Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba le Bararo ba ba Neng ba Batla Boammaaruri mo Lekgolong la bo16 la Dingwaga—ba Fitlhetse Eng?

Batho ba le Bararo ba ba Neng ba Batla Boammaaruri mo Lekgolong la bo16 la Dingwaga—ba Fitlhetse Eng?

“BOAMMAARURI ke eng?” Eo ke potso e mmusi wa Moroma wa kwa Judea e bong Ponto Pilato wa lekgolo la ntlha la dingwaga a neng a e botsa Jesu yo o neng a sekisiwa fa pele ga mmusi. (Johane 18:38) Eleruri Pilato o ne a sa batle go itse boammaaruri. Potso ya gagwe e ne e bontsha gore o ne a na le maikutlo a go belaela. Go bonala mo go Pilato boammaaruri e ne e le sengwe se motho a ka itlhophelang sone kgotsa se a rutiwang gore a se dumele; ruri go ne go se na tsela epe e motho a neng a ka itse boammaaruri ka yone. Gompieno batho ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang.

Batho ba ba neng ba tsena kereke mo lekgolong la bo16 la dingwaga kwa Yuropa ba ne ba lebane le bothata jwa go sa itse boammaaruri. Ba godile ba dumela gore mopapa o mogolo e bile ba dumela le mo dithutong tse dingwe tsa kereke, ba ne ba lebane le dikgopolo tse disha tse di neng di anamisiwa ke Phetogo e Kgolo e e neng e tletse kwa Yuropa ka nako eo. Ba ne ba tshwanetse go dumela eng? Ba ne ba tla itse jang gore boammaaruri ke eng?

Ka nako eo go ne go na le banna ba le bararo ba ba neng ba ikemiseditse go batla boammaaruri. * Ba ne ba lemoga jang se se boammaaruri le se se seng boammaaruri? Mme ba ne ba fitlhela eng? Mma re boneng.

“A BAEBELE E NNE . . . YONE KA METLHA E FENYANG”

Wolfgang Capito e ne e le lekawana le le ratang thata dilo tsa bodumedi. Capito e ne e le moithuti wa tsa kalafi, tsa molao le tsa bodumedi mme o ne a nna moruti ka 1512 a bo a nna mobishopomogolo wa Mainz.

Kwa tshimologong, Capito o ne a leka go nolofatsa tlhagafalo ya Badiradiphetogo ba ba neng ba rera molaetsa o o kgatlhanong le thuto e e dumelwang ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Capito o ne a simolola go buelela diphetogo. Ke eng se a neng a se dira? Fa Capito a ne a botsolodiwa ka dithuto tse di farologaneng, o ne a dumela mafoko a a neng a kwalwa ke James M. Kittelson fa a ne a re: “Sengwe se se molemo se re ka se dirisang go atlhola go rera ga bone, ke Baebele ka gonne yone e tlhomame.” Ka jalo, Capito o ne a swetsa ka gore dithuto tsa kereke tsa gore senkgwe le beine di fetoga ka kgakgamatso go nna mmele le madi a mmatota a ga Keresete le go tlotlomadiwa ga baitshepi, go ne go sa dumalane le Dikwalo. (Bona lebokose le le reng, “ Bonang Gore a Dilo Tseno Di ne Di Ntse Jalo.”) Fa Capito a tlogela maemo a gagwe a go nna mobishopomogolo ka 1523, o ne a ya go nna kwa toropong ya Strasbourg, e ka nako eo e neng e le boremelelo jwa diphetogo tsa bodumedi.

Legae la ga Capito la kwa Strasbourg e ne ya nna lefelo le batho ba ba neng ba sa dumalane le dithuto tsa kereke ba neng ba kopana gone mme ga go pelaelo gore ba ne ba tlotla ka dikgang di le dintsi tsa bodumedi  le dithuto tsa Baebele. Le fa Badiradiphetogo bangwe ba ne ba sa ntse ba buelela thuto ya Tharonngwe, go ya ka buka ya The Radical Reformation, mekwalo ya ga Capito e ne e bontsha “go se bue ka thuto ya Tharonngwe.” Ka ntlha yang? Capito o ne a kgatlhilwe ke tsela e moitsebodumedi wa Mo-Spain e bong Michael Servetus a neng a dumalana le ditemana tsa Baebele tse di neng di le kgatlhanong le thuto ya Tharonngwe ka yone. *

Go gana thuto ya Tharonngwe go ne go ka nna le diphelelo tse di sa siamang, ke ka moo Capito a neng a le kelotlhoko fa a bua maikutlo a gagwe phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, mekwalo ya gagwe e bontsha gore o ne a belaela thuto ya Tharonngwe mo sephiring le eleng pele a kopana le Servetus. Moraganyana moruti wa Katoliki o ne a kwala gore Capito le ditsala tsa gagwe ba ne ba “tswelela ba tlotla mo sephiring—ka masaitsiweng a magolo a bodumedi, [mme] ba bo ba gana masaitseweng a thuto ya Tharonngwe e e Boitshepotshepo.” Dingwaga di le lekgolo moragonyana, Capito o ne a tlhagelela kwa godimo mo lenaaneng la bakwadi ba ba tlhageletseng ba ba leng kgatlhanong le Tharonngwe.

