Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Moutlwi wa Thapelo a Letlelela Pogo?

Ke ka Ntlha Yang fa Moutlwi wa Thapelo a Letlelela Pogo?

Ke ka Ntlha Yang fa Moutlwi wa Thapelo a Letlelela Pogo?

LE FA batho bangwe ba ka tswa ba rapela, ba belaela gore Modimo o teng. Ke eng fa ba belaela? Gongwe ke ka gonne ba bona go tletse pogo mo lefatsheng. A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo?

A tota Modimo o bopile batho gore ba nne jaaka ba ntse gone jaanong—ba sa itekanela e bile ba boga? Re ne re ka se tlotle modimo yo o batlang gore batho ba boge. Mme akanya ka seno: Fa o ne o tsamaya go dikologa koloi e ntšha e e go kgatlhang, o bo o fitlhela gore letlhakore la yone le lengwe le senyegile, a o ne o ka tsaya gore modiri wa yone o e dirile jalo? Le e seng! O ne o tla tsaya gore modiri wa yone o e dirile e siame mme mongwe kgotsa sengwe se e sentse.

Ka tsela e e tshwanang, fa re kgatlhiwa ke thulaganyo le tsela e dilo tsa tlholego di dirilweng ka yone re bo re lemoga tlhakatlhakano le boferefere jo bo bakelang batho mathata, re tshwanetse go swetsa ka goreng? Baebele e ruta gore Modimo o bopile batho ba ntlha ba babedi ba itekanetse mme moragonyana bone ka bobone ba dira gore ba nne le bogole. (Duteronome 32:4, 5) Se se itumedisang ke gore Modimo o solofeditse gore o tla dirolola bogole joo—a dira gore batho ba ba kutlo ba boe ba itekanele gape. Mme gone ke ka ntlha yang fa a tsere lobaka lo loleele jaana?

Ke ka Ntlha Yang fa a Tsere Lobaka Jaana?

Lebaka la gone le amana le kgang ya gore ke mang yo o tshwanetseng go busa batho. E ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa gore batho ba ipuse. O ne a tla nna Mmusi wa bone. Baebele ka boyone ya re: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ka maswabi, batho ba ntlha ba ile ba tlhopha go tsuologela bolaodi jwa Modimo. Go dira se se seng kafa molaong go ne ga dira gore ba nne baleofi. (1 Johane 3:4) Ka ntlha ya seo, ba ne ba sa tlhole ba itekanetse mme seo sa dira gore bone le bana ba bone ba nne le bogole.

Ka dingwaga di le diketekete, Jehofa o ile a letlelela batho go ipusa mme hisitori e bontshitse gore batho ga ba kgone go ipusa. E bontsha gore dipuso tsotlhe tsa batho di baka pogo. Ga go epe ya tsone e e kileng ya fedisa ntwa, bokebekwa, tshiamololo kgotsa bolwetse.

Modimo o Tla Baakanya Maemo Jang?

Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae Modimo o tla tlisa lefatshe le lesha la tshiamo. (2 Petere 3:13) Batho ba ba itlhophelang go ratana le go rata Modimo ke bone fela ba ba tla letlelelwang go nna mo go lone.—Duteronome 30:15, 16, 19, 20.

Gape Baebele ya re mo “letsatsing la katlholo” le le atamelang ka bonako, Modimo o tla fedisa pogo le batho ba ba e bakang. (2 Petere 3:7) Morago ga foo, Mmusi yo Modimo a mo tlhomileng e bong Jesu Keresete, o tla busa batho ba ba kutlo. (Daniele 7:13, 14) Puso ya ga Jesu e tla dira eng? Baebele ya re: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

E re ka Jesu e le Kgosi ya kwa legodimong, o tla fedisa tshenyo—go akaretsa le bolwetse, botsofe le loso—e e nnileng teng fa batho ba ne ba tsuologela Jehofa “motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Jesu o tla fodisa batho botlhe ba ba amogelang bolaodi jwa gagwe jo bo lorato. Mo pusong ya gagwe, ditsholofetso tseno tsa Baebele di tla diragadiwa:

▪ “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’ Batho ba ba nnang mo lefatsheng ba tla bo ba itshwaretswe tlolo ya bone.”—Isaia 33:24.

▪ “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

A ga go gomotse go itse gore go ise go ye kae, Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go fedisa pogo yotlhe? Fa re ntse re letile seo, ga re a tshwanela go felelwa ke tsholofelo ya gore o utlwa dithapelo tsa rona le fa gone jaanong a letlelela pogo.

Modimo o teng. O kgona go go utlwa, tota le fa o mmolelela ka khutsafalo le kutlobotlhoko ya gago. Gape o batla go go bona o tshela go fitlha ka nako ya fa dipelaelo tsa gago tsotlhe le kutlobotlhoko ya gago yotlhe di fela.