Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE KA ntlha yang fa monna mongwe yo o godiseditsweng mo lelapeng la Bakatoliki ba ba ineetseng e bile e le moatlhodi a ne a nna Mosupi wa ga Jehofa? Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa monna yo e neng e le serukhutlhi gore a tlogele thubakanyo mme a nne moreri wa dikgang tse di molemo? Bala o utlwe gore batho bano ba reng.

“Ke ne Ka Simolola go Tlhaloganya se se Siameng Le se Se sa Siamang Botoka.”—SEBASTIÃO ALVES JUNQUEIRA

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1946

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: BRAZIL

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOKATOLIKI YO O INEETSENG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Lelapa la gaetsho le ne le nna kwa motseselegaeng, mo e ka nnang dikilometara di le thataro go tswa kwa toropong ya Piquete. Batsadi ba me ba ne ba na le polasi e nnye e e neng e re tlamela ka se re se tlhokang. Ke ne ke tsena sekolo kwa Piquete, ka jalo ke ne ka reka baesekele ya bogologolo e e neng e dira gore go nne motlhofo go ya kwa toropong. Batho ba mo lefelong la rona ba ne ba humanegile, mme toropo e ne e le phepa e bile e se na bokebekwa jo bo kalo. Banna ba le bantsi mo toropong ba ne ba bereka mo femeng e e neng e dira dibetsa tsa sesole.

Ke ne ke rata go bala mme ka kgona go tsena kwa Sekolong sa Difofane sa Sesole se se kwa motseng o o fa gaufi, kwa ke neng ka aloga go nna mookamedi wa sesole gone ka 1966. Morago ga foo, ke ne ka ya kwa sekolong sa molao ka bo ke amogela dikirii ya molao. Moragonyana ke ne ka batla tiro ya go nna mookamedi wa mapodise. Ka 1976, ke ne ka falola tlhatlhobo ya puso ka bo ke tlhophelwa tiro eo. Ka dinako dingwe tiro ya me e ne e akaretsa go nna mookamedi kwa kgolegelong. Ka nako eo gantsi Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla go kopa tetla ya go rerela bagolegwa. Le nna ba ne ba mpolelela molaetsa wa Baebele ka metlha fa ba tlile. Ke ne ke tlotla Modimo thata. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke go itse gore Modimo o na le leina e bong Jehofa le gore re ka kgona go nna le botsalano le ene.

Ka iketlo ke ne ka dira kgatelopele mo tirong ya me. Ka 1981 ke ne ka falola tlhatlhobo e nngwe ya puso ka bo ke nna moatlhodi wa naga. Go tswa foo, ka 2005, ke ne ka tlhomiwa go nna moatlhodi wa kgotlatshekelo ya boikuelo ya kwa São Paulo.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ka bonako fa ke sena go aloga kwa sekolong sa molao, ke ne ka simolola go bala Baebele—mo go dirileng gore ke fetole thata kafa ke neng ke akanya ka gone. Ke ne ke le Mokatoliki yo o ineetseng. Mo losikeng lwa gaetsho go ne go na le baruti e bile go na le bishopo, mme ke ne ke thusa moruti ka nako ya Mmisa. Pele a rera, ke ne ke bala dikarolo tse di tlhophilweng go tswa mo bukeng ya dithapelo. Malapa a Bakatoliki a ne a sa itlwaetsa go bala Baebele. Mmè o ne a galefa fela thata fa a utlwa gore ke ne ke bala Baebele. O ne a leka go nkgoba marapo ka go nthaya a re ke tla tsenwa. Le fa go le jalo, ke ne ka tswelela ke e bala; ke ne ke sa bone bothata ka gone.

Ke akanya gore go batla go itse ke gone go neng go ntlhotlheletsa go bala Baebele. Ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng ka baruti le ka maikarabelo a bone mo kerekeng. Gape ke ne ka simolola go bala ka kgopolo ya Kereke ya Katoliki e e buelelang kgololesego ya batho, mme mabaka a a neng a ntshiwa ke batho ba ba neng ba e buelela a ne a sa utlwale mo e leng gore ke ne ke sa kgone go e tlhaloganya.

