Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Tumelo ya Bone

“Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”

“Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”

RUTHE o tsamaya go bapa le Naomi mo tseleng e e kgabaganyang dipoa tsa Moabe tse di tsholetsegileng tse di ratiwang ke diphefo. Ba ne ba le bosi fela jaanong, mme ba lebega jaaka meritinyana e mebedi mo nageng e kgolo. Akanya Ruthe a lemoga gore letsatsi le setse le phirima, o leba matsalaagwe mme o ipotsa gore a ga se nako ya go batla lefelo le ba tla latsang tlhogo kwa go lone. O rata Naomi fela thata mme a ka dira sotlhe se a ka se kgonang go mo tlhokomela.

Basadi bano ba babedi ba mo khutsafalong e e seng kana ka sepe. E setse e le dingwaga di le dintsi Naomi e le motlholagadi, mme bosheng jaana o sa tswa go welwa ke masetlapelo a mangwe—loso lwa bomorwawe ba babedi, Kilione le Mahelone. Ruthe le ene o mo khutsafalong. Mahelone e ne e le monna wa gagwe. Ene le Naomi ba ne ba lebile kwa lefelong le le tshwanang, kwa motseng wa Bethelehema kwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, ba ne ba leba loeto lwa bone ka tsela e e sa tshwaneng. Naomi o ne a ya gae. Ruthe o ne a ya kwa lefelong le a neng a sa le itse, a tlogela ba losika, nagagae ya gagabo le dingwao tsotlhe tsa yone—go akaretsa le medimo ya yone.—Ruthe 1:3-6.

Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa mosadi yono yo mosha go dira phetogo e kgolo jalo? Ruthe o ne a tla kgona jang go simolola botshelo jo bosha le go tlhokomela Naomi? Go itse dikarabo tsa dipotso tseno go tla re thusa go etsa tumelo ya ga Ruthe wa Momoabe. Sa ntlha, mma re bone gore go tlile jang gore basadi bano ba babedi ba bo ba ya kwa Bethelehema.

Lelapa le Kgaoganngwa ke Masetlapelo

Ruthe o goletse kwa Moabe, naga e nnye e e kwa botlhaba jwa Lewatle le le Suleng. Kgaolo eno e ne e na le ditlhaba tse di katoganeng tse di nang le ditlhare mme go na le melapo e e boteng e e kgabaganyang mo go tsone. Gantsi ‘masimo a Moabe’ a ne a na le mmu o o nonneng tota le fa Iseraele e ne e wetswe ke leuba. Tota e bile leo e ka tswa e le lone lebaka le le dirileng gore Ruthe a kopane le Mahelone le lelapa la gagabo.—Ruthe 1:1.

Ka ntlha ya leuba la kwa Iseraele, monna wa ga Naomi e bong Elimeleke o ne a swetsa ka gore a fuduge mo nagagaeng ya bone le mosadi wa gagwe le bomorwawe ba babedi mme ba ye go nna kwa Moabe e le batswakwa. Go fuduga go ka tswa go ne ga tlisetsa mongwe le mongwe mo lelapeng leno dikgwetlho tse di lekang tumelo ka gonne Baiseraele ba ne ba tshwanetse go obamela ka metlha kwa lefelong le le boitshepo le Jehofa a neng a le ba laoletse. (Duteronome 16:16, 17) Naomi o ne a boloka tumelo ya gagwe e nonofile. Le fa go ntse jalo, o ne a hutsafala fela thata fa monna wa gagwe a tlhokafala.—Ruthe 1:2, 3.

A ka tswa a ile a utlwa botlhoko gape moragonyana fa bomorwawe ba ne ba nyala basadi ba Bamoabe. (Ruthe 1:4) Naomi o ne a itse gore rremogologolwane wa setšhaba sa gagabo e bong Aborahame, o ne a tsaya matsapa go bonela morwawe e bong Isake mosadi mo bathong ba gagabo ba ba neng ba obamela Jehofa. (Genesise 24:3, 4) Moragonyana, Molao wa ga Moshe o ne wa tlhagisa Baiseraele gore ba se ka ba letla bomorwaabone le bomorwadiabone ba nyalana le batswakwa gore batho ba Modimo ba se ka ba faposiwa gore ba obamele medingwana.—Duteronome 7:3, 4. *

