DITSELA TSA GO BONA BOITUMELO MO LELAPENG
Go Dira Gore Lenyalo la Bobedi le Atlege
HERMAN: * “Mosadi wa me wa ntlha o ne a tlhokafala ka ntlha ya kankere morago ga gore re nyalane ka dingwaga di le 34. Fa ke nyala gape, mosadi wa me e bong Linda o ne a ikutlwa e kete ke nnela go mmapisa le mosadi wa me wa ntlha. Se se neng sa gakatsa seemo ke gore gantsi ditsala tse ke sa bolong go nna le tsone di ne di rata go bua ka dinonofo tse dintle tse mosadi wa me yo o tlhokafetseng a neng a na le tsone mme seno se ne se kgopisa Linda.”
LINDA: “Morago ga gore ke nyalane le Herman, ke ne ke ikutlwa e kete monna wa me le ditsala tsa gagwe ba nna ba mpapisa le mosadi wa gagwe wa ntlha. E ne e le motho yo o rategang, yo o bonolo e bile a na le botho. Ka dinako tse dingwe ke ipotsa gore a ke tla tsamaya ke atamalana le ene jaaka mosadi wa gagwe wa ntlha.”
Linda le monna wa gagwe wa ntlha ba ne ba tlhalana mme ene le Herman ba itumelela go bo ba ile ba kopana. Le fa go ntse jalo, ba dumela gore mo lenyalong la bobedi go ka nna le dikgwetlho tse di neng di seo mo lenyalong la ntlha. *
Fa e le gore o ile wa tsena mo lenyalong gape, o ikutlwa jang ka lenyalo la gago la bobedi? Mosadi mongwe yo o bidiwang Tamara yo o neng a nyalwa gape dingwaga di le tharo morago ga go tlhalwa, a re: “Fa o nyalwa lekgetlho la ntlha, o ikutlwa e kete lenyalo la gago le tla nnela ruri. Mme ka lenyalo la bobedi, gongwe o ka se ikutlwe jalo, ka gore o nna o akantse gore lenyalo la gago la ntlha le ile la fela.”
Le fa go ntse jalo, banyalani ba le bantsi ba ile ba nna le boitumelo jwa mmatota morago ga go nyala gape. Ba ile ba dira gore lenyalo la bone le atlege—mme le wena o ka dira gore le la gago le atlege! Jang? Ela tlhoko dikgwetlho di le tharo tse di tlwaelegileng le kafa melaometheo ya Baebele e ka thusang go lebana le tsone ka teng. *
KGWETLHO 1: O LEKA GO DIRA GORE LENYALO LA GAGO LA NTLHA LE SE KA LA HUPETSA LENYALO LA GAGO LA GONE JAANONG.
Ellen yo o nnang mo Afrika Borwa a re: “Ga ke kgone go itlhokomolosa dilo tse re neng re di dira mo lenyalong la me la ntlha, segolobogolo fa re ya kwa mafelong a re kileng ra ya kwa go one le monna wa me wa ntlha. Ka dinako dingwe ke feleletsa ke bapisa monna yo ke nyalaneng le ene gone jaanong le monna wa me wa ntlha.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa molekane wa gago a kile a bo a le mo lenyalong, o ka kgopisega fa gangwe le gape a nnela go bua ka lenyalo la pele.
KAKANTSHO: Amogela boammaaruri jwa gore ga go utlwale gore o lebelele gore wena kgotsa molekane wa gago lo tla lebala lenyalo la ntlha motlhofo fela, segolobogolo fa e le gore lenyalo leo le ile la tsaya dingwaga di le mmalwa. Tota e bile, batho bangwe ba dumela gore ka phoso ba ile ba bitsa balekane ba bone ka maina a balekane ba bone ba pele! O ka lebana jang le boemo jo bo ntseng jalo kgotsa a mangwe a a tshwanang le one? Baebele e gakolola jaana: “Lekang go tlhaloganyana.”—1 Petere 3:8, New Century Version.