Ka yone nako eo, ngaka ya me ya meno yo e neng e le Mobuda o ne a nnaya buka e a neng a e filwe. Setlhogo sa buka eo sa re Did Man Get Here by Evolution or by Creation? * Ke ne ka amogela buka eo ke akanya gore ke ne ke tla itumelela go e bala mmogo le ya The Origin of Species ya ga Charles Darwin. Buka ya Did Man Get Here by Evolution or by Creation? e ne e ntsha mabaka ka tsela e e utlwalang e bile e tlhatswa pelo. Ke ne ke tlhatswegile pelo gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe e ne e se boammaaruri.

Go bala setlhogo se se buang ka popo mo bukeng eno go ne ga dira gore ke batle go itse mo go oketsegileng. Ke ne ke batla dibuka tse dingwe tse dintsi tse di neng di gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka bolelelwa ka makheneke mongwe yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka bua le ene mme o ne a nnaya dibuka dingwe gore ke di bale. Ka nako eo ga ke a ka ka dumela go ithuta Baebele le Basupi. Ke ne ke akanya gore nka ithuta yone ka bonna.

E re ka ke ne ke nyetse jaanong, fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele ke ne ka swetsa ka gore go ne go ka nna molemo go e bala le ba lelapa la me. Beke le beke re ne re tshwara thuto ya lelapa le go bala Baebele mmogo. E re ka re ne re le lelapa la Bakatoliki, baruti le bobishopo e ne e le batho ba botlhokwa thata mo go rona. Ka jalo, se ke neng ka se bala mo go Johane 14:6 se ne sa gapa tlhokomelo ya me: “Jesu a raya [moaposetoloi Thomase] a re: ‘Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.’” Fa ke sena go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka kgang eno ke ne ke tlhatswegile pelo gore poloko ya rona e tswa kwa go Jehofa a dirisa Jesu. Re ne re rutilwe gore poloko ya rona e tswa kwa baruting.

Go na le ditemana tse dingwe tse pedi tsa Baebele tse di ileng tsa fetola kafa ke lebang Kereke ya Katoliki le dithuto tsa yone ka gone. Nngwe ya tsone ke Diane 1:7, e e reng: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso. Dieleele di nyaditse botlhale le kotlhao.” E nngwe ke Jakobe 1:5 e e reng: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” Ke ne ke batla kitso le botlhale tse ke neng ke sa kgone go di bona kwa kerekeng. Ka jalo, ke ne ka tlogela go ya kwa kerekeng.

Ka 1980, mosadi wa me o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi. Fa ke ne ke le kwa gae, ke ne ke nna le bone fa ba ithuta. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka amogela thuto ya Baebele. Le fa go ntse jalo, re ne ra nna lobaka lo loleele pele re dira tshwetso ya go kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Mosadi wa me o ne a kolobediwa ka 1994 mme nna ka kolobediwa ka 1998.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Bongwanake ba le banè ba ne ba solegelwa molemo ke go godisiwa ka melao ya ga Jehofa. (Baefeso 6:4) Ke na le bomorwaake ba babedi ba ba dirang ka natla go tlhokomela Basupi ba bangwe ba phuthego e ba kopanelang le yone ka dilo tsa semoya. Bomorwadiake ba babedi ba rerela batho ba bangwe ka matlhagatlhaga. Mosadi wa me o fetsa diura di le dintsi kgwedi le kgwedi a thusa batho go ithuta Baebele mme nna ke mogolwane mo phuthegong ya lefelo la rona.

Fa ke sena go nna Mosupi wa ga Jehofa ke ne ka tlhaloganya botoka se se siameng le se se sa siamang. E re ka ke le moatlhodi, ke leka go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa fa ke atlhola dikgetsi tse di farologaneng kwa kgotlatshekelong, ke akanyetsa maemo otlhe, ke nna tekatekano e bile ke bontsha kutlwelobotlhoko mo maemong a go tlhokegang gore ke tlhofofatse dilo.

Ke ne ka nna moatlhodi mo dikgetsing tse dintsi tsa thubakanyo, bokebekwa le go sotliwa ga bana mmogo le tse dingwe tsa tlolo molao e e feteletseng. Le fa go ntse jalo, seo ga se a dira gore ke tlhoke kutlwelobotlhoko. Fa ke leba dikgang, ke utlwisiwa botlhoko ke tsela e go tlhoka boitsholo le bosula di anameng ka gone mo lefatsheng. Ke leboga Jehofa go bo ke tlhaloganya lebaka la go oketsega ga tlolomolao le go bo ke tlhaloganya tsholofelo e re nang le yone ya gore dilo di tla nna botoka.