Le fa go ntse jalo, Mahelone le Kilione ba ne ba nyala basadi ba Bamoabe. Fa e le gore Naomi o ne a tshwenyegile kgotsa a kgobegile marapo, go lebega a ile a tlhomamisa gore o bontsha dingwetsi tsa gagwe e bong Ruthe le Orepa lorato le bopelonomi jwa mmatota. Gongwe a dira jalo ka tsholofelo ya gore ka letsatsi lengwe ba ne ba tla nna baobamedi ba ga Jehofa jaaka ene. Mme gone, Ruthe le Orepa ba ne ba rata Naomi. Kamano e e molemo e ba neng ba na le yone e ne ya ba thusa fa ba welwa ke masetlapelo. Basadi bano ba basha ba ne ba nna batlholagadi pele ope wa bone a ka tshola ngwana.—Ruthe 1:5.

A bodumedi jo Ruthe a godiseditsweng mo go jone bo ne jwa mo thusa go lebana le masetlapelo ao? Ga go lebege jalo. Bamoabe ba ne ba obamela medingwana e le mentsi, yo mogolo mo go yone e le Kemoshe. (Dipalo 21:29) Go lebega bodumedi jwa Bamoabe le jone bo ne bo dira dilo tse di setlhogo le tse di tshosang tse di neng di dirwa mo motlheng oo, tse di akaretsang go dira ditlhabelo ka bana. Sengwe le sengwe se Ruthe a neng a se ithuta mo go Mahelone kgotsa mo go Naomi ka Modimo wa Iseraele yo o lorato le yo o kutlwelobotlhoko e bong Jehofa, o ne a se fitlhela se farologane thata le se ene a neng a se tlwaetse. Jehofa o ne a laola batho ka lorato, e seng ka bosetlhogo! (Duteronome 6:5) Fa Ruthe a le mo kutlobotlhokong, o tshwanetse a bo a ile a atamalana thata le Naomi a bo a iketleeletsa go reetsa fa mosadi yono yo o godileng a mmolelela ka Modimo mothatayotlhe e bong Jehofa, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang le tsela e e lorato le e e pelotlhomogi e a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone.

Naomi ene o ne a swegaswega pelo go itse se se diregang kwa nagagaeng ya gagabo. Ka letsatsi lengwe o ne a utlwalela gore leuba la kwa Iseraele le ne le fedile, gongwe a boleletswe ke mogwebi yo o tsamayang. Jehofa o ne a simolotse go thusa batho ba gagwe gape. Bethelehema e ne ya boa ya nna se leina la yone le se kayang e leng “Ntlo ya Senkgwe.” Naomi o ne a swetsa ka gore a boele gae.—Ruthe 1:6.

Ruthe le Orepa ba ne ba tla dira eng? (Ruthe 1:7) Ka nako ya fa ba ne ba lebane le mathata ba ne ba atamalana le Naomi fela thata. Go lebega Ruthe ene a ne a amiwa thata ke bopelonomi jwa ga Naomi le tumelo ya gagwe e e nitameng mo go Jehofa. Batlholagadi bano ba bararo ba ne ba tsamaya mmogo ba lebile kwa Juda.

Pego eno ya ga Ruthe e re gopotsa gore masetlapelo le go swelwa go diragalela batho ba ba siameng le ba ba ikanyegang mmogo le batho ba ba bosula. (Moreri 9:2, 11) Gape e re bontsha gore fa re utlwisitswe botlhoko ke go swelwa, re tla bo re le botlhale fa re batla kgomotso mo bathong ba bangwe—segolobogolo ba ba dirang gore Jehofa, Modimo yo Naomi a neng a mo obamela, e nne botshabelo jwa bone.—Diane 17:17.

Lorato Lwa ga Ruthe lo lo Ikanyegang

Fa batlholagadi bano ba bararo ba setse ba tsamaile dikilometara di le dintsi, go na le selo se sengwe gape se Naomi a neng a simolola go tshwenyega ka sone. O ne a simolola go akanya ka basadi bano ba basha ba a tsamayang le bone le ka lorato lo ba lo bontshitseng ene le bomorwawe. O ne a sa batle go ba okeletsa mathata. Fa ba ne ba tlogela nagagae ya bone ba tsamaya le ene, o ne a tla ba direla eng kwa Bethelehema?