O se ka wa thibela molekane wa gago gotlhelele go bua ka lenyalo la pele e le ka go bo o fufega. Fa molekane wa gago a ikutlwa gore o batla go bua ka botshelo jwa gagwe le molekane wa gagwe wa pele, mo reetse ka go mo akanyetsa. Gape, o se ka wa itlhaganelela go swetsa ka gore o a bapisiwa. Ian yo o ileng a nyala gape dingwaga di le lesome tse di fetileng a re: “Mosadi wa me, Kaitlyn, ga a ise a ko a gane gore ke bue ka mosadi wa me yo o tlhokafetseng. Go na le moo, o ne a e tsaya e le tsela ya go ithuta gore ke eng se se dirileng gore ke nne motho yo ke leng ene gompieno.” O ka fitlhela gore dipuisano tse di ntseng jalo di ka go thusa gore o atamalane thata le molekane wa gago yo mosha.
Tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di tlhomologileng le tse di siameng tsa molekane wa gago wa gone jaanong. Gone ke boammaaruri gore molekane wa gago a ka tswa a se na dinonofo le bokgoni jo bo rileng jo molekane wa gago wa ntlha a neng a na le jone. Mme molekane wa gago wa gone jaanong a ka tswa a dira sentle thata mo dilong tse dingwe. Ka jalo, nonotsha kamano ya gago le molekane wa gago, ‘e seng ka go mmapisa le motho yo mongwe,’ mme ka go bontsha le go anaanela se o se ratang ka molekane wa gago. (Bagalatia 6:4) Monna mongwe yo o bidiwang Edmond yo o ileng a nyala gabedi, a re: “Fela jaaka go se na botsala bope jo bo tshwanang, ka tsela e e tshwanang ga go na manyalo ape a mabedi a a ka tshwanang.”
O ka nna tekatekano jang malebana le kafa o lebang ka teng dilo tse di itumedisang ka lenyalo la gago la ntlha le lenyalo la gago le lesha? Jared a re: “Nkile ka bolelela mosadi wa me gore lenyalo la me la ntlha le ne le tshwana le buka e e monate e nna le mosadi wa me wa ntlha re e kwadileng. Gangwe le gape nka nna ka boa ka bula buka eo le go e bala ke akanya ka dilo tse di itumedisang tse re di dirileng. Mme ga ke tshele mo bukeng eo. Go na le moo, nna le mosadi wa me re ikwalela buka ya rona mmogo mme ke mo ke tshelang gone ka boitumelo.”
LEKA SENO: Botsa molekane wa gago gore a o a tle a ikutlwe a sa gololesega fa go buiwa ka lenyalo la gago la ntlha. Itse dinako tse ka tsone go tla bong go sa siama go bua ka lenyalo la ntlha.
KGWETLHO 2: GA O GOLOLESEGE FA O NA LE DITSALA TSA BOGOLOGOLO TSE DI SA TLWAELANG MOLEKANE WA GAGO YO MOSHA.
Javier yo o ileng a nyala dingwaga di le thataro morago ga go tlhala, a re: “Nakonyana morago ga gore re nyalane, mosadi wa me o ne a ikutlwa e kete ditsala dingwe tsa me di ne di nna di mo tshwaya diphoso.” Monna mongwe yo o bidiwang Leo o ne a lebana le boemo jo bo farologaneng. A re: “Batho bangwe ba ne ba bolelela mosadi wa me kafa ba neng ba rata monna wa gagwe wa ntlha ka teng le kafa ba mo tlhologelelwang ka teng—ba bua jalo ke ntse ke le teng!”
KAKANTSHO: Leka go ipaya mo seemong sa ditsala tsa gago. Ian yo o umakilweng pelenyana a re: “Ke akanya gore ka dinako tse dingwe batho ba re sa bolong go nna ditsala le bone ba utlwa botlhoko thata e bile ga ba gololesege go tsalana le motho yo e leng fela bontlhanngwe jwa banyalani ba ba kileng ba ba itse.” Ka jalo, ‘nna tekatekano, o bontshe bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’ (Tito 3:2) Letla ditsala le ba lelapa gore ba tlwaele seemo. E re ka o le mo lenyalong le lengwe, ditsala tsa gago di tla fetoga. Javier yo o nopotsweng pelenyana o bolela gore fa nako e ntse e tsamaya ene le mosadi wa gagwe ba ile ba boa ba nna ditsala gape le ditsala tsa bone tsa bogologolo. Gape a re: “Re leka go dira ditsala tse disha mmogo mme seo le sone se a thusa.”
