Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Batla Gore Baobamedi Ba Gagwe ba Nyale Fela Badumedi ka Bone?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Batla Gore Baobamedi Ba Gagwe ba Nyale Fela Badumedi ka Bone?

▪ Molao o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele o ne o akaretsa taelo eno e e malebana le batho ba ditšhaba tse di neng di ba dikologile: “O se ka wa dira kgolagano epe ya lenyalo le bone. O se ka wa naya morwaabone morwadio, e bile o se ka wa tseela morwao morwadiabone.” (Duteronome 7:3, 4) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba thibelwa go dira jalo?

Jehofa o ne a itse gore Satane o batla go dira gore batho ba gagwe botlhe ba tlole molao wa gagwe ka go obamela medimo ya maaka. Ka jalo, Modimo o ne a tswelela ka go tlhagisa gore batho ba ba neng ba sa dumele mo Modimong wa boammaaruri ba “tla faposa morwao mo go ntshaleng morago, mme ba tla direla medimo e mengwe.” Seno se ne se tla ba ama ka tsela e e masisi. Fa setšhaba sa Iseraele se ne se ka direla medimo e mengwe, Modimo o ne a ka se tlhole a ba amogela le go ba sireletsa mme ba ne ba tla tlhaselwa motlhofo ke baba ba bone. Ka jalo Mesia yo o solofeditsweng o ne a tla tlhaga jang mo setšhabeng seno? Go bonala sentle gore Satane o ne a na le lebaka la go raela Baiseraele gore ba nyale batho ba ba sa dumeleng mo Modimong wa boammaaruri.

Gakologelwa gore Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa batho ba gagwe. O ne a itse gore boitumelo le boitekanelo jwa mongwe le mongwe wa bone bo ne bo ikaegile ka kamano e e gaufi e ba neng ba na le yone le ene, e bong Modimo wa bone. A go ne go na le lebaka le le utlwalang la gore Jehofa a tshwenyege ka tlhotlheletso e e kotsi e motho yo o sa dumeleng mo Modimong wa boammaaruri a neng a ka nna le yone? Akanya ka se se neng sa diragalela Kgosi Solomone. O ne a itse ka tlhagiso ya ga Jehofa malebana le basadi ba ba sa dumeleng: “Ba tla faposa dipelo tsa lona gore di sale medimo ya bone morago.” E re ka e ne e le monna yo o botlhale thata, gongwe o ne a akanya gore o ne a sa tlhoke kgakololo ya Modimo le gore e ne e sa mo ame. O ne a e itlhokomolosa. Go ne ga felela ka eng? “Basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe ka iketlo . . . gore e sale medimo e sele morago.” A masetlapelo ruri! Jehofa o ne a se ka a tlhola a amogela Solomone mme batho ba gagwe ba ne ba kgaoganngwa ka ntlha ya go sa ikanyege ga gagwe.—1 Dikgosi 11:2-4, 9-13.

Bangwe ba ka nna ba bolela gore taelo eno e ne e sa dire mo maemong otlhe. Ka sekai, Mahelone wa Moiseraele o ne a nyala Ruthe wa Momoabe yo o neng a na le tumelo e e tlhomologileng. Le fa go ntse jalo, go nyala basadi ba Bamoabe e ne e le selo se se kotsi. Mahelone ga a akgolelwe go bo a ile a nyala mosetsana wa Momoabe; o ile a swa a sa le mosha, gongwe le e leng pele ga Ruthe a nna moobamedi wa ga Jehofa. Morwarraagwe Mahelone e bong Kilione o ne a nyala Orepa wa Momoabe, yo o neng a tswelela a obamela ‘medimo ya gagwe.’ Ka fa letlhakoreng le lengwe, Boase o ne a nyala Ruthe morago ga dingwaga di le dintsi a sena go nna modumedi. Tota e bile, moragonyana Bajuda ba ne ba mo tsaya e le “mosokologi yo o feletseng.” Lenyalo la ga Ruthe le Boase e ne ya nna tshegofatso mo go bone boobabedi.—Ruthe 1:4, 5, 15-17; 4:13-17.

Ka jalo, a go a utlwala go bolela gore ka tsela nngwe sekai sa ga Mahelone le Ruthe se ganetsana le kgakololo ya ga Jehofa ya go nyala fela badumedi mmogo? Gone mme, a go akanya ka tsela eo ga go tshwane le go bua gore go betšha ke tsela e e siameng ya go itshedisa fela ka go bo o bone motho yo o betšhang a gapile madi a mantsi?

Baebele e kgothaletsa Bakeresete gompieno gore ba nyale “mo Moreneng fela.” E ba tlhagisa gore ba se ka ba “pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng.” Kgakololo eno e lebisitswe mo Bakereseteng ba boammaaruri ba ba batlang molekane wa lenyalo. Gape Baebele e naya batho ba ba setseng ba nyalane le batho ba ba sa dumeleng kgakololo e e mosola malebana le kafa ba ka lebanang ka katlego ka gone le seemo se ba leng mo go sone gone jaanong. (1 Bakorintha 7:12-16, 39; 2 Bakorintha 6:14) Dikgakololo tseno di bontsha gore Jehofa Modimo, Mosimolodi wa lenyalo, o batla gore rona baobamedi ba gagwe re itumele—re ka tswa re le mo lenyalong kgotsa re se mo go lone.