17.

POTSO: A tota Jesu o kile a tshela?

KARABO: Ee. Borahisitori bangwe ba lefatshe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba akaretsang Josephus le Tacitus, ba re Jesu o kile a tshela. Sa botlhokwa le go feta ke gore, Diefangele di bontsha ka tsela e e tlhatswang pelo gore Jesu e ne e le motho wa mmatota, e seng motho wa mo ditlhamaneng. Pego eo e tlhalosa ka botlalo gore ditiragalo tseo di diragetse kae le gore di diragetse leng. Ka sekai, mokwadi wa Efangele e bong Luke o umaka balaodi ba le supa—ba maina a bone a umakilweng gape ke borahisitori ba lefatshe—go tlhomamisa ngwaga o Jesu a neng a simolola bodiredi jwa gagwe ka one.—Luke 3:1, 2, 23.

Bosupi jwa gore Jesu o kile a tshela bo tlhatswa pelo. Buka ya Evidence for the Historical Jesus ya re: “Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore monna yo o bidiwang Jesu wa Nasaretha o kile a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga.”

POTSO: A tota Jesu ke Modimo?

KARABO: Nnyaa. Jesu ga a ise a ko a itseye a lekana le Modimo. Go farologana le seo, gangwe le gape Jesu o ne a bontsha gore o kwa tlase ka maemo mo go Jehofa. * Ka sekai, Jesu o ne a re Jehofa ke “Modimo wa me” le “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” (Mathaio 27:46; Johane 17:3) Ke motho yo o nang le maemo a a kwa tlase ga a yo mongwe fela yo o ka dirisang mafoko a a ntseng jalo. Modiri yo o bitsang mothapiwa wa gagwe a re “mong wa me” kgotsa “mookamedi” o bontsha gore o na le maemo a a kwa tlase ga a mong wa gagwe.

Gape Jesu o ne a bontsha gore ene le Modimo ga se motho a le mongwe. Jesu o ne a raya batho ba ba neng ba ganetsa bolaodi jwa gagwe a re: “Mo Molaong wa lona go kwadilwe ga twe, ‘Bosupi jwa batho ba babedi bo boammaaruri.’ Ke nna yo o nayang bosupi ka ga me, le Rara yo o nthomileng o naya bosupi ka ga me.” (Johane 8:17, 18) Jesu le Jehofa e tshwanetse ya bo e se motho a le mongwe. Fa go ne go sa nna jalo, go ne go ka tla jang gore ba tsewe e le basupi ba babedi? *

POTSO: A Jesu e ne e le motho yo o molemo fela?

KARABO: Nnyaa. E ne e se motho yo o molemo fela. Jesu o ne a itse gore o ne a na le maikarabelo a mantsi a botlhokwa mo go diragadiweng ga thato ya Modimo. Mangwe a maikarabelo ao ke ano:

“Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo.” (Johane 3:18) Jesu o ne a itse gore o tswa kae. Tota botshelo jwa gagwe bo ne jwa simologa bogologolo pele a tsholwa mo lefatsheng. O ne a re: “Ke fologile kwa legodimong.” (Johane 6:38) Jesu e ne e le popo ya ntlha ya Modimo mme o ne a thusa go bopa dilo tse dingwe tsotlhe. E re ka Jesu e le ene fela a bopilweng ke Modimo ka tlhamalalo, go a tshwanela go bo a ne a ka bidiwa “Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo.”—Johane 1:3, 14; Bakolosa 1:15, 16.

“Morwa motho.” (Mathaio 8:20) Ka makgetlho a le mantsi, Jesu o ne a ipitsa “Morwa motho” e leng polelwana e e tlhagelelang ka makgetlho a a ka nnang 80 mo Diefangeleng. Polelwana eno e bontsha gore Jesu e ne e le motho wa nama e seng Modimo yo o mo sebopegong sa motho. Go tlile jang gore Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a tsholwe e le motho? Jehofa o ne a dirisa moya o o boitshepo go fetisetsa botshelo jwa Morwawe mo sebopelong sa ga Marea, lekgarebana la Mojuda, ka jalo a dira gore a ime. Seo se ne sa dira gore Jesu a tsholwe a itekanetse e bile a se na boleo.—Mathaio 1:18; Luke 1:35; Johane 8:46.

