Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Moutlwi wa Thapelo

Atamalana le Moutlwi wa Thapelo

Atamalana le Moutlwi wa Thapelo

BATHO ba le bantsi ba ba dumelang mo Modimong ga ba kgone go tlhalosa lebaka la go bo ba dumela mo go ene. E bile ga ba kgone go tlhalosa gore ke eng fa gantsi bodumedi bo dira dilo tse di sa siamang kgotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo. Se ba ka se dirang fela ke go rapela Modimo yo ba sa mo itseng.

Le fa go ntse jalo, wena o ka kgona go atamalana le Modimo botoka. O ka dira gore tumelo ya gago e thewe mo kitsong ya Modimo e e tla dirang gore o mo rate le go mo anaanela. Tumelo ya mmatota e theilwe mo bosuping. (Bahebera 11:1) Fa o ithuta boammaaruri ka Modimo, o tla kgona go mo itse le go bua le ene jaaka tsala. Ela tlhoko maitemogelo a batho bangwe ba ba neng ba tlhola ba rapela le fa ba ne ba belaela gore Modimo o teng.

Patricia, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha. “Ka letsatsi lengwe ke ne ke na le setlhopha sa batho ba ka nna lesome ba e neng e le ditsala tsa me fa ba ne ba simolola go tlotla ka bodumedi. Ke ne ke ba boleletse gore ke ile ka tswa mo ntlong gore ke se ka ka utlwa motlotlo o rre, yo e neng e le molatolamodimo a neng a nna le one le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, yo o neng a etetse kwa gae. Mongwe wa ditsala tsa me o ne a re, ‘Gongwe Basupi ba ga Jehofa ba na le boammaaruri.’

“Yo mongwe o ne a re, ‘Ke eng fa re sa ye kwa go nngwe ya dipokano tsa bone go bona gore re ka utlwa eng?’ Re ne ra dira fela jalo. Le fa gone re ne re sa ntse re na le dipelaelo, bangwe ba rona ba ne ba tswelela ba ya kwa dipokanong fela ka go bo Basupi ba ne ba le botsalano.

“Le fa go ntse jalo, Sontaga mongwe ke ne ka utlwa sengwe se se neng sa dira gore ke fetole tsela e ke ikutlwang ka yone. Sebui se ne sa tlhalosa lebaka la go bo batho ba boga. Ke ne ke sa itse gore kwa tshimologong batho ba ne ba bopilwe ba itekanetse le gore boleo le loso di bakilwe ke motho a le mongwe mme tsa anamela mo bathong botlhe. Gape sebui se ne sa tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa loso lwa ga Jesu lo ne lo le botlhokwa go dira gore batho ba boe ba nne le se motho wa ntlha a se latlhileng. * (Baroma 5:12, 18, 19) Ka yone nako eo, sengwe le sengwe se ne sa sedimoga. Ke ne ka ipolelela gore, ‘Ruri go na le Modimo yo o amegang ka rona.’ Ke ne ka tswelela ke ithuta Baebele mme go ise go ye kae, e le ka lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ke kgona go rapela mongwe yo e leng motho wa mmatota.”

Allan, yo le ene a umakilweng mo setlhogong sa ntlha. “Ka letsatsi lengwe Basupi ba ga Jehofa ba ne ba re etela mme mosadi wa me o ne a ba kopa gore ba tsene ka gonne o ne a kgatlhilwe ke se ba neng ba se bolela malebana le go tshelela ruri mo lefatsheng. Ke ne ke selekegile. Ka jalo, ke ne ka biletsa mosadi wa me kwa phaposing ya boapeelo re tlogetse baeng kwa phaposing e nngwe, mme ka mo raya ka re, ‘Se tsietsege. Ga o ka ke wa dumela dilo tse di ntseng jalo!’

“O ne a araba ka gore, ‘Tsena hee, o ntshe bosupi jwa gore ga ba bue boammaaruri.’

“Gone ke boammaaruri gore ke ne ke se na bosupi bope. Mme ba ne ba le pelonomi tota ba bo ba ntlogelela buka e e malebana le gore a dilo tse di tshelang di bopilwe kgotsa a di iphetogetse ka botsone go nna ditshedi tse dingwe. Tsela e buka eo e ntshang mabaka ka yone e ne e utlwala sentle e bile e na le bosupi jo bo utlwalang mo e leng gore ke ne ka swetsa ka gore ke tshwanetse go itse mo go oketsegileng ka Modimo. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi, mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore se Baebele e se bolelang se farologane thata le sengwe le sengwe se ke neng ke se akanya ka bodumedi. Fa ke ntse ke ithuta ka ga Jehofa, ke ne ka simolola go tlhamalala malebana le dilo tse ke neng ke di rapelela. Ke ne ke na le mekgwa mengwe e e sa siamang, ka jalo ke ne ka rapela gore a nthuse. Ke tlhomamisegile gore Jehofa o ile a araba dithapelo tsa me.”

Andrew, yo o nnang kwa Engelane. “Le fa ke ne ke sa batle go fetola tsela e ke neng ke leba dilo ka yone e bile ke kgatlhegela saense thata, ke ne ke dumela mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe fela ka go bo batho ba bangwe ba ne ba re e boammaaruri. Ke ne ke sa dumele mo Modimong ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di bosula tse di diregang.

“Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke akanye jaana: ‘Fa e le gore Modimo o teng, ke batla go itse gore bokao jwa botshelo ke eng. Ke eng fa go na le dintwa le bokebekwa jo bo kana kana?’ Ka dinako tse dingwe fa ke na le mathata, ke ne ke rapela ke kopa thuso mme ke sa itse gore ke bua le mang.

“Moragonyana, mongwe o ne a naya mosadi wa me pampitshana e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e e nang le setlhogo se se reng A Lefatshe Leno Le Tla Falola? Eo e ne e le potso e ke neng ke tlhola ke e ipotsa. Pampitshana eo e ne ya dira gore ke ipotse jaana ka Baebele, ‘A go ka nna mosola go sekaseka dikarabo tsa yone?’ Moragonyana, fa ke ntse ke le mo malatsing a boikhutso, mongwe o ne a nnaya buka ya setlhogo se se reng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? * Fa ke lemoga gore Baebele e dumalana le saense e e boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Ka jalo, fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a ithaopela go ithuta Baebele le nna, ke ne ka dumela. Fa ke simolola go tlhaloganya boikaelelo jwa ga Jehofa, ke ne ka mo tsaya e le motho wa mmatota, mongwe yo ke neng nka gololesega go bua le ene ka thapelo.”

Jan, yo o godisitsweng e le Moporotesetanta kwa Lontone. “Boitimokanyi jwa bodumedi le go anama ga pogo go ne ga dira gore ke tlogele bodumedi. Gape ke ne ka tlogela kholetšhe mme ka simolola go opela le go letsa katara gore ke bone madi. Ka nako eo ke ne ka kopana le Pat. O ne a godisitswe e le Mokatoliki mme le ene a tlogetse bodumedi jaaka nna.

“Re ne ra nna mo ntlong e beng ba yone ba neng ba e tlogetse fela mmogo le batho ba bangwe ba ba neng ba tlogetse sekolo ba ba neng ba kgatlhegela madumedi a kwa Botlhaba. Re ne re fetsa diura di le dintsi re nna le metlotlo e e tseneletseng e e malebana le bokao jwa botshelo go fitlha go nna bosigo thata. Le fa nna le Pat re ne re sa dumele mo Modimong, re ne re akanya gore go tshwanetse ga go bo na le ‘maatla mangwe a a dirang gore go nne le botshelo.’

“Morwaarona o ne a tsholwa fa re sena go fudugela kwa bokone jwa Engelane re batla tiro ya go opela. Bosigo bongwe o ne a lwala mme ke ne ka iphitlhela ke rapela Modimo yo ke neng ke sa dumele mo go ene. Ka bonako morago ga foo, kamano ya me le Pat e ne ya senyega mme ke ne ka tsaya ngwana wa rona ka itsamaela. Ke ne ka rapela gore fa e le gore go ne go na le mongwe yo o nkutlwang, a nthuse. Le fa ke ne ke sa itse, Pat le ene o ne a rapela.

“Moragonyana ka lone letsatsi leo, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba etela Pat mme ba mmontsha dikgakololo dingwe tse di molemo tsa Baebele. Pat o ne a nteletsa a bo a mpotsa gore a nka rata go kopanela le ene fa a ntse a ithuta Baebele le Basupi. Go ise go ye kae, re ne ra ithuta gore go itumedisa Modimo, re tshwanetse go kwadisa lenyalo la rona semolao. Seo se ne se lebega se le thata ka gonne kamano ya rona e ne e ntse e reketla.

“Re ne re batla go itse mo go oketsegileng ka go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, lebaka la go bo go na le pogo le se Bogosi jwa Modimo bo se kayang. Ka bonya ka bonya, re ne ra lemoga gore Modimo o amega ka rona mme re ne re batla go dira se a se buang. Re ne ra nyalana. Kgakololo e e mosola e e mo Lefokong la Modimo e ile ya re thusa go godisa bana ba rona ba bararo. Re tlhomamisegile gore Jehofa o ile a utlwa dithapelo tsa rona.”

Itshekatshekele Bosupi

Jaaka batho ba bangwe ba ba dimilione, batho ba ba nopotsweng mo setlhogong seno ga ba a ka ba tsiediwa ke bodumedi jwa maaka mme ba ne ba lemoga gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo. A o etse tlhoko gore mo kgannyeng nngwe le nngwe batho bano ba ile ba tlhatswega pelo gore ruri Jehofa o utlwa dithapelo ka gonne ba ne ba tlhaloganya Baebele sentle?

A o ka rata go sekaseka bosupi jwa gore Modimo o teng? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go itse boammaaruri ka ga Jehofa le kafa o ka atamalanang le “Moutlwi wa thapelo” ka teng.—Pesalema 65:2.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka botlhokwa jwa thekololo ya loso lwa ga Jesu, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 12 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

“Fa ke simolola go tlhaloganya boikaelelo jwa ga Jehofa, ke ne ka mo tsaya e le motho wa mmatota, mongwe yo ke neng nka gololesega go bua le ene ka thapelo”

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tumelo ya mmatota e theilwe mo bosuping le mo go eletseng go itse boammaaruri ka Modimo