Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moutlwi wa Thapelo ke Mang?

Moutlwi wa Thapelo ke Mang?

Moutlwi wa Thapelo ke Mang?

FA E le gore go na le Moutlwi wa thapelo, e tshwanetse ya bo e le Mmopi. Ke mang yo o ka kgonang go itse se o se akanyang fa e se ene yo o dirileng boboko jwa motho? Tota ke mang yo o ka arabang dithapelo tsa batho a bo a ba naya dilo tse ba di tlhokang? Mme o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A go a utlwala go dumela gore go na le Mmopi?’

Batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho a dumela gore go na le Mmopi, o tshwanetse a bo a ganetsa bosupi jwa saense ya gompieno. Mme kgopolo ya gore go dumela mo Modimong ga go dumalane le saense tota ga e boammaaruri. Ela tlhoko se se latelang.

▪ Mo patlisisong nngwe e e dirilweng mo go boporofesa ba saense ba le 1 646 kwa diyunibesithing di le 21 tsa maemo kwa United States, go ne ga fitlhelwa gore a le mongwe fela mo go ba bararo o ne a tlhopha polelwana e e reng “Ga ke dumele mo Modimong” go tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone.

Ntlha ke gore baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore Modimo o teng.

Bosupi Jwa Gore Go na Le Mmopi

A re tshwanetse go dumela gore go na le Moutlwi wa thapelo le fa re se na bosupi? Nnyaa le e seng. Kgopolo ya gore tumelo e kaya go dumela o se na bosupi ga e boammaaruri. Baebele e tlhalosa gore tumelo ke “pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Thanolo e nngwe ya re tumelo “e re tlhomamisetsa dilo tsa mmatota tse re sa di boneng.” (The New English Bible) Ka sekai, ga o ka ke wa bona makhubu a founo, mme founo ya gago ya selula e go bontsha sentle gore makhubu ao a a sa bonaleng a a fetisang mantswe a teng; ka jalo o a dumela gore makhubu a a ntseng jalo a teng. Ka tsela e e tshwanang, le fa re sa bone Moutlwi wa thapelo re ka sekaseka bosupi jo bo leng teng jo bo ka re tlhomamisetsang gore o teng.

Re ka bona kae bosupi jwa gore Modimo o teng? Re tlhoka fela go leba dilo tse di re dikologileng. Baebele ya re: “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) A o dumalana le mafoko ao a a utlwalang? Gongwe fa o akanya ka tsela e lobopo lo rulagantsweng ka yone, kafa botshelo bo simologileng ka gone kgotsa tsela e selo se se raraaneng go feta dilo tsotlhe mo lefatsheng e leng boboko se dirilweng ka yone, o ka tswa o dumela gore go na le mongwe yo mogolo thata go feta batho. *

Mme popo ga e ka ke ya re ruta sengwe le sengwe ka Modimo. Go lemoga bosupi jwa gore Modimo o teng ka go leba popo, go tshwana le go utlwa dikgato tsa motho yo o tlang mo kgorong e e tswetsweng. O a itse gore go na le motho mo kgorong, mme ke mang? O tshwanetse go bula kgoro go bona gore ke mang. Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang fa re batla go itse Motho yo o bopileng dilo tsotlhe.

Baebele ke kgoro e e isang kwa kitsong ya Modimo. Fa o bula kgoro eo o bo o sekaseka dingwe tsa dipolelelopele tsa yone tse di kwadilweng ka botlalo le go diragadiwa ga tsone, o tla fitlhela bosupi jwa gore Modimo o teng. * Mo godimo ga moo, pego ya kafa Modimo a neng a dirisana le batho ka gone e bontsha gore Moutlwi wa thapelo ke Modimo yo o ntseng jang.

Moutlwi wa Thapelo ke Motho yo o Ntseng Jang?

Baebele e bolela gore Moutlwi wa thapelo ke motho—yo o ka kgonang go mo itse. Ga go pelaelo gore motho ke ene fela yo o kgonang go reetsa le go tlhaloganya. Go a kgothatsa go bala jaana: “Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.” (Pesalema 65:2) O reetsa ba ba mo rapelang ka tumelo. E bile o na le leina. Baebele ya re: “Jehofa o kgakala le baikepi, mme o utlwa thapelo ya basiami.”—Diane 15:29.

Jehofa o na le maikutlo. Ke “Modimo wa lorato” mme o bidiwa “Modimo yo o itumetseng.” (2 Bakorintha 13:11; 1 Timotheo 1:11) Fa Baebele e bolela kafa a neng a ikutlwa ka teng fa bosula bo ne bo aname, ya re: “A utlwa botlhoko mo pelong.” (Genesise 6:5, 6) Kgopolo ya gore Modimo o bakela batho pogo gore a ba leke ga e boammaaruri. Baebele ya re: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo.” (Jobe 34:10) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo ke Mmopi mothatayotlhe, ke eng fa a letlelela gore pogo e tswelele?’

Jehofa o neile batho bokgoni jwa go itlhophela mme seo se re bolelela sengwe malebana le gore Modimo ke motho yo o ntseng jang. A ga re anaanele kgololesego e re nang le yone ya go itlhophela gore re batla go tshela jang? Mme ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba dirise kgololesego ya bone sentle mme ba bakela bone le batho ba bangwe pogo. Jaanong potso e o tlhokang go akanya thata ka yone ke e e reng: Modimo a ka fedisa jang pogo a sa tseele batho kgololesego e ba nang le yone? Re tla sekaseka potso eno mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le bosupi jwa gore Modimo o teng, bona boroutšhara jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking le buka ya Is There a Creator Who Cares About You? tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 10 Boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe le buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, di diretswe go go thusa go sekaseka bosupi jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

A Bodumedi bo Dira Gore o Belaele?

Se se utlwisang botlhoko ke gore, bodumedi ke jone jo bo dirang gore batho ba bantsi ba belaele gore go na le Moutlwi wa thapelo yo o kutlwelobotlhoko. Go nna le seabe ga bodumedi mo ntweng, mo borukhutlhing le go letlelela go sotliwa ga bana, go dirile gore le e leng batho ba ba ratang go rapela ba re, “Ga ke dumele mo Modimong.”

Ke eng fa gantsi bodumedi bo na le tlhotlheletso e e sa siamang? Ka bokhutshwane fela re ka re: Batho ba ba bosula ba dirile dilo tse di bosula ka ntlha ya bodumedi. Baebele e ile ya bolelela pele gore Bokeresete bo ne bo tla dirisediwa go dira dilo tse di sa dumalaneng le thato ya Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a raya balebedi ba Bakeresete a re: “Go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.”—Ditiro 20:29, 30.

Bodumedi jwa maaka bo ferosa Modimo sebete. Tota e bile, Lefoko la Modimo e leng Baebele, la re bodumedi jwa maaka bo na le molato wa “madi . . . a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 18:24) E re ka bodumedi jwa maaka bo paletswe ke go ruta batho ka Modimo wa boammaaruri, yo tota e leng lorato, madumedi ao a na le molato wa madi mo matlhong a Modimo.—1 Johane 4:8.

Moutlwi wa thapelo o utlwela botlhoko batho ba ba gatelelwang ke bodumedi. Go ise go ye kae, tsela e Modimo a ratang batho ka yone e tla dira gore a atlhole baitimokanyi botlhe ba bodumedi a dirisa Jesu. Jesu o ne a re: “Ba le bantsi ba tla nthaya mo letsatsing leo ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago?’ . . . Mme le fa go ntse jalo foo ke tla ba bolelela ke re: Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.”—Mathaio 7:22, 23.