Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | ITUMELELE TIRO YA GAGO

Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla

Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla

“Mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Moreri 3:13) Fa e le gore Modimo o batla gore re itumelele tiro, a ga go utlwale gore a re bontshe kafa re ka dirang seo ka gone? (Isaia 48:17) Go a itumedisa gore o dira jalo ka Lefoko la gagwe, Baebele. Ela tlhoko kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e e ka go thusang go kgotsofalela tiro ya gago.

LEBA TIRO KA TSELA E E SIAMENG

Le fa o ka tswa o dirisa mogopolo, maatla kgotsa dilo tseno ka bobedi mo tirong ya gago, itse gore “letsapa la mofuta mongwe le mongwe le solegela molemo.” (Diane 14:23) Molemo ofe? Tsela e nngwe e tiro ya diatla e re solegelang molemo ka yone ke ka go re thusa go itlamela ka dilo tse re di tlhokang. Ke boammaaruri gore Modimo o solofetsa ba ba mo obamelang ka bopeloephepa gore o tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (Mathaio 6:31, 32) Mme o lebeletse gore re dire seabe sa rona gore re nne le lotseno.—2 Bathesalonika 3:10.

Ka jalo, re ka leba tiro e le selo se se re thusang go fitlhelela sengwe. E re thusa go diragatsa maikarabelo a rona. Joshua wa dingwaga di le 25 a re: “Fa o kgona go itlamela, o a bo o fitlheletse sengwe se segolo. Fa tiro ya gago e go thusa go bona dilo tse o di tlhokang, e dira se e tshwanetseng go se dira.”

Mme gone, tiro ya diatla e dira gore re itlotle. Fa re lwela go e ngaparela—le fa e le thata e bile e lapisa—re tla kgotsofadiwa ke go itse gore re e dirile ka botswerere. Re tla bo re fentse boikutlo jwa go e tlogela. (Diane 26:14) Re akantse ka seno, tiro ya gago e ka go kgotsofatsa. Aaron yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, a re: “Ke itumelela kafa ke ikutlwang ka gone fa ke sena go bereka letsatsi lotlhe kwa tirong. Nka tswa ke lapile—e bile batho ba bangwe ba sa lemoga se ke se dirileng—mme ke a itse gore ke fitlheletse sengwe.”

NTSHA GA TSHWENE

Baebele e bua ka monna yo o “setswerere mo tirong ya gagwe” le mosadi yo o itumelelang go dira ka “diatla tsa gagwe.” (Diane 22:29; 31:13) Gone ga go itiragalele fela gore motho a nne setswerere. E bile ke ba le mmalwa fela ba ba itumelelang go dira tiro e ba sa e kgoneng. Gongwe ke lone lebaka la go bo batho ba bantsi ba sa itumelele tiro; ga ba tseye matsapa a go e dira sentle.

Boammaaruri ke gore, motho a ka kgona go dira tiro le fa e le epe fela sentle fa a e dira ka boikutlo jo bo siameng—ke gore, a dira ka natla gore a ithute go e dira sentle. William wa dingwaga di le 24 a re: “Fa o dira ka natla mo tirong o bo o nna le diphelelo tse di molemo, o a kgotsofala. O ka se nne le boikutlo joo fa o sa dire ka natla kgotsa o dira fela se go lebeletsweng gore o se dire.”

AKANYA GORE E THUSA BATHO BA BANGWE JANG

Tila go akanya fela ka gore o amogela bokae. Go na le moo, ipotse dipotso tse di jaaka: ‘Goreng tiro eno e le botlhokwa? Go ne go tla diregang fa e sa dirwa—kgotsa e sa dirwa sentle? Tiro ya me e thusa ba bangwe jang?’

Go botlhokwa go akanya ka potso ya bofelo ka gonne tiro e itumedisa tota fa re bona kafa e solegelang ba bangwe molemo ka gone. Jesu ka boene o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Kwantle ga batho ba ba solegelwang molemo ke tiro ya rona—bareki le bathapi—go na le ba bangwe ba e ba solegelang molemo. Batho bano ba akaretsa ba malapa a rona le ba ba tlhokang.