Wolfgang Capito o ne a dumela gore go “itlhokomolosa Dikwalo” ke gone go dirileng gore kereke e retelelwe

Capito o ne a dumela gore Baebele ke motswedi wa boammaaruri. O ne a re: “A Baebele le molao wa ga Keresete e nne tsone di fenyang ka metlha mo bodumeding.” Go ya ka Dr. Kittelson, Capito o ne a “gatelela gore lebaka le legolo le le dirang gore baithutabodumedi ba palelwe, ke gore ba itlhokomolosa Dikwalo.”

Martin Cellarius (yo gape a neng a bidiwa Martin Borrhaus) yo e neng e le lekawana le le neng le nna kwa ntlong ya ga Capito ka 1526, le ene o ne a na le keletso e kgolo ya go ithuta boammaaruri mo Lefokong la Modimo.

“KITSO KA GA MODIMO WA BOAMMAARURI”

Tsebe ya setlhogo sa buka ya Martin Cellarius e e bidiwang On the Works of God, e mo go yone a neng a bapisa dithuto tsa kereke le tsa Baebele

Cellarius yo o tshotsweng ka 1499, e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa bodumedi le filosofi, o ne a amogela tiro ya go ruta kwa Wittenberg kwa Jeremane. E re ka Wittenberg e ne e le yone e simolotseng Diphetogo tse Dikgolo, go ise go ye kae Cellarius o ne a tlwaelana le Martin Luther le batho ba bangwe ba ba neng ba batla go fetola dithuto tsa kereke. Cellarius o ne a ka farologanya jang boammaaruri jwa Dikwalo le se e neng e le fela dikakanyo tsa batho?

Go ya ka buka ya Teaching the Reformation, Cellarius o ne a dumela gore, go re motho a tlhaloganye sentle o tshwanetse go “bala Dikwalo ka tsela e e tseneletseng, go bapisa Ditemana le thapelo e e tsamaisanang le go ikwatlhaya.” Ke eng se Cellarius a neng a se fitlhela fa a tlhatlhoba Baebele?

Ka Phukwi 1527, Cellarius o ne a gatisa se a se fitlheletseng mo bukeng e e bidiwang On the Works of God. O ne a kwala gore meletlo ya kereke e e jaaka gore senkgwe le beine di fetoga ka kgakgamatso go nna mmele le madi a mmatota a ga Keresete, e ne e le dilo tsa tshwantshetso. Go ya ka Porofesara Robin Barnes, buka ya ga Cellarius le yone e “ile ya tlhalosa dipolelelopele tsa Dikwalo tse mo go tsone nako e e tlang ya masetlapelo le pogo di tla latelwang ke go ntšhafadiwa ga lefatshe lotlhe.”—2 Petere 3:10-13.

Sengwe se se tlhomologileng thata e ne e le ditshwaelo tse di khutshwane tsa ga Cellarius tse di malebana le tsela e Jesu Keresete a leng ka yone. Le fa Cellarius a ne a sa ganetse Tharonngwe, o ne a farologanya “Rre yo o kwa Legodimong” le “Morwaawe e bong Jesu Keresete” a bo a kwala gore Jesu e ne e le mongwe wa medimo e mentsi le mongwe wa barwa ba Modimo mothatayotlhe.—Johane 10:34, 35.

Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Antitrinitarian Biography (1850), Robert Wallace o ne a kwala gore mekwalo ya ga Cellarius e ne e sa latele thuto ya Tharonngwe e e neng e tlwaelegile mo lekgolong la bo16 la dingwaga. * Baithuti ba le mmalwa ba ne ba swetsa ka  gore Cellarius o tshwanetse a bo a ne a le kgatlhanong le Tharonngwe. O ile a tlhalosiwa e le mongwe wa batho ba Modimo a neng a ba dirisa mo go “tsenyeng kitso ya Modimo wa boammaaruri le ya ga Keresete.”

TSHOLOFELO YA GO BUSETSA THUTO YA BOAMMAARURI

Mo e ka nnang ka 1527, Wittenberg le yone e ne ya nna legae la moithutabodumedi e bong Johannes Campanus, yo go neng go tsewa gore ke mokanoki yo mogolo wa motlha wa gagwe. Le fa a ne a le mo gare ga badiradiphetogo, Campanus o ne a sa kgotsofalele dithuto tsa ga Martin Luther. Ka ntlha yang?

