Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bafemedi ba Boammaaruri

Bafemedi ba Boammaaruri

Kalogo ya Bo132 ya Gileade

Bafemedi ba Boammaaruri

MARCH 10, 2012, e ne e le letsatsi le le kgethegileng kwa lefelong la thuto la Basupi ba ga Jehofa kwa Patterson, New York. Batho ba le diketekete ba ba apereng sentle go akaretsa le baeng ba ba tswang kwa dinageng disele, ba ne ba tla mo kalogong ya bo132 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Batho ba le bantsi ba ne ba le kwa holong ya kwa Patterson; fa ba bangwe bone ba ne ba lebile thulaganyo eno mo dithelebisheneng tsa kwa Bethele. Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba le 9 042.

Batho ba ne ba swegaswega pelo. Go farologana le baithuti bangwe ba ba kileng ba aloga mo sekolong sa barongwa, baithuti botlhe ba ba neng ba aloga ba ne ba setse ba le mo tirelong nngwe e e kgethegileng ya nako e e tletseng—bangwe ba ne ba direla kwa Bethele, bangwe e le babulatsela ba ba kgethegileng, balebedi ba ba etang kgotsa barongwa—le fa ba ne ba ise ba ko ba ye kwa Gileade. Ke eng se baithuti bano ba ba nang le maitemogelo ba neng ba tla se bolelelwa?

Bareetsi ba ne ba tla tloga ba itseela ka tsebe. Gerrit Lösch yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, e ne e le modulasetulo wa thulaganyo mme o ne a neela puo e e simololang. O ne a botsa potso e e neng e dira gore motho a akanye e e reng, “A o Mofemedi?” O ne a tlhalosa gore Bakeresete ke bafemedi ba boammaaruri, ba femela dithuto tsotlhe tsa Bokeresete. Go tseela boammaaruri kwa godimo ga go akaretse fela go ruta batho boammaaruri mme go akaretsa le go ba thusa go bo rata.

Mokaulengwe Lösch o ne a botsa jaana: “Re itse jang gore re mo boammaaruring?” O ne a re bosupi jwa seo ga bo a ikaega ka palo ya batho ba ba bo amogelang. Le fa dimilione tsa batho gompieno di tla mo kobamelong ya boammaaruri, e ne e le ba le mmalwa fela ba ba neng ba amogela boammaaruri ka Pentekosete ya 33 C.E. O ne a bua ka dilo di le tlhano tse re itseng ka tsone gore re mo boammaaruring: (1) Re nna re latela dithuto tsa ga Jesu, (2) re a ratana, (3) re tshela ka melao ya Modimo ya boitsholo ya maemo a a kwa godimo, (4) ga re nne le seabe mo dikgogakgoganong tsa lefatshe leno e bile (5) re bidiwa ka leina la Modimo.

“Latela Kaelo O bo O e Ikobele”

Fa Geoffrey Jackson yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang a ne a ya kwa seraleng a tshotse sutukheise, bareetsi ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore o tla bua ka eng! Setlhogo sa puo ya gagwe e e theilweng mo go Isaia 50:5 se ne se re, “Latela Kaelo O bo O e Ikobele.” Fa temana eo e bua ka tsela ya boporofeti ka ga Jesu Keresete, ya re: “Fa e le nna ke ne ke sa tsuologe. Ga ke a ka ka retologela go sele.”

Mokaulengwe Jackson o ne a rotloetsa baithuti gore ba nne bonako go tsibogela kaelo e Jehofa a e nayang a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, Baebele le phuthego ya gagwe. Mo setshwantshong sa ditalenta se se mo go Mathaio 25:14-30, re ka re, batlhanka botlhe ba ne ba newa madi a a lekanang ka gonne ba ne ba a newa go ya ka bokgoni jwa bone. Go ne go lebeletswe gore ba dire bojotlhe jwa bone. Batlhanka ba babedi ba ile ba akgolwa ba bo ba bidiwa batlhanka ‘ba ba molemo le ba ba ikanyegang.’ Boikanyegi ga bo a ikaega ka matswela a motho a nnang le one mme bo ikaegile ka go latela kaelo le go e ikobela.