Kgabagare, Naomi o ne a ba raya a re: “Tsamayang, boang, mongwe le mongwe a ye kwa ntlong ya ga mmaagwe. E kete Jehofa a ka lo direla bopelonomi jwa lorato, fela jaaka lo bo diretse banna ba jaanong ba suleng, lwa ba lwa bo direla le nna.” Gape o ne a bontsha gore o na le tsholofelo ya gore Jehofa o ne a tla ba segofatsa ka banna ba bangwe le botshelo jo bo botoka. Pego eno ya re: “Go tswa foo a ba atla, mme ba tsholetsa mantswe a bone ba lela.” Go motlhofo go bona lebaka la go bo Ruthe le Orepa ba ne ba atamalane le mosadi yono yo o pelonomi e bile a se pelotshetlha. Boobabedi ba ne ba nna ba re: “Nnyaa, re tla boela le wena kwa bathong ba gaeno.”—Ruthe 1:8-10.

Le fa go ntse jalo, Naomi o ne a ka se fetolwe mogopolo motlhofo fela. O ne a ba bolelela a tiisitse gore go ne go se na sepe se a neng a ka ba direla sone kwa Iseraele ka gonne o ne a se na monna yo o tla mo tlamelang, a se na barwa ba ba neng ba tla ba nyala e bile go se na tsholofelo ya gore dilo tseno di tla tsamaya di direga. O ne a ba bolelela gore o ne a tla utlwisiwa botlhoko ke go bo a ne a ka se kgone go ba tlhokomela.—Ruthe 1:11-13.

Orepa o ne a lemoga gore se Naomi a neng a se bua se ne se le boammaaruri. Kwa Moabe go ne go na le lelapa la gagabo, mmaagwe le legae le a neng a tla nna kwa go lone. Go ne go lebega go utlwala gore a sale kwa Moabe. Ka jalo, o ne a atla Naomi a hutsafetse, a bo a tsamaya.—Ruthe 1:14.

Mme go tweng ka Ruthe? Se Naomi a neng a se bua le ene se ne se mo ama. Le fa go ntse jalo, re bala jaana: “Ruthe ene, a mo ngaparela.” Gongwe Naomi o ne a simolotse go tsamaya gape fa a lemoga gore Ruthe o ne a tla a mo setse morago. O ne a mo thibela: “Bona! Mogokao wa motlholagadi o boetse kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe. Boa le mogokao wa motlholagadi.” (Ruthe 1:15) Mafoko a ga Naomi a senolela mmadi sengwe sa botlhokwa. Orepa o ne a sa boela kwa bathong ba gagabo fela mme gape o ne a boetse kwa “medimong ya gagwe.” O ne a kgotsofaletse go tswelela a obamela Kemoshe le medingwana e mengwe ya maaka. A Ruthe le ene o ne a ikutlwa jalo?

Fa Ruthe a ntse a lebile Naomi mo tseleng eo e e neng e se na ope, o ne a se na dipelaelo dipe ka tshwetso e a neng a e dirile. O ne a rata Naomi fela thata—le Modimo yo Naomi a neng a mo direla. Ka jalo, o ne a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe ke lese go tsamaya le wena; ka gonne kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o lalang gone bosigo ke tla lala gone. Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me. Kwa o swelang gone ke tla swela gone, mme ke gone kwa ke tla fitlhelwang gone. E kete Jehofa a ka ntirela jalo a ba a oketsa fa nna le wena re ka kgaoganngwa ke loso fela.”—Ruthe 1:16, 17.

