Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo?

Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo?

▪ Mo Baebeleng go na le taelo eno e Jesu a neng a e bolelela balatedi ba gagwe: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute.” (Mathaio 28:19, 20) A taelo eno e ama Bakeresete botlhe? Barutwa ba ntlha ba ga Jesu ba ne ba itse gore ba tshwanetse go dira jalo. Ka sekai, moaposetoloi Petere o ne a re: “[Jesu] o ne a re laela go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo.” (Ditiro 10:42) Mme moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke patelesega go dira jalo. Tota, a bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!”—1 Bakorintha 9:16.

Ga se Paulo le Petere fela ba ba neng ba ikobela taelo ya ga Jesu, Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba dira jalo. Ba ne ba dira gore go rera e nne tiro ya bone ya konokono. (Ditiro 5:28-32, 41, 42) Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba leka go dira se se tshwanang. Ba rera molaetsa o Jesu a neng a o rera e leng “bogosi jwa magodimo.”—Mathaio 10:7.

Molaetsa wa Bogosi o tshwanetse go rerelwa bomang? Jesu o ne a re o tshwanetse go rerelwa batho botlhe gongwe le gongwe. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Gape o ne a bolelela pele gore pele tsamaiso eno ya dilo e fela “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi.” (Mathaio 24:14) Go dira jalo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira maiteko a go bua le batho botlhe e seng fela batho ba ba tlwaelaneng le bone kgotsa batho ba ba se nang bodumedi. (Bakolosa 1:23; 1 Timotheo 2:3, 4) Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba leka go bua le mongwe le mongwe. *

Tsela e e molemo thata ya go anamisa molaetsa wa Bogosi ke efe? Jesu yo o neng a itse kafa go ka fitlhelelwang batho ba le bantsi ka gone, o ne a romela barutwa ba gagwe kwa metseng, metsaneng le kwa magaeng a batho. (Mathaio 10:7, 11, 12) Morago ga loso le tsogo ya ga Jesu, barutwa ba gagwe ba ne ba tswelela ba rera “ka ntlo le ntlo.” (Ditiro 5:42) Fela jaaka Jesu, le bone ba ne ba rerela batho gongwe le gongwe le kwa mafelong a batho botlhe. (Johane 4:7-26; 18:20; Ditiro 17:17) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa yone mekgwa eo go rerela batho botlhe.

Jesu o ne a re ga se mongwe le mongwe yo o neng a tla reetsa. (Mathaio 10:14; 24:37-39) A seo se tshwanetse go thibela Bakeresete go rera? Akanya ka papiso eno: Fa o ne o le mongwe wa setlhopha sa bafalotsi ba ba neng ba thusa go falotsa batho morago ga thoromo ya lefatshe e e maatla, a o ne o tla kgaotsa go batla fela ka gonne go bonwe batho ba le mmalwa fela morago ga lobaka lo ntse lo batla? Nnyaa, o ne o ka tswelela o batla ka tsholofelo ya gore o ka bona mongwe. Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tswelele ba rera ka tsholofelo ya gore ba ka bona bangwe ba ba ka tsibogelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 10:23; 1 Timotheo 4:16) Fa Basupi ba ga Jehofa ba batla batho ba ba ntseng jalo ka ntlo le ntlo, ba bontsha gore ba rata Modimo le baagelani, ba matshelo a bone a ikaegileng ka gore ba utlwe le go tsibogela molaetsa wa Bogosi.—Mathaio 22:37-39; 2 Bathesalonika 1:8.

Makasine ono o o o balang o bolela ka molaetsa oo wa Baebele. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee bua le Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e tlang fa ba go etela kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba rera mo dinageng di le 236. Ngogola ba ne ba dirisa diura di le dibilione di le 1,7 mo tirong ya go rera mme ba tshwara dithuto tsa legae tsa Baebele di le dimilione di le 8,5 mo lefatsheng lotlhe.