A o Ne o Itse?
Botshelo jwa makgoba bo ne bo le jang kwa Roma?
Ka nako ya Mmusomogolo wa Roma, batho ba le bantsi ba ne ba nna makgoba ka go fenngwa kwa ntweng kgotsa ka go tsewa ka dikgoka. Ba ba thopilweng ba ne ba rekisiwa e bile ba ne ba se tlhole ba bona ba masika kgotsa ba malapa a bone.
Makgoba a le mantsi a ne a berekisiwa gore ba bo ba swe kwa dimaeneng, fa badiri ba kwa masimong le ba ba dirang kwa gae ba ne ba tshela botoka. Lekgoba le ka nna la patelediwa go apara kholoro ya tshipi e e nang le mokwalo o o gabilweng kgotsa letshwao le le solofetsang tuelo e e neng e tla newa motho yo o fitlhetseng lekgoba fa le ne le ka tshaba mme a le busetsa kwa go mong wa lone. Ba ba neng ba leka go ngwega gantsi, ba ne ba ka bewa letshwao mo diphatleng, gantsi e le tlhaka F e e emelang fugitivus (mofaladi).
Buka ya Baebele ya Filemone e tlhalosa fa Paulo a ne a busetsa Onesimo yo o neng a ngwegile, kwa go Filemone yo e neng e le mong wa gagwe. Le fa Filemone a ne a na le tshwanelo ya semolao ya go otlhaya Onesimo setlhogo, Paulo o ne a kopa Filemone gore a mo “amogele ka bopelonomi” ka lorato le ka botsalano.—Filemone 10, 11, 15-18.
Goreng Fonekia ya bogologolo e ne e itsege ka sefetolammala sa yone se se phepole?
Fonekia, e e batlileng e tshwana le naga ya Lebanone ya segompieno e ne e itsege ka sefetolammala sa yone se se phepole sa Ture, se se teeletsweng ka motse wa Ture. Kgosi Solomone wa bogologolo o ne a kgabisa tempele ya gagwe ka ‘boboa jo bo bobududu jo bo mokgona’ jo bo tswang kwa Ture.—2 Ditiragalo 2:13, 14
Ka nako eo, sefetolammala se se phepole sa kwa Ture se ne se le tlhwatlhwakgolo mo mafelong a le mantsi ka gonne go ne go tlhokega batho ba le bantsi go se dira. Sa ntlha, batshwari ba ditlhapi ba tsaya murex shellfish kwa lewatleng ka bontsi. * Go ne go tlhokega di-shellfish tse di ka nnang 12 000 go dira sefetolammala sa seaparo se le sengwe. Go tswa foo, dikgopa tseno tsa mo metsing di ne di ntshiwa mo magapeng a tsone e le gore go tsewe dikgeleswa tsa tsone tse di fetolang mmala. Badiri ba sefetolammala ba ne ba di tswakanya ka letswai ba bo ba di baya mo letsatsing le mo di ka tsenwang ke moya teng, malatsi a le mararo. Go tswa foo, ba ne ba di tsenya mo tankeng e e tswalegileng ba bo ba di tsenya mo metsing a a bedisitsweng a lewatle ka malatsi a le mararo.
Dingwaga di le makgolokgolo, Bafonekia ba ne ba tswelela ka go rekisa sefetolammala sa kwa Ture le go nna ba se dira fa ba ntse ba thopa dinaga tse dingwe. Masalela a dilwana tse di dirilweng ka sefetolammala seno a bonwe gaufi le Lewatle la Mediterranean le kwa bophirima kwa Cádiz, Spain.
^ ser. 8 Dikgapetla tsa di-shellfish tseno, boleele jwa tsone bo magareng ga disentimetara di le tlhano le di le robedi.