“Kgolegelo ga e a ka ya nthusa go fetoga.”—KEITH WOODS

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1961

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: NORTHERN IRELAND

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: SERUKHUTLHI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tshotswe ka 1961 kwa Portadown, motse o o tlhanaselang wa kwa Northern Ireland. Ke goletse mo lelapeng la Baporotesetanta mo lefelong la matlo a a bapileng le mo go lone go neng go nna Bakatoliki le Baporotesetanta. Malapa a le mantsi a ne a humanegile. Rona le baagelani ba rona re ne re se na madi a mantsi, le fa go ntse jalo re ne re dirisana sentle e bile re atamalane thata.

Ga ke itumelele tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ka 1974, ke ne ka nna le seabe mo ntweng ya dipolotiki le bodumedi ya kwa Northern Ireland e e bidiwang “Dikhuduego.” Mo nakong eo dilo di ne tsa nna maswe le go feta mo lefelong la rona. Ka sekai, bosigo bongwe, rre yo e neng e le manejara wa Ulster Carpet Factory o ne a thapisa makawana a mabedi a Bakatoliki a a neng a nna mo ntlong e e bapileng le ya rona. Fa ba ntse ba le koo, mongwe o ne a latlhela bomo ka fensetere ya phaposi ya bonno ya ntlo e basimane bano ba Bakatoliki ba neng ba nna kwa go yone mme ya bolaya rraabone, mmaabone le morwarraabone.

Mathata a ne a oketsega mme go ne ga runya ntwa. Matlo a Baporotesetanta ba ba neng ba nna kwa mafelong a Bakatoliki a ne a fisiwa mme Bakatoliki ba ba neng ba nna kwa mafelong a Baporotesetanta ba ne ba tshwarwa setlhogo. Bontsi jwa batho ba ba neng ba nna mo lefelong la rona e ne e le Baporotesetanta. Go ise go ye kae, ke ne ka tshwarwa mme ka atlholelwa dingwaga di le tharo kwa kgolegelong ka ntlha ya go nna le seabe mo go thunyeng dibomo.

Fa ke le kwa kgolegelong, ke ne ka nna tsala e kgolo ya mogolegwa mongwe yo o neng a itsege thata mo malokong a mokgatlho mongwe wa dipolotiki wa Baporotesetanta. Re ne re ntse jaaka bana ba motho mme moragonyana ke ne ka nna moemisi wa gagwe kwa lenyalong la gagwe. Kgolegelo ga e a ka ya nthusa go fetoga le ene ga e a ka ya mo thusa. Fa re sena go gololwa re ne ra boela gape mo dipolotiking mme mo lekgetlhong leno ra nna le seabe se segolo go feta pele. Seo se ne sa dira gore tsala ya me e tshwarwe gape. Mme fa a ntse a le kwa kgolegelong o ne a bolawa.

Le nna go ne go na le batho ba ba neng ba batla go mpolaya mme ka lekgetlho le lengwe koloi ya me e ne ya thuntshiwa ka bomo. Mme ditiragalo tseo di ne tsa dira gore ke nne matlhagatlhaga le go feta mo go lweleng se ke neng ke se dumela ka dipolotiki.

Ka nako eo ke ne ka nna le seabe mo lenaneong la thelebishene le le malebana le kgotlhang ya dipolotiki le bodumedi e e bidiwang “Dikhuduego” e e neng ya gasiwa mo thelebisheneng kwa Boritane. Lenaneo leo le ne la mpakela mathata a mangwe gape. Ka sekai, mo bosigong bongwe fa ke boela gae ke ne ka fitlhela mosadi wa me a tsamaile. Ka bonako morago ga moo, ke ne ka amogiwa morwaake ka ntlha ya lenaneo leo la thelebishene. Ke gopola ke iteba mo seiponeng ke re, “Modimo fa e le gore o teng, a ko o nthuse.”

Mo Matlhatsong a a latelang, ke ne ka kopana le Paul, monna mongwe yo ke neng ke mo tlwaetse, yo e neng e setse e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a simolola go bua le nna ka Baebele. Malatsi a le mabedi morago ga moo, Paul o ne a nthomelela khopi ya Tora ya Tebelo. Mo setlhogong se se mo makasineng oo go ne go nopotswe mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 18:36. O ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” Mafoko ao a ne a nkama fela thata. Botshelo jwa me bo ne jwa simolola go fetoga ka lone letsatsi leo.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Paul o ne a simolola go ithuta Baebele le nna. Moragonyana Mosupi mongwe yo o bidiwang Bill o ne a tsweletsa thuto ya rona. Ke a itse gore ke ne ke le moithuti yo o tlhogoethata; ke ne ke na le dipotso tse dintsi! Gape ke ne ka laletsa baruti ba bantsi gore ba tle go bontsha Bill gore o ne a sa bue boammaaruri. Mme ke ne ka kgona go bona boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.