Akanyetsa maikutlo a molekane wa gago fa lo itisa le ditsala tsa bogologolo. Ka sekai, fa go ka direga gore go buiwe ka lenyalo la gago la ntlha, dirisa botlhale gore molekane wa gago wa gone jaanong a se ka a ikutlwa a kgaphetswe kwa thoko. Seane sa Baebele sa re: “Fa motho a bua fela a sa akanye, mafoko ao a ka tlhaba jaaka tšhaka. Mme motho yo o botlhale o kelotlhoko ka se a se buang. Mafoko a gagwe a ka fodisa kutlobotlhoko.”—Diane 12:18, Holy Bible—Easy-to-Read Version.
LEKA SENO: Akanya ka maemo a a tla tlhabisang wena le molekane wa gago ditlhong. Tlotlang go sa le gale ka gore ke tsela efe e e molemo e lo tla itshwarang ka yone fa ditsala tsa lona di botsa dipotso kgotsa di akgela ka lenyalo la ntlha.
KGWETLHO 3: GA O KGONE GO IKANYA MOLEKANE WA GAGO YO MOSHA KA GONNE MOLEKANE WA GAGO WA PELE O NE A SA IKANYEGE.
Monna mongwe yo o bidiwang Andrew, yo mosadi wa gagwe a ileng a mo tlogela, a re: “Ke ne ke a tle ke tshabe go utlwisiwa botlhoko gape.” Moragonyana o ne a nyala mosadi wa gagwe yo a nnang le ene gone jaanong e bong Riley. O tswelela ka go re: “Gantsi ke ne ke ipotsa gore a ke tla kgona go tshwana le monna wa ga Riley wa ntlha. Tota e bile ke ne ke tshwenyegile gore o tla akanya gore ga ke a mo siamela a bo a ntlogela a tsaya mongwe o sele.”
KAKANTSHO: Bolelela molekane wa gago dilo tse di go tshwenyang o gololesegile. Baebele ya re: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Diane 15:22) Kgabagare go buisana go ne ga thusa Andrew le Riley gore ba tshepane. Andrew a re: “Ke ne ka bolelela Riley gore ga nkitla ke dira gore tlhalo e nne tsela e e motlhofo ya go rarabolola mathata mme Riley o ne a ntlhomamisetsa se se tshwanang. Ka iketlo ke ne ka mo ikanya ka botlalo.”
Fa molekane yo o nang le ene gone jaanong a ile a utlwisiwa botlhoko mo lenyalong la pele, dira sotlhe se o ka se kgonang gore molekane wa gago a go ikanye. Ka sekai, Michel le Sabine, ba manyalo a bone a neng a felela ka tlhalo, ba ile ba dumalana gore ba tla bolelelana fa mongwe wa bone a kopane le molekane wa pele. Sabine a re: “Tumalano eno e ne ya dira gore re se ka ra nna le dipelaelo.”—Baefeso 4:25.
LEKA SENO: Fokotsa nako e o buisanang le motho wa bong bo sele mo sephiring ka yone, e ka tswa lo lebane, ka founo kgotsa le e leng ka Internet.
Manyalo a mantsi a bobedi a ile a atlega mme le la gago le ka atlega. Tota e bile, go farologana le lekgetlho la ntlha la fa o ne o tsena mo lenyalong, go ka direga gore gone jaanong o ikitse botoka. Andrew yo o nopotsweng pelenyana a re: “Ke bone kgomotso e kgolo mo lenyalong la me le Riley. Morago ga go nyalana dingwaga di le 13, re atamalane thata, mme le ka motlha ga re batla gore kamano ya rona e senyege.”
^ ser. 3 Maina a fetotswe.
^ ser. 5 Gone ke boammaaruri gore, loso lwa molekane le tlhalo di fedisa lenyalo ka ditsela tse di farologaneng. Setlhogo seno se kwaletswe go thusa batho ba ba mo maemong ano oomabedi go atlega mo lenyalong la bobedi.
^ ser. 7 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le dikgwetlho tsa go godisa bana ba lenyalo la bobedi, bona motseletsele wa ditlhogo tsa “Dilo Tse di Dirang Gore Malapa a Motsadi wa Bobedi a Atlege” mo makasineng wa Tsogang! wa April 2012 o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
IPOTSE JAANA . . .
Ke dinonofo dife tse di tlhomologileng tse molekane wa me a nang le tsone tse ke di ratang thata?
Fa go tlotliwa ka lenyalo la me la ntlha, nka dira jang gore motlotlo oo e nne o o tla dirang gore molekane wa me a ikutlwe a se na dipelaelo e bile a na le seriti?