Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota Dikgakgamatso di ka Direga?—Mabaka a Mararo A go Bo batho ba Ganetsa

A Tota Dikgakgamatso di ka Direga?—Mabaka a Mararo A go Bo batho ba Ganetsa

A Tota Dikgakgamatso di ka Direga?—Mabaka a Mararo A go Bo batho ba Ganetsa

LEBAKA 1: Dikgakgamatso di ka se direge ka gonne ga di dumalane le melao ya tlholego. Se re se itseng ka melao ya tlholego se ikaegile ka se baitsesaense ba se lemogileng se direga mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, melao eo e tshwana le melao ya thutapuo—go ka nna le maemo a e sa direng mo go one. Tota e bile re ka tswa re sa tlhaloganye melao eo ya tlholego ka botlalo. (Jobe 38:4) Moitsesaense yo o tlhoafetseng a ka tswa a feditse botshelo jwa gagwe jotlhe a ithuta ka molao mongwe wa tlholego. Mme fa go direga gore molao oo o se ka wa dira ka tsela e go lebeletsweng ka yone mo maemong a mangwe, seo se ka dira gore a sekaseke sesha tsela e a tlhaloganyang molao oo ka yone. Seo se bontsha gore fa batho ba bona tiragalo e le nngwe e ba tsayang gore ga e kgonege e direga, ka bonako fela ba fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone.

Polelo nngwe e e kgatlhang e bontsha kafa go leng motlhofo ka gone go dira tshwetso o ikaegile ka dintlha tse di sa felelang. Polelo eno e e kaga moemedi mongwe wa Mo-Dutch le kgosi ya Siam e ne ya anelwa ke John Locke (1632-1704): Fa moemedi yono a ntse a tlhalosa naga ya gagabo ya Holland, o ne a re ka dinako dingwe tlou e ne e kgona go tsamaya mo godimo ga metsi. Kgosi e ne ya gana kgopolo eo e tsaya gore moemedi yoo o ne a e aketsa. Le fa go ntse jalo, moemedi o ne a bua ka selo se kgosi e neng e ise e tsamaye e se bone se direga. Kgosi ga e a ka ya lemoga gore fa metsi a gatsela a bo a nna kgapetla, tlou e ne e ka kgona go tsamaya mo godimo ga one. Kgosi e ne e akanya gore seo se ne se ka se kgonege ka gonne e sa itse dintlha tsotlhe.

Akanya ka dilo dingwe tse di fitlheletsweng gompieno tse go neng go tsewa gore di ka se kgonege mo masomeng a le mmalwa a dingwaga a a fetileng:

● Sefofane se kgona go tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 900 ka ura se sa eme, se pegile batho ba feta 800 go tloga kwa New York go ya kwa Singapore.

● Mekgwa ya tlhaeletsano e mo go yone go dirisiwang dibidio e kgona go dira gore batho ba dinaga tse di farologaneng ba tlotle ba lebane.

● Didirisiwa dingwe tse dinnye thata tsa eleketeroniki di kgona go boloka dipina di le dintsintsi.

● Dingaka tse di arang di kgona go tsenya dipelo kgotsa dikarolo tse dingwe tsa mmele mo bathong ba bangwe.

Morago ga go sekaseka dintlha tseno re ka swetsa ka goreng? Ka gore: Fa batho ba kgona go dira dilo tse mo dingwageng tse di fetileng go neng go lebega di ka se kgonege, seno se raya gore Modimo yo o dirileng lobopo le dilo tsotlhe tse di mo go lone a ka kgona go dira dilo tse di gakgamatsang tse re ka se kang ra kgona go di tlhaloganya ka botlalo kgotsa tse gone jaanong re ka se kang ra kgona go di dira. *Genesise 18:14; Mathaio 19:26.

LEBAKA 2: Baebele e dirisa dikgakgamatso gore batho ba dumele. Baebele ga e re re dumele dikgakgamatso tsotlhe. Go na le moo, ya re re dire se se farologaneng le seo. Baebele e re tlhagisa ka kotsi ya go ikanya dikgakgamatso le ditshupo tse di maatla. Ela tlhoko tlhagiso eno e e utlwalang sentle: “Go nna gone ga yo o se nang molao go kafa go direng ga ga Satane ka tiro nngwe le nngwe e e maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso le ka tsietso nngwe le nngwe e e sa siamang.”—2 Bathesalonika 2:9, 10.

Gape Jesu Keresete o ne a tlhagisa gore batho ba le bantsi ba ne ba tla ipolela fa e le balatedi ba gagwe mme gone e se balatedi ba gagwe ba mmatota. E bile bangwe ba ne ba tla re: “Morena, Morena, a ga re a ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona le go dira dikgakgamatso di le dintsi ka leina la gago?” (Mathaio 7:22, New International Version) Le fa go ntse jalo, Jesu o rile o ne a tla gana gore batho bao ke balatedi ba gagwe. (Mathaio 7:23) Ka jalo, ga go pelaelo gore Jesu ga a ka a ruta gore dikgakgamatso tsotlhe di tswa kwa Modimong.

Modimo ga a bolelele batho ba ba mo obamelang gore ba theye tumelo ya bone fela mo dikgakgamatsong. Go na le moo, tumelo ya bone e tshwanetse go thewa mo mabakeng a a utlwalang.—Bahebera 11:1.