Mafoko a ga Ruthe a tlhomologile—mo e leng gore morago ga dingwaga di le 3 000 a tlhokafetse batho ba sa ntse ba itse se a ileng a se bua. A bontsha sentle nonofo e e molemo e leng lorato lo lo ikanyegang. Lorato lwa ga Ruthe lo ne lo nonofile e bile lo ikanyega mo e leng gore o ne a nna a tsamaya le Naomi gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone. Ba ne ba ka kgaoganngwa ke loso fela. Batho ba gaabo Naomi e ne e tla nna batho ba gagabo ka gonne Ruthe o ne a iketleeleditse go tlogela sengwe le sengwe se a neng a se tlwaetse kwa Moabe—le e leng medingwana ya Bamoabe. Go farologana le Orepa, Ruthe ene o ne ka bua go tswa pelong gore o batla gore Modimo wa ga Naomi e bong Jehofa e nne Modimo wa gagwe. *

Jaanong ba ne ba tswelela ka loeto lwa bone lo loleele ba le babedi fela ba ya Bethelehema. Go ya ka phopholetso nngwe, loeto lono lo ka tswa lo ile lwa tsaya beke yotlhe. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse ba bo ba ne ba gomotsana mo khutsafalong ya bone.

Batho ba le bantsi mo lefatsheng gompieno ba a hutsafala. Mo metlheng e re tshelang mo go yone e Baebele e reng ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone” re lebana le masetlapelo a mantsi le khutsafalo. (2 Timotheo 3:1) Ka jalo, nonofo e re e bonang mo go Ruthe e botlhokwa thata. Lorato lo lo ikanyegang—mofuta wa lorato lo lo kgomarelang selo se lo se ratang lo lo ganang go tlogela go rata selo seo—lo botlhokwa mo lefatsheng leno le le tletseng mathata. Re tshwanetse go lo bontsha mo lenyalong, mo go ba lelapa, mo ditsaleng le mo phuthegong ya Bokeresete. Fa re nna le lorato lo lo ntseng jalo, re etsa sekao se se molemo sa ga Ruthe.

Ruthe le Naomi Kwa Bethelehema

Gone ke boammaaruri gore, go bua fela o re o na le lorato lo lo ikanyegang go farologana le go lo bontsha ka ditiro. Ruthe o ne a nna le tshono ya go bontsha lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang e seng fela mo go Naomi mme le mo Modimong yo a neng a tlhopha gore e nne Modimo wa gagwe e bong Jehofa.

Kgabagare basadi bano ba babedi ba ne ba goroga kwa Bethelehema, motse o o bokgakala jwa dikilometara di ka nna lesome go tswa kwa Jerusalema kwa ntlheng e e kwa borwa. Go lebega Naomi le ba lelapa la gagwe ba ne ba itsege thata mo motseng ono o monnye ka gonne mongwe le mongwe o ne a bua ka go boa ga gagwe. Basadi ba koo ba ne ba nnela go mo keleka ba bo ba re, “A yo ke ene Naomi?” Go bonala tsela e a neng a lebega ka yone e ne e fetogile thata go na le kafa a neng a lebega ka teng fa a ne a ya kwa Moabe; tsela e a neng a tsamaya ka yone le sefatlhego sa gagwe di ne di bontsha gore o ne a lebana le khutsafalo le tshotlego ka dingwaga di le dintsi.—Ruthe 1:19.

Naomi o ne a bolelela basadi ba e neng e le ba losika lwa gagwe le batho ba mo dingwageng tse di fetileng e neng e le baagelani ba gagwe kafa botshelo jwa gagwe bo neng bo setse bo utlwisa botlhoko ka gone. E bile o ne a bona go le botoka gore a se ka a tlhola a bidiwa Naomi mo go kayang “Boitumelo Jwa Me” mme a bidiwe Mara mo go kayang “Botlhoko.” Ao, Naomi wa batho! Fela jaaka Jobe yo o neng a tshela pele ga gagwe, Naomi o ne a akanya gore Jehofa Modimo ke ene a mmaketseng mathata.—Ruthe 1:20, 21; Jobe 2:10; 13:24-26.

Fa basadi bano ba babedi ba ntse ba tlwaela botshelo jwa kwa Bethelehema, Ruthe o ne a simolola go akanya ka ditsela tsa go itlamela mmogo le go tlamela Naomi. O ne a utlwela ka Molao o Jehofa a neng a o file batho ba gagwe kwa Iseraele o o neng o akaretsa thulaganyo e e lorato e e neng e thusa bahumanegi. Ba ne ba letlelelwa go tsena mo masimong ka nako ya thobo ba bo ba tsamaya ka fa morago ga barobi, ba ronopa se se salang mo tshimong le go roba se se neng se gola mo dintlheng tsa tshimo. *Lefitiko 19:9, 10; Duteronome 24:19-21.