Ba malapa a rona. Fa tlhogo ya lelapa e dira ka natla go tlamela ba lelapa la gagwe, ba solegelwa molemo ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, o tlhomamisa gore ba nna le dilo tse ba di tlhokang—dijo, diaparo le ntlo. Ka go dira jalo, o diragatsa maikarabelo a Modimo a mo neileng one a go ‘tlamela ba e leng ba gagwe.’ (1 Timotheo 5:8) Sa bobedi, motho yo o tlamelang lelapa o bontsha ba bangwe gore go dira ka natla go botlhokwa. Shane yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng a re: “Rre o tlhoma sekao sa go dira ka natla. O a ikanyega e bile o dirile ka natla botshelo jotlhe jwa gagwe mme bontsi jwa nako e le mmetli. Ke ithutile mo go ene gore go botlhokwa go dira tiro ya diatla e e solegelang batho ba bangwe molemo.”

Ba ba tlhokang. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go ‘dira ka natla gore ba tle ba nne le sengwe se ba se abelang mongwe yo o tlhokang.’ (Baefeso 4:28) Mme le fa re dira ka natla gore re itlamele le ba malapa a rona, re ka thusa le ba ba humanegileng. (Diane 3:27) Ka jalo, go dira ka natla go ka dira gore re bone boitumelo jwa go aba.

DIRA SE SE FETANG SE O KOPILWENG GO SE DIRA

Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a re: “Fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” (Mathaio 5:41) O ka dirisa molaomotheo oo jang mo tirong ya gago? Go na le go dira go le gonnye, batla ditsela tsa go dira se se fetang se o se kopilweng. Ipeele mekgele; ipolelele gore o batla go dira tiro botoka kgotsa ka bonako. Itumelele le go dira dilo tse di sa reng sepe.

Fa o dira se se fetang se o kopilweng go se dira o tla itumelela tiro. Ka ntlha yang? Ka gonne o kgona go laola se o se dirang. O dira mo go oketsegileng ka gonne o batla e seng ka gonne o patelediwa. (Filemone 14) Mo kgannyeng eno re ka gopola molaomotheo o o mo go Diane 12:24 o o reng: “Seatla sa ba ba tlhoafetseng ke sone se se tla busang, mme seatla se se nyafalang e tla nna sa tiro e e patelediwang.” Boammaaruri ke gore ke ba le mmalwa fela ba ba ka nnang makgoba kgotsa ba dira tiro e e patelediwang. Le fa go ntse jalo, motho yo o dirang fela se go tweng a se dire a ka ikutlwa a golegilwe kgotsa a patelesega go dira se bangwe ba se batlang. Mme motho yo o dirang se se fetang se a se kopilweng—ka gonne a batla go dira jalo—o kgona go laola botshelo jwa gagwe le se a se dirang.

DIRA GORE TIRO E NNE LE MAEMO A YONE

Go dira ka natla go molemo mme re tshwanetse go gopola gore go na le sengwe sa botlhokwa go feta tiro. Ke boammaaruri gore Baebele e re kgothaletsa go dira ka natla. (Diane 13:4) Mme ga e re re berekele ruri. Moreri 4:6 ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” E raya jang? Motho yo o bereketseng ruri a ka nna a se itumelele diphelelo tsa tiro ya gagwe ya bonatla fa e le gore e mo tseela nako le maatla otlhe a a nang le one. Tota e bile, tiro ya gagwe e nna “go kgaratlhela phefo.”

Baebele e ka re thusa go leba tiro ka tsela e e siameng. Le fa e re kgothaletsa go dira ka natla, gape e re gakolola gore re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) Dilo tse di botlhokwa thata ke eng? Di akaretsa go fetsa nako le ba lelapa le ditsala. Sa botlhokwa le go feta ke go atamalana le Modimo, jaaka go bala Lefoko la Modimo le go akanya thata ka lone.

Batho ba ba tekatekano ba itumelela tiro ya bone thata. William yo o umakilweng pelenyana a re: “Mongwe wa batho ba nkileng ka ba berekela o ne a le tekatekano mo tirong. O dira ka natla e bile o dirisana sentle le bareki ka gonne a dira tiro e e molemo. Mme kwa bowelong jwa letsatsi, fa tiro e fedile, o lebala ka tiro a bo a tlhoma mogopolo mo lelapeng le mo kobamelong ya gagwe. Se se kgatlhang ke gore ke mongwe wa batho ba ba itumetseng ba ke ba itseng!”