Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Motshwaraditlhapi

Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Motshwaraditlhapi

Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Motshwaraditlhapi

“Ya re a tsamaya go bapa le lewatle la Galalea [Jesu] a bona bana ba motho ba babedi, Simone yo o bidiwang Petere le Anderea morwarraagwe, ba digela letlowa la go tshwara ditlhapi kwa tlase mo lewatleng, gonne e ne e le batshwara ditlhapi. A ba raya a re: ‘Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.’”—MATHAIO 4:18, 19.

DITLHAPI, go tshwara ditlhapi le batshwaraditlhapi ba umakwa gantsi mo dipegong tsa Diefangele. Tota e bile, Jesu o ne a dirisa dipapiso di le dintsi tsa ditlhapi. Seo ga se gakgamatse ka gonne o ne a dirisa nako ya gagwe e ntsi a ruta a le mo lotshitshing lwa Lewatle la Galalea kgotsa gaufi le lone. (Mathaio 4:13; 13:1, 2; Mareko 3:7, 8) Lekadiba leno le lentle la metsi a a phepa le boleele jwa dikilometara di ka nna 20 le bophara jwa dikilometara di ka nna 11. Baaposetoloi ba ga Jesu ba le supa—Petere, Anderea, Jakobe, Johane, Filipo, Thomase le Nathanaele—e ka tswa e ne e le batshwaraditlhapi.—Johane 21:2, 3.

Go ne go ntse jang go nna motshwaraditlhapi mo motlheng wa ga Jesu? Ithute ka banna bano le ka tiro e ba neng ba e dira. O tla oketsa tsela e o anaanelang baaposetoloi ka yone le go tokafatsa tsela e o tlhaloganyang se Jesu a neng a se dira le dipapiso tsa gagwe. Sa ntlha, ela tlhoko gore go ne go ntse jang go bereka kwa Lewatleng la Galalea.

“Ga Tsoga Khuduego e Kgolo mo Lewatleng”

Lewatle la Galalea le mo mokgatšheng o o boteng jwa dimetara di ka nna 210 go tswa kwa bogodimong jwa lewatle. Go na le mekgokolosa e e tletseng matlapa mo lotshitshing mme go ela kwa bokone go na le Thaba ya Heremone e e goletseng kwa godimo. Ka mariga go na le diphefo tse di tsididi tse ka dinako dingwe di fetlhang makhubunyana a mantsi. Ka selemo moya o o mogote o thuthafatsa metsi a a fa godimo mo lewatleng. Ka bonako fela, difefo tse di maatla di tla di tswa kwa dithabeng tse di mabapi di bo di tlhasela batsamaisadikepe ba ba ralalang lewatle. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba lebana le sefefo se se ntseng jalo.—Mathaio 8:23-27.

Batshwaraditlhapi ba ne ba tsamaya ka mekoro e e ka nnang boleele jwa dimetara di le robedi le bophara jwa dimetara di ka nna pedi. Bontsi jwa mekoro ya bone e ne e na le pinagare ya sekepe le diphaposinyana ka fa tlase ga bogodimo jwa sekepe. (Mareko 4:35-41) Mekoro eno e e bonya mme e nonofile e ne e kgona go itshokela diphefo tse di neng di gogela letsela la pinagare ya sekepe kwa letlhakoreng le lengwe fa letlowa le le boima lone le ne le e gogela kwa letlhakoreng le lengwe.

Batho ba ne ba laola sekepe ba dirisa ditsamaisamokoro tse di neng di le mo matlhakoreng a sekepe. Batho ba ba berekang mo sekepeng e ne e ka nna batshwaraditlhapi ba le barataro kgotsa go feta. (Mareko 1:20) Mo godimo ga moo, mo mekorong go ne go na le dilwana tse dingwe tse di jaaka seile ya leloba (1), mogala (2), ditsamaisamokoro (3), tshetledi ya leje (4), diaparo tse di bothitho tse di omileng (5), dijo (Mareko 8:14) (6), diroto (7), mosamo (Mareko 4:38) (8) le letlowa (9). Gape go ka tswa go ne go na le dilo tse di gokelelwang mo letloweng gore letlhakore le lengwe la lone le kokobale mo metsing (10), mmogo le tse di dirang gore letlhakore le lengwe le nwelele mo metsing (11), didirisiwa tsa go baakanya (12) le dipone(13).

“Ba Tswalela Ditlhapi di le Dintsi Thata”

Gompieno jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, lefelo le le nang le ditlhapi tse dintsi kwa Lewatleng la Galalea ke le le fa gaufi le melomo ya metswedi le dinoka di le dintsi tse di tshologelang mo lewatleng. Mo mafelong ano, dijalonyana di wela mo lewatleng di bo di ngoka ditlhapi. Gore batshwaraditlhapi ba mo motlheng wa ga Jesu ba kgone go tshwara ditlhapi, gantsi ba ne ba bereka bosigo ba tshwere dipone. Ka nako nngwe, bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba ne ba fetsa bosigo jotlhe ba sa tshware sepe. Mme mo letsatsing le le latelang fa Jesu a ba laela gore ba latlhele matlowa a bone gape mo metsing, ba ne ba tshwara ditlhapi tse dintsi mo e leng gore mekoro ya bone e ne ya batla go nwela.—Luke 5:6, 7.