Ke gakologelwa nako nngwe ke bolelela Bill gore a se ka a tla kwa ntlong ya me gore re ithute ka gonne ditsela di ne di tswetswe le gore koloi ya gagwe e ne e tla tsewa e bo e fisiwa. Le fa go ntse jalo, jaaka tlwaelo Bill o ne a tla. O ne a tlogela koloi ya gagwe kwa gae mme a tla ka baesekele. Tota ke mang yo o neng a ka batla go mo tseela baesekele? Mo lekgetlhong le lengwe, nna le Bill re ne re ntse kwa legaeng la me re ithuta Baebele fa mapodise le masole a tla go ntshwara. Fa ba ntsaya, Bill o ne a tlhaeletsa a mpolelela gore ke ikanye Jehofa. Ditiragalo tseno di ne tsa nkama fela thata.

Lekgetlho la ntlha fa ke ne ke ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, bangwe ba bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba tshosiwa ke tsela e ke neng ke lebega ka yone. Ke ne ke na le moriri o moleele ke tsentse lenyena e bile ke apere baki ya letlalo e e neng e ntlhaola jaaka mongwe wa setlhopha sa dipolotiki. Le fa go ntse jalo, ke ne ka gakgamadiwa ke kafa Basupi ba neng ba ntshwara sentle ka gone. Bopelonomi jwa bone bo ne jwa nkgatlha fela thata.

Le fa ke ne ke ithuta Baebele ke ne ke sa ntse ke tlwaelane le ditsala tsa me tsa pele. Le fa go ntse jalo, kgabagare boammaaruri jo ke neng ke bo ithuta mo Baebeleng bo ne jwa nwelela mo pelong ya me. Ke ne ka lemoga gore fa ke batla go direla Jehofa ke ne ke tshwanetse go fetola tsela e ke ikutlwang ka yone ka dipolotiki le go kgaogana le batho ba ke neng ke tsalane le bone. Go ne go se motlhofo go dira jalo. Mme fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka Baebele e bile Jehofa a nnonotsha, ke ne ka kgona go dira diphetogo. Ke ne ka beola moriri, ka ntsha lenyena ka bo ka reka sutu. Gape se ke neng ke se ithuta se ne sa dira gore ke tokafatse tsela e ke neng ke leba batho ba bangwe ka yone.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke ile ka dira ditiro tsa tlolomolao le tsa borukhutlhi ka lobaka lo loleele. Seo se ne sa dira gore ke itsiwe ke mapodisi a mo lefelong la rona. Mme dilo di fetogile gone jaanong. Ka sekai, lekgetlho la ntlha fa ke ne ke ya kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa toropong ya Navan, ke ne ke faraferwe ke mapodisi go tswa kwa Ireland go ya kwa Northern Ireland. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ga ba tlhole ba tsamaya le nna. Gape gone jaanong ke kgona go nna le seabe ka kgololesego mo tirong ya go rera ke na le Basupi mmogo le nna e bong Paul le Bill le ba bangwe mo phuthegong ya rona.

Fa ke ntse ke dira diphetogo mo botshelong jwa me, ke ne ka tlwaelana le batho ba ba mo phuthegong. Koo ke ne ka kopana le Mosupi mongwe yo o bidiwang Louise mme re ne ra nyalana. Mo godimo ga moo, morwaake o ne a tla go nna le nna gape.

Fa ke akanya kafa ke neng ke tshela ka gone, ke ikwatlhaela go bo ke ile ka gobatsa le go utlwisisa batho ba bangwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, ke bua ke sa kgale mathe ganong gore tota Baebele e kgona go fetola batho ba ba tshwanang le nna gore ba tlogele botshelo jwa go dira dilo tse di sa siamang mme ba tshele botshelo jo bo nang le bokao.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong e sa tlhole e gatisiwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Mmè o ne a galefa fela thata fa a utlwa gore ke ne ke bala Baebele