E ne e le nako ya thobo ya barele, gongwe e le kgwedi ya April mo khalendareng ya rona ya segompieno mme Ruthe o ne a ya kwa masimong go ya go bona gore ke mang yo o tla mo letlang go bereka go ya ka thulaganyo ya go ronopa. O ne a iphitlhela a le mo masimong a monna mongwe yo o bidiwang Boase, mong wa naga yo o humileng yo gape e neng e le mongwe wa losika lwa ga Elimeleke monna wa ga Naomi yo o neng a sule. Le fa Molao o ne o mo letla go ronopa, ga a ka a tsaya dilo motlhofo; o ne a kopa tetla ya go ronopa mo lekawaneng le le neng le okametse barobi. O ne a mo naya tetla mme Ruthe a tsena mo tirong.—Ruthe 1:22–2:3, 7.

Akanya Ruthe a ntse a tsamaya ka fa morago ga barobi. Fa ba ntse ba sega barele ka disekele tsa bone tsa legweka, o a inama gore a sele se se wang mo go bone kgotsa se ba se tlogetseng, a bo a phutha ditlhaka go nna dingata, go tswa foo a ba a di isa kwa lefelong le a ka di phothang moragonyana. E ne e le tiro e e tsayang lobaka, e e lapisang mme e ne e nna thata le go feta fa letsatsi le ntse le tsamaya. Le fa go ntse jalo, Ruthe o ne a tswelela a bereka, a emisa fela go phimola mofufutso mo phatleng le go ja dijo tsa motshegare tse di motlhofo mo “ntlong”—gongwe lefelo le le diretsweng go direla badiri moriti.

Go ka direga gore Ruthe o ne a sa akanye gore o lebilwe e bile a sa solofela seo—mme o ne a lebilwe. Boase o ne a mmona mme a botsa lekau le le okametseng gore ke mang. Monna yo o nang le tumelo e e tlhomologileng e bong Boase o ne a dumedisa badiri ba gagwe—ba bangwe ba bone e neng e ka tswa e le batho ba ba berekang ka letsatsi le lengwe fela kgotsa e le batswakwa—ka mafoko a a reng: “Jehofa a nne le lona.” Mme le bone ba ne ba mo dumedisa jalo. Monna yono yo o godileng yo o neng a rata Jehofa o ne a simolola go amega ka Ruthe jaaka rre.—Ruthe 2:4-7.

Boase o ne a bitsa Ruthe a re “morwadiaka,” fa a mmolela gore a nne a tle mo masimong a gagwe go tla go ronopa mme a nne gaufi le barweetsana ba ntlo ya gagwe gore a se ka a tshwenngwa ke banna ba ba berekang mo tshimong. O ne a tlhomamisa gore Ruthe o na le dijo tse a ka di jang ka nako ya dijo tsa motshegare. Mme se se botlhokwa le go feta, o ne a leka go mo akgola le go mo kgothatsa. Ka ntlha yang?—Ruthe 2:8, 9, 14.

Fa Ruthe a botsa Boase gore ke eng se ene yo e leng motswakwa a se dirileng se se dirang gore a mo direle molemo jaana, o ne a araba ka gore o utlwile ka sengwe le sengwe se a se diretseng matsalaagwe e bong Naomi. Go ka direga gore Naomi o ne a bua Ruthe molemo mo basading ba kwa Bethelehema mme seo sa fitlha le kwa go Boase. Gape o ne a itse gore Ruthe o ne a simolotse go obamela Jehofa, ka gonne o ne a re: “E kete Jehofa a ka duela tsela e o dirang ka yone, mme e kete o ka nna le tuelo e e feletseng go tswa kwa go Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o tlileng go senka botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa gagwe.”—Ruthe 2:12.

