Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Seno se Raya Botshelo Jo bo Sa Khutleng”

“Seno se Raya Botshelo Jo bo Sa Khutleng”

“Seno se Raya Botshelo Jo bo Sa Khutleng”

“Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—JOHANE 17:3.

KITSO e ka boloka botshelo. Fa Nouhou wa dikgwedi di le lesome a ne a lwala, mmaagwe—yo o neng a direla setšhaba ditiro tse di amanang le boitekanelo kwa Niger—o ne a itse se a tshwanetseng go se dira. O ne a direla morwawe motswako o o dirang gore motho a boe a nne le metsi gape mo mmeleng, a o dira ka go tlhakanya sukiri, letswai le metsi a a phepa. Go ya ka mokgatlho wa UNICEF, e re ka mosadi yono a ile a “tsaya kgato ka bonako e bile a ne a na le kitso nngwe ya tsa boitekanelo, ngwana wa gagwe o ile a fola ka bonako.”

Kitso e e fitlhelwang mo Baebeleng le yone e ka boloka matshelo a batho. Mokwadi wa ntlha wa Baebele e bong Moshe o ne a bolela jaana: “Ga se lefoko le le se nang mosola mo go lona, mme le raya botshelo jwa lona, mme lo ka lelefatsa malatsi a lona ka lefoko leno.” (Duteronome 32:47) A tota Baebele e ka lelefatsa malatsi a rona? Ke ka tsela efe e rayang botshelo mo go rona?

Ditlhogo tse tlhano tse di fetileng tsa motseletsele ono di bontshitse gore Baebele ke buka e e sa tshwaneng le epe malebana le kafa boporofeti jwa yone bo ikanyegang ka teng, kafa ditiragalo tsa yone di leng boammaaruri ka teng le kafa e leng boammaaruri ka teng mo go tsa saense, kafa dibuka tsa yone di dumalanang ka teng le kafa kaelo ya yone e leng mosola ka teng. Seno se bontsha gore Baebele e tlhomologile. Ka jalo, fa e bua ka go tshela botshelo jo boleele—botshelo jo bo sa khutleng—a seo ga se go tlhotlheletse gore o e sekaseke ka kelotlhoko?

Re go rotloetsa go ithuta kafa kitso ya boammaaruri ya Baebele e ka dirang ka teng gore o nne le kagiso ya mogopolo gone jaanong le gore o itumele mo isagweng. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go bontsha kafa o ka bonang kitso eo ka teng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tsela e nngwe e Baebele e tlhomologileng ka yone ke gore ke yone fela e e re nayang dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno tsa botlhokwa tse re di ipotsang:

• Ke eng fa re le mono?

• Ke eng fa go na le pogo e kana kana?

• A go na le tsholofelo epe ka batho ba ke ba ratang ba ba suleng?

O ka bona dikarabo tsa dipotso tseno tse di tswang mo Baebeleng mo bukeng eno Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.