Campanus o ne a gana thuto ya gore senkgwe le beine di fetoga ka kgakgamatso go nna mmele le madi a mmatota a ga Keresete le thuto ya gore senkgwe le beine di emela go nna teng ga ga Keresete ka tsela ya mmatota mo moletlong oo. * Go ya ka André Séguenny yo e leng mokwadi, Campanus o ne a dumela gore “Senkgwe ka bosone e nna e le senkgwe, mme fa e le sakaramente, se emela mmele wa ga Keresete ka tsela ya tshwantshetso.” Ka 1529, kwa Marburg Colloquy, go ne ga tshwarwa kopano e go neng go tlotliwa ka dipotso tseno, Campanus o ne a sa letlelelwa go bua sepe se a neng a se ithutile mo Dikwalong. Morago ga moo, o ne a ganwa ke Badiradiphetogo mmogo le ene kwa Wittenberg.

Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Restitution, Johannes Campanus o ne a belaela thuto ya Tharonngwe

Badiradiphetogo ba ne ba galefisitswe thata ke se Campanus a neng a se dumela ka Rara, Morwa le moya o o boitshepo. Mo bukeng ya ga Campanus ya ngwaga wa 1532 e e bidiwang Restitution, o ne a ruta gore Jesu le Rraagwe ke batho ba le babedi ba ba sa tshwaneng. O ne a tlhalosa gore Rara le Morwa ba “mongwe fela,” fela jaaka monna le mosadi go twe ke “nama e le nngwe” ntswa e le batho ba le babedi. (Johane 10:30; Mathaio 19:5) Campanus o ne a ela tlhoko gore Dikwalo di dirisa papiso e e tshwanang go bontsha gore Rara o na le taolo mo go Morwa: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.”—1 Bakorintha 11:3.

Go tweng ka moya o o boitshepo? Le mo lekgetlong leno Campanus o ne a dirisa Baebele fa a ne a kwala jaana: “Ga go na Ditemana dipe tse di bontshang gore Moya o o Boitshepo ke motho wa boraro . . . Moya wa Modimo o tlhalosiwa e le sengwe se se dirang, ka gonne Modimo o rulaganya le go diragatsa dilo tsotlhe a dirisa maatla a gagwe a semoya.”—Genesise 1:2.

Luther o ne a re Campanus ke motlhapatsi e bile ke mmaba wa Morwa wa Modimo. Modiradiphetogo mongwe o ne a re Campanus a bolawe. Le fa go ntse jalo, Campanus ga a ka a ineela. Go ya ka buka ya The Radical Reformation, “Campanus o ne a tlhatswegile pelo gore go sa tlhaloganye thuto eno ya Baebele e baaposetoloi ba neng ba e dumela ya gore Modimo o ntse jang e ne ya dira gore Kereke e we.”

Campanus o ne a sa ikaelela go tlhoma setlhopha sa bodumedi. Go batla ga gagwe boammaaruri mo “gare ga makoko le mo bakgeloging,” e ne e le ga lefela. Ka jalo, o ne a solofetse gore Kereke ya Katoliki, e tla busetsa thuto ya boammaaruri ya Bokeresete, ka go e tsosolosa. Le fa go ntse jalo, kgabagare, balaodi ba Katoliki ba ne ba golega Campanus, mme a ka tswa a feditse dingwaga tse di fetang 20 mo kgolegelong. Baitsehisitori ba dumela gore o ne a swa mo e ka nnang ka 1575.

 “TLHOMAMISANG DILO TSOTLHE”

Go ithuta Baebele ka tlhoafalo go ne ga thusa Capito, Cellarius, Campanus, le ba bangwe go farologanya boammaaruri mo go se se seng boammaaruri. Le fa e se ditshwetso tsotlhe tse batho bano ba ba neng ba batla boammaaruri tse di neng di sa dumalane ka botlalo le Baebele, banna bano ba ne ba batlisisa Dikwalo ka boikokobetso mme ba ne ba anaanela thata boammaaruri jo ba bo ithutileng.

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene jaana: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo.” (1 Bathesalonika 5:21) Go go thusa go batla boammaaruri, Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse buka e e tshwanelang e e nang le setlhogo se se reng, Totatota Baebele e Ruta Eng? Tsweetswee leba tsebe 16 mo makasineng ono, kgotsa o etele Web site ya rona ya jw.org/tn, go bona khopi ya gago ya mahala.

^ ser. 4 Bona lebokose le le reng, “Lesañ, Lo Mmè go Golè Mmōgō go ea Thoboñ,” le le mo tsebe 44 mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 8 Bona setlhogo se se reng, “Michael Servetus—Monna yo o Ileng a Ipatlela Boammaaruri” se se mo kgatisong ya Tsogang! ya May 2006 e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 17 Buka eno e bua jaana malebana le tsela e Cellarius a dirisang lefoko “modimo” ka yone fa a bua ka Keresete: “Go kwadilwe deus, e seng Deus, lefoko leno la bofelo le dirisiwa go tlhalosa fela Modimo Mogodimodimo.”

^ ser. 20 Thuto ya gore senkgwe le beine di emela go nna teng ga ga Keresete ka tsela ya mmatota ke thuto ya ga Luther ya gore senkgwe le beine di “nna mmogo” le mmele wa ga Keresete mo Segopotsong sa Morena.