A bo mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a kgothatsa Ruthe jang ne! O ne a dirile tshwetso ya go senka botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa ga Jehofa, mme jaaka lemphorwana o ne a ntse ka pabalesego gaufi le motsadi yo o mo sireletsang. O ne a leboga Boase go bo a ile a bua le ene ka tsela e e gomotsang. Mme o ne a tswelela a bereka go fitlha maitseboa.—Ruthe 2:13, 17.

Tumelo e Ruthe a e bontshitseng ka ditiro ke sekao se se molemo mo go rona rotlhe gompieno ba re lebaneng le mathata mo metlheng eno e e thata ya ikonomi. O ne a sa lebelela go amogela sepe mo bathong ba bangwe, ka jalo o ne a anaanela sengwe le sengwe se a neng a se newa. O ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke go bereka lobaka lo loleele e bile a bereka ka natla go tlhokomela motho yo a mo ratang, tota le fa tiro eo e ne e le ya maemo a a kwa tlase. Ka boitumelo o ne a amogela le go dirisa kgakololo ya gore a ka bereka jang a sireletsegile e bile a bereka le batho ba ba siameng. Sa botlhokwa le go feta, le ka motlha ga a ise a ko a lebale botshabelo jwa gagwe jwa mmatota—Rraagwe yo o neng a mo sireletsa e bong Jehofa Modimo.

Fa re bontsha lorato lo lo ikanyegang jaaka Ruthe mme re latela sekao sa gagwe sa go nna boikokobetso, go dira ka natla le go bontsha kanaanelo, re tla lemoga gore le rona tumelo ya rona e tla nna sekao se se molemo mo go ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlamela Ruthe le Naomi jang? Re tla tlotla ka seo mo motseletseleng wa ditlhogo tse di tla tlang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 22 Re ka ela tlhoko gore Ruthe ga a ka a dirisa fela sereto “Modimo” jaaka batswakwa ba le bantsi ba ne ba ka dira; gape o ne a dirisa leina la Modimo, Jehofa. The Interpreter’s Bible ya re: “Ka jalo mokwadi o gatelela gore motswakwa yono e ne e le molatedi wa Modimo wa boammaaruri.”

^ ser. 29 E ne e le molao o o tlhomologileng, e le sengwe se Ruthe a neng a sa se tlwaela kwa nagagaeng ya gagabo. Mo motlheng oo, kwa Botlhabagare jwa bogologolo batlholagadi ba ne ba sa tshwarwe sentle. Buka nngwe ya re: “Fa monna wa gagwe a sena go swa, gantsi motlholagadi o ne a tla ikaega ka bomorwawe gore ba mo tlamele; fa a se na bana, o ne a tla tshwanelwa ke go ithekisa go nna lekgoba, go gweba ka mmele kgotsa go swa.”

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Buka e Nnye e e Kwadilweng ka Botswerere

Buka ya ga Ruthe e ile ya tlhalosiwa e le letlotlo le lennye, buka e nnye e e kwadilweng ka botswerere. Boammaaruri ke gore buka eno ga e na tshedimosetso e e kana ka e e mo bukeng ya Baatlhodi, e e tlang pele ga yone e e re thusang go itse gore dilo tseno di diragetse leng. (Ruthe 1:1) Go bonala dibuka tseno ka bobedi di kwadilwe ke moporofeti Samuele. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o bala Baebele, o ka dumela gore buka ya Ruthe e tsentswe sentle mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele. Fa o sena go bala ka dintwa, ditlhaselo le kafa batho ba ileng ba iphemela ka teng mo ditlhaselong tse go kwadilweng ka tsone mo bukeng ya Baatlhodi, o tla mo bukeng e nnye eno e e re gakololang gore le ka motlha Jehofa ga a ke a lebala batho ba ba lebanang le mathata a letsatsi le letsatsi. Tiragalo eno e e sa raraanang e re ruta thuto e e ka re solegelang molemo rotlhe e e malebana le lorato, go swelwa, tumelo le go ikanyega.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ruthe o ne a atamalana le Naomi fela thata ka nako ya khutsafalo le ya masetlapelo

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

“Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me”

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ruthe o ne a iketleeleditse go dira tiro e e boima ya maemo a a kwa tlase gore a tlamele ene le Naomi