A Tota re ka Itumedisa Modimo?
A o kile wa bala ka batho ba Baebele e ba tlhalosang ka tsela e e kgatlhang o bo o re, ‘Nka se tshwane le bone!’ O ka nna wa re, ‘Diphoso tsa me di thiba letsatsi, ke moleofi e bile ga se ka metlha ke dirang se se siameng.’
Baebele ya re tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a “se na molato e bile a thokgame.” (Jobe 1:1) Lote o ne a bidiwa “monna yo o siameng.” (2 Petere 2:8) Mme Dafide ene o tlhalosiwa a ne a dira “se se neng se siame” mo matlhong a Modimo. (1 Dikgosi 14:8) Le fa go ntse jalo, a re sekasekeng matshelo a batho bao ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Re tla lemoga gore (1) ba ne ba dira diphoso, (2) re ka ithuta mo sekaong sa bone le gore (3) re ka itumedisa Modimo.
BA NE BA DIRA DIPHOSO
Jobe o ne a diragalelwa ke dilo tse di botlhoko ka go latelana le fa a ne a se na molato. O ne a na le kgopolo e e phoso ya gore Modimo ga a re sepe ka go bo a nna a ikanyega mo go Ene. (Jobe 9:20-22) Jobe o ne a ipolela a siame mo batho ba bangwe ba neng ba tsaya gore o ipona a siame go feta Modimo.—Jobe 32:1, 2; 35:1, 2.
Lote o ne a okaoka go dira tshwetso e e neng e utlwala sentle e bile e le motlhofo. O ne a utlwisitswe botlhoko thata ke boitsholo jwa batho ba 2 Petere 2:8) Modimo o ile a itsise Lote gore o ikaeletse go fedisa metse eo mme a mo naya tshono ya gore ene le lelapa la gagwe ba falole. O ka tswa o akanya gore Lote yo o neng a nna a utlwile botlhoko o ne a tla itlhaganelela go tswa mo motseng. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno e e potlakileng thata o ne a diega. Baengele ba ba neng ba rometswe go falotsa Lote le lelapa la gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go ba tshwara ka seatla le go ba ntsha mo motseng.—Genesise 19:15, 16.
kwa Sodoma le Gomora mo a neng a “tlhokofatsa moya wa gagwe o o siameng” ka ntlha ya boitshwaro jwa bone. (Nako nngwe Dafide o ne a palelwa ke go nna le boikgapo, ka jalo a tlhakanela dikobo le mosadi wa monna yo mongwe. Se se utlwisang botlhoko ke gore, Dafide o ne a leka go fitlha boleo jwa gagwe ka go dira gore monna wa mosadi yoo a bolawe. (2 Samuele, kgaolo 11) Baebele ya re, se Dafide a se dirileng se ne “se le bosula mo matlhong a ga Jehofa.”—2 Samuele 11:27.
Jobe, Lote le Dafide ba dirile diphoso mme dingwe tsa tsone di ne di le masisi tota. Mme jaaka re tla bona, ba ne ba batla go direla Modimo ka pelo yotlhe. Ba ne ba ikemiseditse go bontsha gore ba ikwatlhaya le go dira diphetogo fa go tlhokega. Ka jalo, Modimo o ne a ba amogela e bile Baebele ya re ke banna ba ba ikanyegang.
RE KA ITHUTA ENG?
E re ka re na le boleo, re dira diphoso. (Baroma 3:23) Fa re dira diphoso, re tshwanetse go bontsha gore re a ikwatlhaya go tswa foo re dire sotlhe se re ka se kgonang go di baakanya.
Jobe, Lote le Dafide ba ile ba leka go baakanya diphoso tsa bone jang? Jobe o ne a ikanyega. Fa Jobe 42:6) Tsela e Lote a neng a leba boitsholo jo bo sa siamang jwa batho ba Sodoma le Gomora ka yone, e ne e dumalana le melao ya Modimo. Bothata ke gore o ne a diega ka nakwana. Kgabagare, o ne a tswa mo metseng eo e e neng e tla fedisiwa mme a falola. O ne a nna kutlo mme a se ka a leba se a neng a se tlogetse kwa morago. Le fa Dafide a ne a dirile boleo jo bo masisi ka go tlola molao wa Modimo, o ne a bontsha gore tota o ikwatlhaya go tswa pelong a bo a kopa Modimo gore a mo utlwele botlhoko.—Pesalema 51.
Modimo a sena go gakolola Jobe, Jobe o ne a baakanya tsela e e phoso e a neng a akanya ka yone a bo a ikwatlhaela se a se buileng. (Tsela e Modimo a neng a ba leba ka yone e bontsha gore o ne a lemoga gore ba na le boleo. Modimo o ‘itse popego ya rona sentle, o gakologelwa gore re lorole.’ (Pesalema 103:14) Ka jalo, e re ka Modimo a itse gore re dira diphoso, o lebeletse gore re dire eng go mo itumedisa?
Modimo ‘o itse popego ya rona sentle, o gakologelwa gore re lorole.’—Pesalema 103:14
BATHO BA BA NANG LE BOLEO BA KA ITUMEDISA MODIMO JANG?
Kgakololo e Dafide a neng a e naya morwawe e bong Solomone e re thusa go tlhaloganya se re ka se dirang go itumedisa Modimo. “Wena Solomone morwaaka, itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng.” (1 Ditiragalo 28:9) Pelo e e feletseng ke eng? Ke pelo e e ratang Modimo e bile e ikemiseditse go itse melao ya gagwe le go e dira. Ga se pelo e e se nang boleo, go na le moo, ke pelo e e dirang se Modimo a se batlang e bile e ikemiseditse go amogela kgakololo. Go rata Modimo le go nna kutlo go ne ga dira gore Jobe e nne motho yo o ‘se nang molato,’ Lote e nne “monna yo o siameng” le gore Dafide a dire “se se neng se siame” mo Modimong. Le fa ba dirile diphoso, ba ne ba itumedisa Modimo.
Pelo e e feletseng e ikemiseditse go itse melao ya Modimo le go dira se a se batlang
Ka jalo, dikai tseno di ka re kgothatsa fa re nna le dikakanyo tse di sa siamang kgotsa re bua sengwe se re se ikwatlhaelang kgotsa re dira sengwe se se phoso. Modimo o a itse gore re sa ntse re na le boleo. Mme gone, o lebeletse gore re mo rate le gore re lwele go nna kutlo. Fa re na le pelo e e feletseng, re ka tlhomamisega gore le rona re ka itumedisa Modimo.