Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Maje a a botlhokwa a mo letlatleng la sehuba la moperesiti yo mogolo wa kwa Iseraele a ne a tswa kae?

Fa Baiseraele ba sena go tswa kwa Egepeto mme ba tsena mo nageng, Modimo o ne a ba laela gore ba dire letlatla leno la sehuba. (Ekesodo 28:15-21) Letlatla la sehuba le ne le na le maje a a jaaka a rubi, topase, emeraleda, terekoise, safire, jasepere, leshem, agate, amethisete, kerusolete, onikise le jeide. * A tota Baiseraele ba ne ba na le mefuta eo yotlhe ya majana a a tlhwatlhwakgolo?

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, batho ba ne ba tseela maje a botlhokwa kwa godimo e bile ba ne ba dira kgwebo ka one. Ka sekai, Baegepeto ba bogologolo ba ne ba bona maje a botlhokwa kwa mafelong a a kgakala, a a jaaka naga e gompieno e bidiwang Iran, kwa Afghanistan gongwe le e leng kwa India. Meepo ya kwa Egepeto e ne e na le mefuta e e farologaneng ya maje a botlhokwa. Dikgosi tsa kwa Egepeto di ne di laola ka botlalo diminerale tse di neng di ntshiwa mo meepong ya mafelo a di neng di busa mo go one. Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a tlhalosa kafa batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa gagwe ba neng ba epa mesima ka teng le maribela a a kwa teng go batla matlotlo. Dilo dingwe tse di neng di epiwa, tse Jobe a ileng a di umaka ka tlhamalalo e ne e le safire le topase.—Jobe 28:1-11, 19.

Pego ya Ekesodo e bolela gore Baiseraele ba ne ba “amoga Baegepeto” dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo fa ba ne ba tswa kwa nageng eo. (Ekesodo 12:35, 36) Ka jalo, go ka direga gore Baiseraele ba ne ba bona maje a a neng a dirisiwa mo letlatleng la sehuba la moperesiti yo mogolo kwa Egepeto.

Ke ka ntlha yang fa beine e ne e dirisediwa go alafa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele?

Mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe, Jesu o ne a bua ka monna mongwe yo o neng a itewa ke dinokwane. Jesu o ne a re monna yoo o ne a thusiwa ke Mosamarea yo o neng a hapa dintho tsa gagwe mme a ‘di tshela leokwane le beine.’ (Luke 10:30-34) Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela tsala ya gagwe e bong Timotheo, o ne a mo gakolola jaana: “O se ka wa tlhola o nwa metsi, mme dirisa beine e nnye ka ntlha ya mala a gago le go bobola ga gago gangwe le gape.” (1 Timotheo 5:23) A se Jesu a neng a se tlhalosa, mmogo le kgakololo ya ga Paulo di a utlwala go ya ka tsa kalafi?

Buka ya Ancient Wine e tlhalosa beine e le “molemo o o okobatsang setlhabi, sebolayamegare e bile e le molemo o o alafang malwetse a mangwe a mantsi.” Mo metlheng ya bogologolo beine e ne e le botlhokwa mo kalafing ya batho ba kwa Egepeto, Mesopotamia le Siria. Buka ya The Oxford Companion to Wine e tlhalosa beine e le “molemo o o ntseng o dirisiwa go tloga bogologolo.” Malebana le kgakololo e Paulo a neng a e naya Timotheo, buka ya The Origins and Ancient History of Wine ya re: “Ditekeletso di bontsha gore megare ya typhoid le megare e mengwe e e kotsi e swa ka bonako fa e kopanngwa le beine.” Dipatlisiso tsa gompieno di tlhomamisa gore dikarolo tse di fetang 500 tse di fitlhelwang mo beineng di na le mesola eo ya kalafi le e mengwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go thata go itse gore maje ano otlhe a bidiwang jang gompieno.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setshwantsho sa badiri ba ba gatakang morara se se mo lebitleng la ga nakht, kwa Thebes kwa Egepeto

[Motswedi wa Setshwantsho]

Gianni Dagli Orti/​The Art Archive at Art Resource, NY