Ka dinako tse dingwe batshwaraditlhapi ba ne ba ya kwa metsing a a boteng. Fa ba le koo, ba ne ba dira mmogo ba dirisa mekoro e mebedi. Banna bano ba ne ba tsharolola letlowa mo magareng ga mekoro e mebedi; go tswa foo batsamaisi ba mekoro ba ne ba kgweeletsa mokoro o mongwe kwa molemeng fa o mongwe one o ya kwa mojeng ba bo ba latlhela letlowa mo metsing mme ba goga ditlhapi ka letlowa. Fa mekoro e kopana, letlowa le tswalela ditlhapi. Go tswa foo batshwaraditlhapi ba ne ba goga megala e e mo matlhakoreng a letlowa ba bo ba gogela letlowa le le nang le ditlhapi mo mokorong. Letlowa le ka tswa le ne le le bophara jwa dimetara di feta 30 le boleele jwa dimetara di ka nna 2, le lekane sentle go tshwara setlhopha se segolo sa ditlhapi. Karolo ya lone e e kwa godimo e ne e bofeletswe dilo tse di dirang gore e kokobale mo metsing mme karolo e e kwa tlase e ne e na le dilekanyabokete. Batshwaraditlhapi ba ne ba nna ba latlhela matlowa a bone ba bo ba a goga, ba dira jalo ka makgetlho a le mantsi.

Mo metsing a a seng boteng, batshwaraditlhapi ba ne ba dirisa mokgwa o mongwe. Mokoro o ne o gogela karolo e nngwe ya letlowa mo lewatleng go fitlha o dira mosako o bo o boela mo lotshitshing go tla go kopanya karolo e e tshwerweng ke batshwaraditlhapi ba ba mo lotshitshing gore letlowa le tswalele ditlhapi. Banna bano ba ne ba gogela letlowa le le nang le ditlhapi mo lotshitshing ba bo ba tlhopha ditlhapi tse di siameng mo go tse di sa siamang. Ba ne ba tsenya tse di siameng mo dijaneng. Ditlhapi tse dingwe di ne di rekisiwa ka yone nako eo, mo go lone lefelo leo. Bontsi jwa tsone di ne di omisiwa di bo di lokwa ka letswai kgotsa di tsenngwa mo morong wa letswai le aseine gore di se ka tsa bola, go tswa foo di tsenngwa mo dinkgong tsa letsopa di bo di romelwa kwa Jerusalema kgotsa kwa dinageng tse dingwe. Ditshedi tse di se nang makape kgotsa mafafa, tse di jaaka ditlhapi tse di bopegileng jaaka noga (eels) di ne di tsewa di leswafetse e bile di ne di latlhwa. (Lefitiko 11:9-12) Jesu o ne a bua ka mokgwa ono wa go tshwara ditlhapi fa a ne a tshwantsha “bogosi jwa magodimo” le letlowa, le fa a ne a tshwantsha mefuta e e farologaneng ya ditlhapi le batho ba ba siameng le ba ba sa siamang.—Mathaio 13:47-50.

Motshwaraditlhapi yo o dirang a le esi o ne a ka dirisa mogala o o gokeletsweng sekgoge sa boronse se se nang le dijo. Kgotsa o ne a ka dirisa letlowa le lennye le le latlhelwang mo metsing. Gore a latlhele letlowa, o ne a tsena mo metsing a le baya mo letsogong la gagwe, mme a bo a le latlhela kgakala le fa a emeng teng. Letlowa le ne le tsharologa le ikala mo godimo ga metsi le bo le nwelela. Fa motshwaraditlhapi a le lesego, letlowa la gagwe le ne le tshwara ditlhapi di le mmalwa fa a le goga ka mogala wa lone o o fa gare.

Matlowa a ne a ja madi a mantsi mme go a tlhokomela e ne e se kgetsi e potlana, ka jalo banna bano ba ne ba a dirisa ka kelotlhoko. Motshwaraditlhapi o ne a dirisa nako ya gagwe e ntsi a roka matlowa, a a tlhatswa le go a omisa e leng ditiro tse a neng a di dira nako le nako fa a sena go tshwara ditlhapi. (Luke 5:2) Baaposetoloi ba babedi e bong Jakobe le morwarraagwe e bong Johane ba ne ba ntse mo mokorong wa bone ba rokaganya matlowa a bone fa Jesu a ne a ba kopa gore ba mo sale morago.—Mareko 1:19.

Mengwe ya mefuta ya ditlhapi tse batshwaraditlhapi ba neng ba di batla mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le di-tilapia tse dintsi. Batho ba le bantsi kwa Galalea ba ne ba ja mofuta ono wa ditlhapi ka metlha e bile Jesu a ka tswa a ne a ja mofuta ono wa ditlhapi tse di monate. A ka tswa a ile a dirisa ditlhapi tsa tilapia tse di omisitsweng di bo di tshelwa letswai go dira kgakgamatso ya go fepa diketekete tsa batho ka ditlhapi tse pedi. (Mathaio 14:16, 17; Luke 24:41-43) Gantsi ditlhapi tseno di hupa bana ba tsone mo molomong fa di ntse di tsamaya. Le fa go ntse jalo, fa di sa hupa bana ba tsone, di hupa matlapana a a borethe kgotsa madi a tshipi a a phatsimang a di ka tswang di a setse kwa tlase mo lewatleng.—Mathaio 17:27.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batshwaraditlhapi ba ba neng ba atlega ba ne ba le pelotelele, ba dira ka natla e bile ba iketleeleditse go itshokela mathata gore ba kgone go tshwara ditlhapi tse dintsi. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba neng ba dumela go dira tiro ya go dira barutwa mmogo le Jesu ba ne ba tshwanetse go nna le dinonofo tse di ntseng jalo gore e nne “batshwari ba batho” ba ba atlegileng.—Mathaio 28:19, 20.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

(Leba kgatiso)