Ka sekai, mma re sekaseke nngwe ya dikgakgamatso tse di itsegeng thata tse di kwadilweng mo Baebeleng, tsogo ya ga Jesu Keresete. Dingwaga morago ga tiragalo eo, Bakeresete bangwe ba kwa Korintha ba ne ba simolola go belaela kgang ya gore Jesu o ne a tsosiwa. Moaposetoloi Paulo o ne a thusa Bakeresete bao jang? A o ne a ba raya fela a re, “Nnang le tumelo e e oketsegileng”? Nnyaa. Ela tlhoko kafa a neng a ba gopotsa ka gone dintlha tse di itshupileng di le boammaaruri. O ne a re Jesu “o ne a fitlhwa, ee, . . . o tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo; le gore o ne a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi. Morago ga moo o ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone bo sa ntseng bo le gone go fitlha jaanong.”—1 Bakorintha 15:4-8.

A go ne go le botlhokwa gore Bakeresete bao ba dumele mo kgakgamatsong eo? Paulo o tswelela ka gore: “Fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, eleruri go rera ga rona ke ga lefela, le tumelo ya rona ke ya lefela.” (1 Bakorintha 15:14) Paulo o ne a tsaya kgang eno masisi. Kgakgamatso ya go tsosiwa ga ga Jesu e tshwanetse ya bo e ne e le boammaaruri kgotsa e se boammaaruri! Mme Paulo o ne a itse gore e ne e le boammaaruri ka ntlha ya dipego tsa basupi ba le makgolo ba ba boneng ka matlho ba ba neng ba sa ntse ba tshela ka nako eo. Tota e bile, basupi bao ba ba boneng ka matlho ba ne ba iketleeleditse go swa go na le go latola se ba neng ba se bone.—1 Bakorintha 15:17-19.

LEBAKA 3: Dikgakgamatso ke dilo tsa tlholego tse di itiragalelang fela tse batho ba ba sa rutegang ba sa di tlhaloganyeng. Bakanoki bangwe ba re dikgakgamatso tse di mo Baebeleng ke ditiragalo tse di itiragaletseng fela tsa tlholego tse Modimo a sa nnang le seabe mo go tsone. Ba tsaya gore tlhaloso eno e dira gore dipego tse di mo Baebeleng di utlwale di le boammaaruri. Le fa gone e le boammaaruri gore dikgakgamatso dingwe di ka tswa di amana le ditiragalo tsa tlholego—dilo tse di jaaka dithoromo tsa lefatshe, malwetse a leroborobo le go gosomana ga mmu—ditlhaloso tseno di tshwana ka sengwe. Ga di bue sepe ka nako e dikgakgamatso tseo di neng tsa direga ka yone jaaka go tlhalositswe mo Dikwalong.

Ka sekai, bangwe ba ne ba re petso ya ntlha e e neng ya tlisediwa Egepeto, ya go fetola metsi a Noka ya Nile go nna madi, tota e ne e le ka ntlha ya mmu o mohibidu o o neng o gogoletswe mo nokeng ya Nile mmogo le ditshedinyana tse dinnye thata tse dikhibidu tse di bidiwang di-flagellate. Le fa go ntse jalo, pego ya Baebele ya re noka e ne ya fetoga go nna madi, e seng seretse se sehibidu. Fa re bala Ekesodo 7:14-21 ka kelotlhoko, re fitlhela gore kgakgamatso eno e ne ya direga fa Arone yo o neng a laelwa ke Moshe a itaya Noka ya Nile ka thobane ya gagwe. Tota le fa e ne e le gore noka e ne ya fetolwa ka ntlha ya ditiragalo tsa tlholego, lebaka la go bo seo se ne sa direga fela fa Arone a itaya noka go bontsha gore ke kgakgamatso!

Go bona sekai se sengwe se se bontshang botlhokwa jwa nako e kgakgamatso e diregileng ka yone, ela tlhoko se se neng sa direga fa setšhaba sa Iseraele se ne se tloga se tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ba ne ba thibetswe ke Noka ya Joredane e e neng e tletse thata. Pego ya Baebele e re bolelela se se neng sa direga morago ga moo: “Ka nako ya fa basikari ba Letlole ba ne ba fitlha fa Joredane mme dinao tsa baperesiti ba ba sikereng Letlole di ne di inwa fa losing lwa metsi . . . , foo metsi a a fologang kwa godimo a simolola go ema fela a sa tshikhinyege. A ne a tlhatloga jaaka letamo le le lengwe kgakala thata kwa Adame.” (Joshua 3:15, 16) A seo se ne sa direga ka ntlha ya thoromo ya lefatshe kgotsa go gosomana ga mmu? Pego eno ga e bue sepe ka gone. Mme nako e tiragalo eo e diregileng ka yone e bontsha gore e diregile ka kgakgamatso. E diregile ka yone nako e Jehofa a neng a rile e ne e tla direga ka yone.—Joshua 3:7, 8, 13.

Ka jalo, a tota dikgakgamatso di teng? Baebele ya re di teng. Go ya ka se e re bolelelang sone, dikgakgamatso ga se dilo fela tse di itiragalelang ka tlholego. Mme gone, a go a utlwala gore re re ga di ka ke tsa direga fela ka gonne di sa direge letsatsi le letsatsi?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Fa o sa dumele gore Modimo o teng, tsweetswee bona boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? le jwa Was Life Created? kgotsa kopa tshedimosetso e e oketsegileng mo mothong yo o go neileng makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Mo masomeng a le mmalwa a dingwaga a a fetileng, batho ba ne ba ka akanya gore go ne go ka se kgonege gore batho ba tsamaye ka sefofane dikilometara di le makgolo ka ura