Motlhanka wa boraro o ne a bidiwa “motlhanka yo o boikepo le yo o bobodu” le yo “o se nang molemo wa sepe.” Bothata jwa gagwe e ne e le eng? O ne a epela talenta ya gagwe. Talenta e ne e se ledi le le lengwe fela la tshipi, mme e ne e le boima jo bo lekanang le jwa didinari di le 6 000 tse di neng di ka nna boima jwa dikilogerama di le 20. Joo ke boima jwa dilo tse motho a letlelelwang go di tsenya mo sutukheiseng fa a tsaya loeto a ya kwa dinageng disele. Go ne go ka tlhoka matsapa tota go epela sengwe se se lekanang le sutukheise. Gone motlhanka o dirile sengwe—o epetse talenta—mme seo e ne e se se a laetsweng go se dira. Ka tsela e e tshwanang, morongwa a ka nna a tshwaregile—a tshwaregile ka eng? Gongwe a kwalela ba masika le ditsala makwalo, a fenyenkolola Internet, a fetsa nako e ntsi le batho ba a tlwaelaneng le bone kgotsa a dira kgwebo. Go dira dilo tseo go ka lapisa motho yoo fela thata, mme gone o tla bo a sa dira se a neng a se laetswe. Mokaulengwe Jackson o ne a konela ka gore: “Ka metlha latelang kaelo!”

“Le ka Motlha Lo se Ka Lwa Belaela”

Seno ke setlhogo sa puo e e neng ya neelwa ke Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang. O ne a re: “Ga go gope mo Baebele e reng tumelo le dipelaelo di a tsamaisana. Tumelo e tlosa dipelaelo.” Satane o ne a atlega go jala dipelaelo mo mogopolong wa mosadi yo o itekanetseng e bong Efa, ka jalo a ka jala dipelaelo le mo mogopolong wa rona. Mokaulengwe Morris o ne a re: “Nonotsha tumelo ya gago mme ga o ka ke wa nna le dipelaelo.” O ne a bua ka se se diragaletseng Petere, yo o neng a “tsamaya mo godimo ga metsi” mme fa a “leba phefo ya matsubutsubu” a tshoga a bo a simolola go nwela. Fa Jesu a sena go mo tshwara o ne a mmotsa a re: “Ke ka ntlha yang fa o ne o fenngwa ke pelaelo?” (Mathaio 14:29-31) “Fa lona barongwa lo tla bo lo tshwaregile mo tirelong ya nako e e tletseng, bangwe ba tla itumelela sotlhe se lo se dirang jaaka e kete lo tsamaya mo godimo ga metsi, mme fa setsuatsue se itaya, lo se ka kwa ineela go fenngwa ke pelaelo.”

Mokaulengwe Morris o ne a tswelela ka gore, le fa go ka nna thata go lebana le dinako tsa ditsuatsue, kgabagare diphefo di tla feta. Fa a bua ka dinako tse di thata, o ne a rotloetsa baithuti gore ba akanye ka se Paulo le Silase ba neng ba se dira fa ba ne ba tsentswe mo kgolegelong kwa Filipi. Ditiro 16:25 ya re: “Mo e ka nnang gare ga bosigo Paulo le Silase ba ne ba rapela e bile ba baka Modimo ka pina; ee, magolegwa a ne a ba utlwa.” Ela tlhoko ntlha eno: Ga ba a ka ba rapela fela, ba ne ba opela. Ba ne ba opelela kwa godimo mo e leng gore magolegwa a mangwe a ne a ba utlwa. Mokaulengwe Morris o ne a re, bontsi jwa rona ga re na mantswe a a monate mme ga re a tshwanela go tshaba go opela segolobogolo fa re na le mathata. Mokaulengwe Morris o ne a konela ka go bala mafoko a Pina 135 ya setlhogo se se reng, “Go Itshoka go ya Bokhutlong,” mo bukeng ya dipina ya Opelelang Jehofa.

Dipuo Tse Dingwe Tse di Kgothatsang

Puo ya setlhogo se se reng “A lo Tla Itumelela Botshelo?” e ne ya neelwa ke Robert Luccioni wa Lephata la Theko. Setlhogo seno se tserwe mo mafokong a ga Kgosi Dafide a a mo go Pesalema 34:12. Mo puong ya gagwe, Mokaulengwe Luccioni o ne a sekaseka kafa barongwa ba ka lebanang le dinako tse di thata ka gone mme ba tswelela ba na le kamano e e molemo le Jehofa. Re ka ithuta go le gontsi mo pegong ya 1 Samuele kgaolo 30. Fa Dafide, banna ba gagwe le ba malapa a bone ba ne ba sia ba tshaba Kgosi Saulo, ba ne ba nna kwa botshwarwa kwa Sikelage. Fa batlhasedi ba Baamaleke ba isa ba malapa a bone kwa botshwarwa, banna ba ga Dafide ba ne ba latofatsa Dafide ba bo ba batla go mo kgobotletsa ka maje. Dafide o ne a itshwara jang? Ga a ka a kgobega marapo mme o ne “a inonotsha ka Jehofa Modimo wa gagwe.” (1 Samuele 30:6) O ne a kopa kaelo ya ga Jehofa, a dira go dumalana le kaelo ya Modimo a bo a falotsa batshwarwa. Sebui se ile sa tlhomamisetsa baithuti gore fa ba ka ikanya Jehofa ka tsela e e tshwanang ba bo ba ikobela kaelo ya gagwe, ba tla itumelela botshelo. Ba tla tshela botshelo jo bo itumedisang fa ba ntse ba diragatsa tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo e ba e filweng.