“Moruti.” (Johane 13:13) Jesu o ne a dira gore go bonale sentle gore tiro e Modimo a mo neileng yone e ne e le go ‘ruta le go rera dikgang tse di molemo’ tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:23; Luke 4:43) O ne a tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle le e e sa raraanang gore Bogosi jwa Modimo ke eng le gore bo tla dira eng go diragatsa thato ya ga Jehofa.—Mathaio 6:9, 10.

“Lefoko.” (Johane 1:1) Jesu e ne e le Mmueledi wa Modimo—yo Modimo a neng a mo dirisa go naya batho tshedimosetso le go ba ruta. Jehofa o ne a dirisa Jesu go isa molaetsa wa gagwe kwa bathong ba ba mo lefatsheng.—Johane 7:16, 17.

POTSO: A Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng?

KARABO: Ee. Boporofeti jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele go tla ga ga Mesia kgotsa Keresete mo go kayang “Motlodiwa.” Yo o Solofeditsweng yono o ne a tla nna le seabe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. Mo lekgetlhong lengwe mosadi mongwe wa Mosamarea o ne a raya Jesu a re: “Ke a itse gore Mesia o etla, yo o bidiwang Keresete.” Mme Jesu o ne a mo raya ka tlhamalalo a re: “Nna yo ke buang le wena ke ene.”—Johane 4:25, 26.

A go na le bosupi bope jo bo bontshang gore tota Jesu e ne e le Mesia? Go na le dintlha tse tharo tse di re nayang bosupi jo bo tlhatswang pelo jo bo tlhaolang motho a le mongwe fela e bong Jesu. A dintlha tseo di tsamaisana le se Jesu a leng sone? Ela tlhoko:

Tatelano ya losika lwa gagwe. Baebele e boleletse pele gore Mesia o ne a tla tlhaga mo losikeng lwa ga Aborahame mo lelapeng la ga Dafide. (Genesise 22:18; Pesalema 132:11, 12) Jesu e ne e le setlogolwana sa bone.—Mathaio 1:1-16; Luke 3:23-38.

Boporofeti jo bo diragaditsweng. Mo Dikwalong Tsa Sehebera go na le boporofeti jo bontsi jo bo ka ga botshelo jwa ga Mesia jwa mo lefatsheng, jo bo akaretsang dintlha tse di ka ga go tsholwa le go swa ga gagwe. Jesu o ne a diragatsa boporofeti jono jotlhe. Bongwe jwa jone ke gore: O ne a tsholelwa kwa Bethelehema (Mika 5:2; Luke 2:4-11), a ntshiwa kwa Egepeto (Hosea 11:1; Mathaio 2:15) le go bolawa go se lepe la marapo a gagwe le le neng la rojwa (Pesalema 34:20; Johane 19:33, 36). Jesu o ne a ka se ka a kgona go dira gore botshelo jwa gagwe bo dumalane le dilo tse di neng di tlhokega gore a diragatse boporofeti jotlhe jo bo ka ga Mesia. *

Bosupi jo bo neetsweng ke Modimo ka boene. Fa Jesu a ne a tsholwa, Modimo o ne a roma baengele gore ba bolelele badisa gore Mesia o tshotswe. (Luke 2:10-14) Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, ka makgetlho a le mmalwa, Modimo ka boene o ne a bua go tswa kwa legodimong a bontsha gore o amogela Jesu. (Mathaio 3:16, 17; 17:1-5) Jehofa o ne a naya Jesu maatla a go dira dikgakgamatso tse dikgolo, ka go dira jalo a neela bosupi jo bongwe jwa gore Jesu e ne e le Mesia.—Ditiro 10:38.

POTSO: Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tshwanelwa ke go boga le go swa?

KARABO: E re ka Jesu a ne a se na boleo, o ne a sa tshwanela go boga. E bile o ne a sa tshwanela go kokotelwa mo thupeng jaaka senokwane a bo a tlogelwa moo gore a swe loso lo lo tlhabisang ditlhong. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a lebeletse go tshwarwa setlhogo jalo e bile o ne a iketleeleditse go amogela tsela e a neng a tshwarwa ka yone.—Mathaio 20:17-19; 1 Petere 2:21-23.

