Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Dumela Dikgakgamatso Tse di Kwadilweng mo Baebeleng?

A o Ka Dumela Dikgakgamatso Tse di Kwadilweng mo Baebeleng?

A o Ka Dumela Dikgakgamatso Tse di Kwadilweng mo Baebeleng?

FA O ne o ka bolelelwa polelo e e kgatlhang, a tshwetso ya gore o tla e dumela kgotsa nnyaa e ne e se kitla e ikaega ka gore motho yo o go bolelelang yone o ikanyega go le kana kang? Go ikanyega ga motho yoo go ne go se kitla go ikaega fela ka tsela e a neng a bua ka yone mme gape go ne go tla ikaega ka gore o nna a bua boammaaruri go le kana kang. Mme gone, fa e le gore o ntse a go bolelela boammaaruri ka dingwagangwaga mme ga a ise a tsamaye a go bolelele dilo tse a itseng gore ga di boammaaruri, o ne o tla nna le lebaka le le utlwalang la go dumela se a go bolelelang sone gone jaanong.

Go ntse jalo le ka dikgakgamatso tse di kwadilweng mo Baebeleng. Go ne go se ope wa rona yo o neng a le teng fa ditiragalo tseo di direga. Mme re ka kgona go bona gore a dipego tse di mo Baebeleng di a ikanyega—gore a dintlha tsa yone di boammaaruri. Re ka dira seo jang? Fa tlase fano go na le mabaka mangwe a a dirang gore re dumele le go feta gore dipego tsa dikgakgamatso tse di mo Baebeleng di boammaaruri.

Dikgakgamatso di le dintsi di ile tsa direlwa mo mafelong a botlhe. Ka dinako dingwe, di ne di bonwa ke batho ba le diketekete kgotsa ba le dimilione. (Ekesodo 14:21-31; 19:16-19) Di ne di sa direlwe mo sephiring mo di sa bonweng ke batho botlhe.

Dikgakgamatso di ne di sa raraana. Go ne go se na didirisiwa dingwe tse di kgethegileng kgotsa mekgabisa e e magasigasi mme go ne go se na dipone tse di bekeselang. Gantsi, dikgakgamatso tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng di ne di dirwa ka nako ya fa batho ba kopana ba sa rulaganya mme bangwe bone ba senka thuso. (Mareko 5:25-29; Luke 7:11-16) Mo maemong ao ditiragalo tseo di ne di ka se ka tsa bo di rulagantswe go sa le gale ke motho yo o dirang dikgakgamatso.

Maitlhomo a batho ba ba neng ba dira dikgakgamatso e ne e se gore ba tume, ba galalediwe kgotsa ba nne le dikhumo. Go na le moo, e ne e le go galaletsa Modimo. (Johane 11:1-4, 15, 40) Maiteko ape fela a go bona dikhumo ka go dirisa maatla a go dira dikgakgamatso a ne a kgalwa.—2 Dikgosi 5:15, 16, 20, 25-27; Ditiro 8:18-23.

Dikgakgamatso tse di farologaneng tse di kwadilweng mo Baebeleng di bontsha gore e ne e ka se nne ditiro tsa batho fela. Ka sekai, lewatle le phefo di ne tsa kokobadiwa, metsi a fetolwa go nna beine, pula ya emisiwa ga bo ga dirwa gore e ne, batho ba ba lwalang ba fodisiwa mme ga dirwa gore batho ba ba sa boneng ba boe ba bone. Dikgakgamatso tseo tsotlhe le tse dingwe tse dintsi di bontsha gore maatla a a fetang a motho a a ka kgonang go laola sengwe le sengwe a ne a dira gore dikgakgamatso tseo di direge.—1 Dikgosi 17:1-7; 18:41-45; Mathaio 8:24-27; Luke 17:11-19; Johane 2:1-11; 9:1-7.

Baganetsi ba ba neng ba bona dikgakgamatso tseo ga ba a ka ba ganetsa gore di diregile. Fa Jesu a ne a tsosa tsala ya gagwe e bong Lasaro, baba ba ga Jesu ba bodumedi ga ba a ka ba ganetsa gore Lasaro o ne a sule. Tota ba ne ba ka ganetsa jang? Lasaro o ne a setse a na le malatsi a le manè a fitlhilwe. (Johane 11:45-48; 12:9-11) Tota le makgolokgolo a dingwaga morago ga loso lwa ga Jesu, bakwadi ba Talmud ya Bajuda ba ne ba tswelela ba dumela gore Jesu o ne a na le maatla a go dira dikgakgamatso. Ba ne ba ipotsa fela gore maatla ao a tswa kae. Ka tsela e e tshwanang, fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlisiwa fa pele ga kgotla ya Bajuda, potso e ba neng ba e bodiwa e ne e se gore “A lo dirile dikgakgamatso?” Mme ba ne ba bodiwa jaana: “Lo dirile selo seno ka maatla afe kgotsa mo leineng la ga mang?”—Ditiro 4:1-13.

Ka jalo, a o ka dumela se Baebele e re bolelelang sone ka dikgakgamatso? Go ya ka se re sa tswang go se sekaseka, ga go pelaelo gore dipego tsa Baebele tse di buang ka dikgakgamatso di na le bosupi jwa gore di boammaaruri. Go na le mabaka a mangwe a go bo re ka ikanya dipego tseno tsa Baebele. Ka sekai, fa Baebele e bua ka tiragalo nngwe e e rileng, gantsi e re bolelela nako e e diragetseng ka yone, lefelo le maina a batho ba e buang ka bone. Tota le batho ba ba tshwayang Baebele diphoso ba ile ga gakgamadiwa ke tsela e ditiragalo tse di tlhalosiwang mo Baebeleng di leng boammaaruri ka teng. Boporofeti jo bontsi jwa Baebele bo diragaditswe e bile sengwe le sengwe se diregile fela jaaka se tlhalositswe. Mo godimo ga moo, Baebele e na le kgakololo e ntsi malebana le kafa batho ba ka dirisanang sentle ka gone—kgakololo e e ileng ya thusa batho ba dingwaga tsotlhe le ba maemo otlhe. Kgakololo e e fitlhelwang mo Baebele e e malebana le go dirisana sentle ga batho e itshupile e le molemo go gaisa.

Fa e le gore ga o ise o tshepe Baebele ka botlalo, ke eng fa o sa iphe nako ya go e tlhatlhoba ka kelotlhoko? Fa kitso ya gago ka Baebele e ntse e oketsega, o tla e tshepa le go feta. (Johane 17:17) O tla lemoga gore o ka ikanya se e se go bolelelang ka dikgakgamatso tse di diragetseng mo nakong e e fetileng. Fa o setse o dumela dipego tseno, o tla nna le lebaka le le utlwalang la go ikanya se Baebele e reng se tla direga go ise go ye kae mo isagweng.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Baganetsi ba ga Jesu ga ba a ka ba ganetsa gore Lasaro o ne a sule