Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute mo Lefokong la Modimo

Ke Eng fa Bakeresete ba Kolobediwa?

Ke Eng fa Bakeresete ba Kolobediwa?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Kolobetso ya Bokeresete e kaya eng?

Kolobetso ke go kopa go nna le kamano e e molemo le Modimo. Ka jalo Mokeresete o tshwanetse go kolobediwa fa a setse a godile sentle mo a ka kgonang go ithuta ka Modimo le go nna morutwa wa ga Jesu e seng fa e sa ntse e le lesea. (Ditiro 8:12; 1 Petere 3:21) Re nna barutwa ba ga Jesu fa re ithuta dilo tse a di laetseng le go di dira.—Bala Mathaio 28:19, 20.

Mo motlheng wa baaposetoloi ba ga Jesu batho ba le bantsi ba ne ba tsaya kgato kwantle ga go diega ba ithuta ka Modimo le ka ga Jesu. Ka sekai, fa monna mongwe a sena go ithuta gore loso lwa ga Jesu lo ne lo buletse batho tshono ya go bona poloko, o ne a nna morutwa ka yone nako eo. Gompieno, batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba tlhophile go nna balatedi ba ga Jesu.—Bala Ditiro 8:26-31, 35-38.

2. Ke eng fa Jesu a ile a kolobediwa?

Jesu o ne a ka nna dingwaga di le 30 fa Johane Mokolobetsi a ne a mo ina mo metsing a Noka ya Joredane. Kolobetso ya ga Jesu e ne e tshwantshetsa tshwetso ya gagwe ya go dira thato ya Modimo. (Bahebera 10:7) Seno se ne se tla akaretsa gore o ne a tla dumela go ntshetsa batho botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo. Tota le pele Jesu a tswa kwa legodimong go tla go tshela mo lefatsheng, o ne a ntse a rata Rraagwe e bong Jehofa e bile a mo ikobela.—Bala Mareko 1:9-11; Johane 8:29; 17:5.

3. Ke eng fa Mokeresete a tshwanetse go kolobediwa?

Rona ga re tshwane le Jesu—re tsholwa re le baleofi. Le fa go ntse jalo, loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo lo dira gore re kgone go nna le kamano e e molemo le Modimo. (Baroma 5:10, 12; 12:1, 2) Tota e bile, go a kgonega gore re nne ba gagwe re le karolo ya lelapa la gagwe. (2 Bakorintha 6:18) Re ka nna le tshiamelo eo jang? Motho o ineela mo go Jehofa ka go rapela a le nosi a ikana gore o tla dira thato ya Modimo botshelo jotlhe jwa gagwe. Fa motho a sena go ineela jalo mo Modimong, o tshwanetse go bontsha boineelo jwa gagwe phatlalatsa ka go kolobediwa.—Bala Mathaio 16:24; 1 Petere 4:2.

4. O ka ipaakanyetsa jang go kolobediwa?

Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele le mongwe le mongwe yo o batlang go atamalana le Modimo. Go ithuta Baebele le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete go tla nonotsha lorato lo o ratang Modimo ka lone le tumelo ya gago mo go ene. Gape go tla go thusa go leba dilo sentle le go nna le mekgwa e mentle. Go lwela go nna le lorato, tumelo le dinonofo tse dingwe tse di itumedisang Modimo, go tla go thusa go tshela go dumalana le maikano a gago a go direla Jehofa ka bosakhutleng.—Bala Johane 17:3; Bahebera 10:24, 25.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 18 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.