Boporofeti jo bo ka ga Mesia bo ne jwa bolelela pele gore Mesia o ne a tla boga le go swa gore a bipe maleo a batho ba bangwe. (Isaia 53:5; Daniele 9:24, 26) Jesu ka boene o ne a re o tletse “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Batho ba ba dumelang mo thekololong ya loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo, ba na le tsholofelo ya go gololwa mo boleong le mo losong le go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng. *Johane 3:16; 1 Johane 4:9, 10.

POTSO: A tota re ka dumela gore Jesu o ne a tsosiwa mo baswing?

KARABO: Ee. Jesu o ne a solofetse go tsosiwa mo baswing. (Mathaio 16:21) Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go ela tlhoko gore Jesu le bakwadi ba bangwe ba Baebele ga ba ise ba ko ba re Jesu o ne a tla tsosiwa mo baswing ka maatla mangwe a tlholego. Kgopolo e e ntseng jalo e ne e ka se nne boammaaruri. Go na le moo, Baebele ya re: “Modimo o ne a mo tsosa mo losong ka go bofolola ditlhabi tsa loso.” (Ditiro 2:24) Fa re dumela gore Modimo o teng le gore ke Mmopi wa dilo tsotlhe, re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore o ne a ka kgona go tsosa Morwawe mo baswing.—Bahebera 3:4.

A go na le bosupi jo bo ka ikanngwang jwa gore Jesu o ne a tsosiwa? Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

Bosupi jwa basupi ba ba boneng ka matlho. Dingwaga di le 22 fa Jesu a sena go swa, moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore go ne go na le basupi ba ba boneng ka matlho ba le 500 ba ba neng ba bona Jesu a tsosiwa e bile bontsi jwa bone ba ne ba sa ntse ba tshela fa Paulo a ne a kwala. (1 Bakorintha 15:6) Go ka nna motlhofo go gana bosupi jwa motho a le mongwe kgotsa ba le babedi, mme ke mang yo o ka ganetsang bosupi jwa basupi ba le 500 ba ba boneng ka matlho?

Basupi ba ba ka ikanngwang. Barutwa ba bogologolo ba ga Jesu—ba ba neng ba itse se tota se diregileng—ba ne ba bua ka bopelokgale gore Jesu o ne a tsosiwa. (Ditiro 2:29-32; 3:13-15) Tota e bile, ba ne ba tsaya go dumela mo tsogong ya gagwe go le botlhokwa mo tumelong ya Bokeresete. (1 Bakorintha 15:12-19) Barutwa bao ba ne ba iketleeleditse go swa go na le go latola gore ba dumela mo go Jesu. (Ditiro 7:51-60; 12:1, 2) A go na le motho yo o ka batlang go swela selo se a itseng gore ga se boammaaruri?

Re tlotlile ka dikarabo tse thataro tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse di ka ga Jesu. Dikarabo tseo di re bolelela ka tsela e e utlwalang sentle gore Jesu ke mang. A tota go botlhokwa go itse dikarabo? Ka mafoko a mangwe, a go botlhokwa gore o dumela eng ka ga Jesu?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Fa o batla go itse gore Diefangele tsa Baebele di farologana jang le mekwalo e e seng boammaaruri e e ka ga Jesu, bona setlhogo se se reng “Diefangele Tse go sa Tlhomamisiweng Boammaaruri Jwa Tsone—A ke Boammaaruri jo bo Fitlhegileng ka ga Jesu?” se se mo go tsebe 18-19.

^ ser. 9 Mo Baebeleng, leina la Modimo ke Jehofa.

^ ser. 10 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona setlhogo se se reng “Puisano le Moagelani—A Jesu ke Modimo?” se se mo go tsebe 20-22.

^ ser. 21 Fa o batla go bona lenaane la bongwe jwa boporofeti jo bo diragaditsweng mo go Jesu, bona tsebe 200 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

^ ser. 25 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le botlhokwa jwa thekololo ya loso lwa ga Jesu, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?