Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ke eng se Jesu a tla se dirang mo isagweng?

Jesu o ne a swa, a tsoga a bo a tlhatlogela kwa legodimong ka ngwaga wa 33 C.E. Moragonyana Jesu o ne a newa tshiamelo ya go busa jaaka Kgosi. (Daniele 7:13, 14) Mo isagweng Jesu o tla tsaya kgato e le Kgosi, ya go tlhoma lefatshe le nang le kagiso a bo a fedisa lehuma.—Pesalema 72:8, 13.

E re ka Jesu e le Kgosi, o tla phepafatsa lefatshe leno le le sa siamang

Jesu o tla dira dilo tse di molemo tota jaaka Mmusi wa batho. O tla dirisa maatla a neilweng ke Rraagwe go dira gore batho ba itekanele gape. Ba tla itumelela botshelo mo lefatsheng ba sa tsofale e bile ba sa swe—Johane 5:26-29; 1 Bakorintha 15:25, 26.

Jesu o dira eng gone jaanong?

Jesu o kaela tiro ya go rera e e dirwang ke balatedi ba gagwe ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe. Ba etela batho go ba bontsha se Baebele e se buang ka Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a re o tla tswelela a ema nokeng tiro e e dirwang ke balatedi ba gagwe go fitlha Bogosi jwa Modimo bo fedisa mebuso ya batho.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

Jesu o kaela batho gore ba bone botshelo jo bo botoka, ka go dirisa phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete. O tla tswelela go ba kaela fa tsamaiso ya jaanong ya dilo e fedisiwa go ya go tsena mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng.—Bala 2 Petere 3:7, 13; Tshenolo 7:17.