Puo ya setlhogo se se reng “Leba ka Kwa ga Ditebelo Tsa Bosigo” e ne ya neelwa ke Michael Burnett, mongwe wa batlhatlheledi ba Sekolo sa Gileade. Baiseraele ba ne ba kgaoganya bosigo ka ditebelo di le tharo tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e nna diura di le nnè go simolola fa letsatsi le phirima go fitlha fa le tlhaba. Tebelo ya bofelo e e neng e simolola ka 2:00 a.m. go fitlha ka 6:00 a.m., e ne e le lefifi, e le tsididi thata e bile e le nako e go leng thata go nna o disitse ka yone. Mopesalema o ne a nna a akantse ka dipolelo tsa ga Jehofa gore ka nako ya tebelo ya bofelo ya bosigo a se ka a robala. (Pesalema 119:148) Mokaulengwe Burnett o ne a raya baithuti a re: “Lo tla tshwanelwa ke go nna lo disitse. Lo tla lebana le malatsi a lefifi a a kgobang marapo mme lo tla utlwa serame sa lefatshe leno le le se nang lorato. Lo tshwanetse go ipaakanya go sa le gale gore lo tla dirang fa lo lebana le maemo ao a a kgobang marapo.” Go tswa foo, o ne a ba gakolola gore ba tla tshwanelwa ke go tswelela ba ithuta dithuto tse di boteng tsa Baebele gore ba kgone go nna ba disitse semoyeng. Mokaulengwe Burnett o ne a tshwantsha ntlha eo jaana: “Letsatsi le letsatsi lo rapela Jehofa ka gonne lo batla gore a nne tsala ya lona. Ka jalo, letlang Jehofa yo e leng tsala ya lona gore a bue le lona letsatsi le letsatsi ka Baebele. Bosigo bo a sa, ka jalo rulaganyang gore lo tla dirisa botshelo jwa lona jang mme ka go dira jalo lo tla leba ka kwa ga ditebelo tsa bosigo.”

Puo ya setlhogo se se theilweng mo go 1 Petere 5:10 se se reng “Lo Thapiseditswe go Dira Tiro e e Larileng Kwa Pele,” e ne ya neelwa ke motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade e bong Mark Noumair. O ne a botsa baithuti potso eno: “E re ka lo le badiredi ba ba nang le maitemogelo, ke ka ntlha yang fa lo laleditswe go tla mo Lefelong la Thuto la Watchtower?” Karabo: “Ka gonne lo ithutetse tiro eno. Batho ba le bantsi ba ba ithutetseng tiro nngwe ba tsaya malatsi a a rileng kwa tirong gore ba tsenele ditlelase dingwe go tokafatsa bokgoni jwa bone. Mo dikgweding di le tlhano tse di fetileng, Jehofa o ile a lo ‘nitamisa’ a bo a lo ‘nonotsha’ ka go lo ruta ka botlalo Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe gore lo kgone go sikara maikarabelo a a boima a a lo letileng. Dikota tse di nonofileng tsa ntlo ga di tshophege e bile di kgona go itshokela boima jwa moago. Melemo ya thapiso ya lona e tla bonala fa lo ntse lo bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba lona. A mathata a tla dira gore lo tlogele melaometheo ya Modimo kgotsa lo tla nitama, lo dira tumalanong le se lo se ithutileng mo Lefokong la Modimo? Selo se se nonofileng se ka kgona go rwala morwalo. Gore dikota di emelane le boima go ikaegile ka gore di nonofile go le kana kang ka fa gare. Go nonofa ga lona go ikaegile ka gore motho yo lo leng ene mo teng o nonofile go le kana kang. Jehofa o lo tlisitse fano gore a lo nonotshe, a lo dire batho ba ba ka ikanngwang le go dira gore lo ikanyege mo tirong e e larileng kwa pele. Modimo o dirile seabe sa gagwe, ka jalo re rapela gore le lona lo dire seabe sa lona mme lo letle ‘Motlhatlheledi yo Mogolo’ gore a wetse thapiso ya lona.”

