Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

Moduedi wa Botlhe Ba ba Mo Direlang

Moduedi wa Botlhe Ba ba Mo Direlang

“KE A LEBOGA.” Tota ke mang yo o sa itumeleleng go bolelelwa mafoko a a bontshang tebogo fa a sena go dira tiro e e rileng sentle kgotsa a sena go naya motho mpho go tswang pelong? Rotlhe re batla gore maiteko a re a dirang a anaanelwe, segolobogolo ke ba re ba ratang. Gone ke boammaaruri gore ga go na ope yo re mo ratang jaaka Modimo wa rona, Jehofa. A o anaanela maiteko a re a dirang a go mo direla? Mma re sekaseke tsela e ka yone a neng a dirisana le Ebede-meleke, monna yo o neng a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a boloke mongwe wa baporofeti ba Modimo.—Bala Jeremia 38:7-13 le 39:16-18.

Ebede-meleke e ne e le mang? Go lebega e ne e le modiredi wa kgotla ya ga Kgosi Sedekia wa kwa Juda. * Ebede-meleke o ne a tshela mo motlheng wa ga Jeremia, yo Modimo a neng a mo romile go tlhagisa Juda e e sa ikanyegeng gore e ne e tla senngwa. Le fa a ne a nna mo gare ga dikgosana tse di neng di sa dumele mo Modimong, Ebede-meleke o ne a boifa Modimo e bile a tlotla Jeremia fela thata. Dinonofo tsa bomodimo tse Ebede-meleke a neng a na le tsone di ne tsa lekiwa fa dikgosana tse di bosula di ne di latofatsa Jeremia ka boepapuso mme tsa mo latlhela mo mogobeng o o nang le loraga, tsa mo tlogela gore a swe. (Jeremia 38:4-6) Ebede-meleke o ne a tla dirang?

Ebede-meleke o ne a nna pelokgale a bo a tsaya kgato a sa boife gore dikgosana di ne di tla ipusulosetsa. O ne a ya kwa go Sedekia a sa iphitlhe a bo a bua gore tsela e Jeremia a neng a tshwerwe ka yone e ne e sa siama. Gongwe a supa banna bao ba ba molato o ne a raya kgosi a re: “Banna bano ba dirile bosula . . . mo go Jeremia.” (Jeremia 38:9) Ebede-meleke o ne a fenya mme ka kaelo ya ga Sedekia o ne a tsamaya le banna ba le 30 go ya go golola Jeremia.

Jaanong Ebede-meleke o ne a bontsha nonofo e nngwe e e rategang: bopelonomi. O ne a tsaya “dikatana tse di onetseng le matsela a a onetseng a a folosetsa kwa tlase kwa go Jeremia . . . a dirisa megala.” Ke eng fa a ne a mo naya dikatana le matsela? Gore Jeremia a di tsenye kafa tlase ga magwafa gore megala e se ka ya mo gotlha thata fa a gogiwa a ntshiwa mo mogobeng o o loraga.—Jeremia 38:11-13.

Jehofa o ne a bona se Ebede-meleke a neng a se dira. A o ne a se anaanela? Modimo o ne a dirisa Jeremia go bolelela Ebede-meleke gore go senngwa ga Juda go ne go atametse. Go tswa foo, Modimo o ne a solofetsa Ebede-meleke dilo tse tlhano tse di neng di tlhomamisa gore ruri o ne a tla mmoloka. Jehofa o ne a re: “Ke tla go golola . . . Ga o na go tsenngwa mo seatleng sa banna . . . Eleruri ke tla go falotsa . . . Ga o na go wa ka tšhaka . . . O tla nna le moya wa gago e le thopo.” Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a solofetsa go sireletsa Ebede-meleke? Jehofa o ne a mo raya a re: “Ka gonne o inkantse.” (Jeremia 39:16-18) Jehofa o ne a itse gore Ebede-meleke o ne a sa tsaya kgato fela ka gonne a ne a amegile ka Jeremia mme o ne a dira jalo ka gonne a ne a ikantse Modimo e bile a na le tumelo mo go ene.

Ntlha e re ithutang e bonala sentle: Jehofa o anaanela maiteko a re a dirang fa re mo direla. Baebele e re tlhomamisetsa gore o gakologelwa le e leng ditiro tse dinnye tse re di dirang re tlhotlhelediwa ke tumelo tse di amanang le kobamelo ya gagwe. (Mareko 12:41-44) A ga o tlhotlheletsege go atamalana le Modimo yono yo o anaanelang se o se dirang? Fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore o nna jaaka Lefoko la gagwe le mo tlhalosa: “Moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Dikgaolo Tsa Baebele Tse di ka Balwang ka May:

Jeremia 32-50

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Ebede-meleke o bidiwa “moopafadiwa.” (Jeremia 38:7, Baebele e e Boitshepo) Le fa lefoko leno tota le kaya monna yo o kgaotsweng dikgeleswa tsa peo, gape le ne le dirisiwa go kaya molaodi ope fela yo o abetsweng go dira ditiro dingwe mo kgotleng ya kgosi.