Maitemogelo le Dipotsolotso

Ka metlha kwa dikalogong tsa Gileade go a kgothatsa go utlwa maitemogelo a baithuti mme le gompieno go ne go ntse jalo. Mo karolong nngwe ya thulaganyo, baithuti ba ne ba bontsha se ba neng ba se dira bosheng fa ba rera. Ka sekai, banyalani bangwe ba Bafora ba ne ba tshwanelwa ke go leta ka diura di le thataro kwa boemafofaneng fa ba ne ba ya kwa Sekolong sa Gileade. Fa ba le kwa resetšhurenteng ya kwa boemafofaneng, ba ne ba simolola motlotlo le banna bangwe ba babedi ba le bone ba neng ba letile difofane. Fa mongwe wa banna bano a re o tswa kwa Malawi, ba ne ba bua le ene ka Se-Chichewa. E re ka a ne a gakgametse, o ne a ba botsa gore go tla jang gore ba bo ba itse puo ya gagwe. Ba ne ba tlhalosa gore e ne e le barongwa kwa Malawi. Fa monna yo mongwe ene a re o tswa kwa Cameroon, o ne a gakgamala fa jaanong ba bua Sefora. Banna bao boobabedi ba ne ba simolola go tlotla Basupi ba ga Jehofa mme barongwa ba ne ba ba rerela.

Nicholas Ahladis wa Lephata le le Thusang Baranodi o ne a botsolotsa banyalani ba babedi. Bangwe ba banyalani bano ba ne ba fuduga kwa Australia gore ba dire tiro ya borongwa kwa East Timor, kwa go neng go na le ntwa gone. Banyalani ba bangwe bone ba ne ba fuduga kwa Korea mme ba ya go direla kwa Hong Kong. Banyalani bano botlhe ba ne ba iketleeleditse go boela kwa dinageng tse ba abetsweng kwa go tsone go ya go dirisa se ba se ithutileng kwa sekolong.

Fa baalogi ba sena go newa didipoloma, moithuti yo mongwe o ne a bala lekwalo la setlhopha le le neng le bontsha kafa ba anaanelang ka gone thapiso e ba e neilweng. Go tswa foo, Mokaulengwe Lösch o ne a dirisa dikapuo tse di kgatlhang kwa bofelong jwa puo ya gagwe a re boammaaruri bo bontle jaaka motshe wa godimo, jaaka lefelo la metsi mo sekakeng le jaaka tshetledi mo lewatleng le le galefileng. O ne a re: “Ruri ke tshegofatso go itse boammaaruri. Nnang bafemedi ba boammaaruri lo bo lo thuse ba bangwe gore le bone ba nne bafemedi ba boammaaruri.”

[Tšhate/Mmapa mo go tsebe 31]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

12 dinaga tse ba tswang kwa go tsone

36 palogare ya dingwaga tsa bone

20 palogare ya dingwaga tsa bone ba kolobeditswe

15 palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng

[Mmapa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Barongwa ba abetswe go ya kwa dinageng tse di bontshitsweng fa tlase fano:

DINAGA TSE BARONGWA BA ABETSWENG GO YA KWA GO TSONE

BELIZE

BENIN

CAMBODIA

CAMEROON

CAPE VERDE

CÔTE D’IVOIRE

DOMINICAN REPUBLIC

EAST TIMOR

ECUADOR

GABON

GEORGIA

GUINEA

HONG KONG

LIBERIA

MADAGASCAR

MALAWI

PERU

SAMOA

SÃO TOMÉ LE PRÍNCIPE

UNITED STATES OF AMERICA

ZIMBABWE

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha sa Bo132 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga ka fa molemeng go ya ka fa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Iap, R.; Iap, J.; Ng, T.; Ng, P.; Laurino, F.; Laurino, B.; Won, S.; Won, S.

(2) Morales, N.; Morales, M.; Zanutto, J.; Zanutto, M.; Rumph, I.; Rumph, J.; Germain, D.; Germain, N.

(3) Atchadé, Y.; Atchadé, Y.; Thomas, C.; Thomas, E.; Estigène, C.; Estigène, P.

(4) Ehrman, D.; Ehrman, A.; Bray, J.; Bray, A.; Amorim, M.; Amorim, D.; Seo, Y.; Seo, Y.

(5) Simon, J.; Simon, C.; Seale, C.; Seale, D.; Erickson, J.; Erickson, R.

(6) McCluskey, D.; McCluskey, T.; Brown, A.; Brown, V.; Mariano, D.; Mariano, C.; Loyola, Y.; Loyola, C.

(7) Rutgers, P.; Rutgers, N.; Foucault, P.; Foucault, C.; Wunjah, J.; Wunjah, E.